Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Jaanong ke Kgona go Thusa Batho ba Bangwe

Jaanong ke Kgona go Thusa Batho ba Bangwe
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1981

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: GUATEMALA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O GODILE BOTLHOKO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Acul, toropo e e kwa thoko kwa bophirima jwa dithaba tsa Gautemala. Kwa gae re Ba-Ixil, lotso lwa Ba-Maya. Le fa gone ke itse Se-Spain, ke godile ke bua Se-Ixil. Ke tshotswe ka nako e e thata ya ntwa ya kwa Guatemala e e tshotseng dingwaga di le 36. Go ne ga swa Ba-Ixil ba le bantsi ka nako eo.

Fa ke le dingwaga di le nnè, nkgonne yo o neng a le dingwaga di le supa o ne a tshameka ka bomo e e konopiwang e ka phoso e neng ya thunya. Kotsi eo e ne ya dira gore ke foufale mme se se botlhoko le go feta ke gore nkgonne o ne a tlhokafala. Go tswa foo, ke ne ka isiwa kwa sekolong sa difofu kwa Toropong ya Guatemala, kwa ke neng ka ithuta Mokwalo wa Difofu gone. Fa ke le koo, badiri ba ne ba nthibela go tlotla le bana ba bangwe, gape baithuti ka nna ba ne ba intlhokomolosa. Ke ne ke jewa ke bodutu e bile ke fela pelo gore dikgwedi tse pedi tse ke neng ke di fetsa ngwaga le ngwaga kwa gae le mmè yo o neng a le lorato e bile a le kutlwelobotlhoko di goroga leng. Ka maswabi, o ne a tlhokafala fa ke le dingwaga di le lesome. Ke ne ka utlwa botlhoko thata ka gonne ke ne ke latlhegetswe ke motho yo o neng a nthata go gaisa batho botlhe.

Fa ke le dingwaga di le 11, ke ne ka boela gae mme ka nna le morwarre yo mongwe le lelapa la gagwe. Ba ne ba nnaya dilo tse ke neng ke di tlhoka mme ba ne ba sa tlhaloganye kafa ke ikutlwang ka gone. Ke ne ke tle ke lelele kwa Modimong ke re: “Goreng mmè a tlhokafetse? Goreng ke le sefofu?” Batho ba ne ba mpolelela gore dilo tseno ke thato ya Modimo. Ke ne ka swetsa ka go re Modimo o tshwanetse a bo a sa re kgathalele e bile a se tekatekano. Lebaka le le lengwe fela la go bo ke sa ipolaya ke ka gonne ke ne ke sa kgone go dira jalo.

Go sa bone go dirile gore ke nne bokoa mo mmeleng le mo maikutlong. Fa ke ne ke le mosimanyana, ke ne ka betelelwa ka makgetlo a le mmalwa. Ga ke a ka ka bolelela ope ka seo—ke ne ke akanya gore ga go ope yo o nkgathalelang. Batho ba ne ba sa bue le nna e bile ke ne ke sa tlotle le ope. Ke ne ke nna ke itlhaotse, ke gateletswe thata mo maikutlong e bile ke sa tshepe ope.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ke ne ke le mosha, Basupi ba ga Jehofa ba babedi (banyalani) ba ne ba tla kwa go nna ka nako ya go ikhutsa kwa sekolong. Morutabana mongwe yo o neng a nkutlwela botlhoko o ne a ba kopile gore ba nketele. Ba ne ba mpolelela se Baebele e se solofetsang gore baswi ba tla tsosiwa le gore mo nakong e e tlang difofu di tla bona gape. (Isaia 35:5; Johane 5:28, 29) Ke ne ke rata se ba neng ba se nthuta mme e re ka ke ne ke sa tlwaela go bua, go ne go le thata go tlotla le bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nketela go tla go nthuta Baebele, ba le bonolo e bile ba le pelotelele. Banyalani bano ba ne ba tsamaya dikilometara di feta lesome ka dinao e bile ba kgabaganya thaba gore ba fitlhe kwa ke nnang gone.

Morwarre o ne a nthaya a re ba ne ba le phepa, ba apere sentle mme ba sa itsholela. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nkgatlhegela e bile ba nnaya dimpho. Ke ne ke dumela gore Bakeresete ba boammaaruri ke bone fela ba ba ka dirang jalo.

Ke ne ke ithuta Baebele ke dirisa dikgatiso tsa Mokwalo wa Difofu. Le fa ke ne ke tlhaloganya se ke neng ke se ithuta, go ne go le thata go amogela dilo dingwe. Ka sekai, go ne go le thata go dumela gore tota Modimo o a nkgathalela le gore bangwe ba ka mpolelela kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka nna. Ke ne ke tlhaloganya gore ke eng fa Jehofa a letleletse bosula mme go ne go le thata gore ke mo tseye jaaka Rre wa mmatota yo o lorato. *

Fa nako e ntse e tsamaya, se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng se ne sa fetola tsela e ke lebang dilo ka yone. Ka sekai, ke ne ka ithuta gore Modimo o utlwela batho ba ba bogang botlhoko. Modimo o ne a bua jaana ka baobamedi ba gagwe ba ba neng ba tshwarwa makgwakgwa: “Ke bone pogisego ya batho ba me . . . ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekesodo 3:7) Fa ke lemoga dinonofo tsa ga Jehofa tse di molemo, ke ne ka tlhotlheletsega go ineela mo go ene. Ka 1998 ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Ke na le mokaulengwe yo ke neng ka fudugela kwa lelapeng la gagwe

Morago ga ngwaga ke kolobeditswe, ke ne ka tsenela khoso ya difofu kwa toropong ya Escuintla. Mogolwane mongwe mo phuthegong e e gaufi o ne a utlwela ka dikgwetlho tse ke neng ke lebana le tsone tsa go ya dipokanong fa ke ne ke sa ntse ke nna kwa gae. Phuthego e e gaufi e ne e le ka kwa ga thaba e banyalani ba Basupi ba neng ba e kgabaganya fa ba ne ba tla go ithuta le nna, mme ke ne ke sa kgone go ya koo. Mogolwane yoo o ne a rulaganya le lelapa lengwe le le neng la itumelela gore ke fudugele kwa go lone le go nthusa go ya dipokanong. Ba sa ntse ba ntlhokometse jaaka e kete ke leloko la lelapa la bone.

Letsatsi le ka tlhaba la bo la phirima fa nka bua ka dilo tse dintsi tse maloko a phuthego ya rona a mpontshitseng lorato lwa mmatota ka tsone. Dilo tsotlhe tse ke di itemogetseng di ntlhomamisetsa gore jaaka Mosupi wa ga Jehofa, ke mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri.—Johane 13:34, 35.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Gone jaanong ke na le tsholofelo e bile ga ke tlhole ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Jaanong ke a itse gore ke tshelela eng. Jaaka modiredi wa ka metlha wa Basupi ba ga Jehofa, ke tlhoma mogopolo mo go ruteng batho boammaaruri jo bo mo Baebeleng go na le go akanya ka bogole jwa me. Gape ke na le tshiamelo ya go direla mo phuthegong ke le mogolwane le go neela dipuo tse di theilweng mo Baebeleng mo diphuthegong tse di gaufi. Ke ile ka bo ka nna le tshiamelo ya go neela dipuo kwa dikopanong tsa tikologo tse go yang batho ba le bantsi kwa go tsone.

Ke neela puo ke dirisa Baebele ya Mokwalo wa Difofu

Ka 2010, ke ne ka aloga kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi (se jaanong se bidiwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi) se se neng se tshwaretswe kwa El Salvador. Sekolo seno se nthusitse go diragatsa maikarabelo a me mo phuthegong botoka. Thapiso e ke e boneng e dirile gore ke ikutlwe ke le botlhokwa e bile ke ratwa ke Jehofa Modimo, yo o kgonang go dira gore mongwe le mongwe a tshwanelege go dira tiro ya gagwe.

Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Le fa kwa tshimologong ke ne ke akanya gore nka se itumele, gone jaanong ke itumetse e bile ke kgona go thusa batho ba bangwe.

^ ser. 13 Fa o batla tshedimosetso malebana le gore ke eng fa Modimo a letleletse bosula, bona kgaolo 11 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.