Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

A khumanego e tla tsamaya e fela?

Modimo o tla fedisa jang khumanego?—Mathaio 6:9, 10.

Ngwaga le ngwaga khumanego e bolaya batho ba le dimilione ka gonne ba sa je sentle e bile ba tsenwa ke malwetse. Le fa go na le dinaga tse di humileng mo lefatsheng, batho ba le bantsi ba sa ntse ba humanegile thata. Baebele e bontsha gore khumanego ga e bolo go nna tlhobaboroko mo bathong.—Bala Johane 12:8.

Go tlhokega puso ya lefatshe lotlhe go fedisa khumanego. Puso eo e tshwanetse ya bo e kgona go aba dikhumo tsa lefatshe le go fedisa dintwa, e re ka e le tsone tse di kwa setlhoeng mo go bakeng khumanego. Modimo o solofeditse gore go tla nna le puso e e ntseng jalo mo lefatsheng.—Bala Daniele 2:44.

Ke mang yo o ka fedisang khumanego?

Modimo o tlhomile Morwawe e bong Jesu go busa batho botlhe. (Pesalema 2:4-8) Jesu o tla golola bahumanegi a bo a fedisa kgatelelo le ntwa.—Bala Pesalema 72:8, 12-14.

“Kgosana ya Kagiso” e go boleletsweng pele ka yone e bong Jesu, e tla dira gore go nne le kagiso le tshireletsego mo lefatsheng lotlhe. Go tswa foo, batho botlhe ba tla nna mo matlong a bone, ba itumelela tiro e e kgotsofatsang e bile ba na le letlepu la dijo.—Bala Isaia 9:6, 7; 65:21-23.