Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTLHALE JWA BOGOLOGOLO JO BO MOSOLA LE GOMPIENO

Itshwarele o Gololesegile

Itshwarele o Gololesegile

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Tswelelang . . . lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.”—Bakolosa 3:13.

Go kayang? Baebele e tshwantsha boleo le sekoloto; go itshwarela le go phimola sekoloto. (Luke 11:4) Buka nngwe ya re mo Baebeleng, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “itshwarele” le kaya “go lebala ka sekoloto o sa pateletse gore se duelwe.” Mme fa re itshwarela mongwe yo o re kgopisitseng, ga re lebelele gore motho yoo a re duele. Go ikemisetsa go itshwarela ga go reye gore re amogela mekgwa e e sa siamang kgotsa re fokotsa botlhoko jo re bo baketsweng. Go na le moo, re a bo re tlhopha go se boloke sekgopi, le fa re na le lebaka le le utlwalang la go “ngongorega.”

A go botlhokwa? E re ka re sa itekanela, rotlhe re a leofa. (Baroma 3:23) Ka jalo, go tla bo go le botlhale gore re itshwarele batho ba bangwe ka gonne nako nngwe le rona re tla tlhoka go itshwarelwa. Mo godimo ga moo, fa re itshwarela ba bangwe, le rona go re solegela molemo. Jang?

Fa re galefa e bile re boloka sekgopi—re sa itshwarele—re ikutlwisa botlhoko. Maikutlo ao a a sa siamang a ka dira gore re se ka ra itumela e bile a ka tlhakatlhakanya botshelo jwa rona. Gape go ka tsenya botsogo jwa rona mo kotsing. Mo pegong nngwe ya Journal of the American College of Cardiology, Dr. Yoichi Chida le Porofesa ya Thutotlhaloganyo e bong Andrew Steptoe ba ne ba swetsa jaana: “Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha kamano e e kotsi fa gare ga go galefa le go sa nne botsalano le CHD [coronary heart disease] [bolwetse jwa ditshika tsa pelo].”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, akanya ka botlhokwa jwa go itshwarela. Fa re itshwarela ba bangwe re gololesegile, re dira gore go tswelele go na le kutlwano le kagiso, e bile go dira jalo go sireletsa botsala. Sa botlhokwa le go feta, re bontsha gore re etsa Modimo, yo o itshwarelang baleofi ba ba ikwatlhayang e bile a batla gore le rona re dire jalo.—Mareko 11:25; Baefeso 4:32; 5:1.