Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne Ke sa Batle go Swa!

Ke ne Ke sa Batle go Swa!
  • O TSHOTSWE KA: 1964

  • O TSHOLETSWE KWA: ENGLAND

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOSHA YO O NENG A TSWILE MO TSELENG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

 

Ke tsholetswe kwa motseng wa Paddington o o mo toropong ya London kwa England. Ke ne ke nna le mmè le bokgaitsadiake ba bararo. Rre o ne a nwa bojalwa thata, ka jalo, ka dinako tse dingwe o ne a sa nne le rona.

Fa ke ne ke le monnye, mmè o ne a nthuta go rapela bosigo bongwe le bongwe. Ke ne ke na le Baebele e nnye e e nang le Dipesalema fela, mme ke ne ke itsenyetsa molodi gore ke kgone go di opela. Ke gopola ke bala mafoko a a reng, “Letsatsi lengwe rotlhe re tlile go swa,” mo bukeng nngwe e ke neng ke e bala letsatsi le letsatsi mme ke ne ke sa a lebale. Mafoko ao a ne a dira gore ke tlhobaele bosigo ke akantse ka bokamoso. Ke ne ka re: ‘Fa e le gore mafoko ano a boammaaruri, tota re tshelela eng? Goreng ke le fano?’ Ke ne ke sa batle go swa!

Ke ne ke batla go tlhaloganya kgang eno. Ke ne ka leka go bua le baswi, ke ya kwa mabitleng le baithuti ka nna e bile re ne re lebelela difilimi tse di tshosang. Re ne re akanya gore go ne go tshosa mme gone go le monate.

Ke simolotse go tswa mo tseleng fa ke le dingwaga di le lesome. Ke ile ka simolola go goga motsoko mme ka bonako fela o ne wa ntshwakgola. Moragonyana, ke ne ka goga motokwane. Fa ke le dingwaga di le 11, ke ne ka simolola go nwa bojalwa. Ke ne ke sa rate tatso ya jone mme gone ke rata go re bo ne bo ntaga. Gape ke ne ke rata mmino le go tansa. Ke ne ke ya diphathing. Ke ne ke tlhola ke ngwega bosigo ke bo ke boa phakela. Le fa ke ne ke lapile mo mosong, ke ne ke tshameka hooky kwa sekolong. Gantsi ke ne ke nwa bojalwa pele ke ya tlelaseng.

Ga ke a pasa sentle kwa sekolong. E re ka mmè a ne a sa itse gore ke ne ke tshela jang, o ne a swabile e bile a galefile. Re ne ra ngangisana mme ka tswa mo gae. Ke ne ka nna lobakanya le lekau la me e bong Tony yo e neng e le Lerasta. E ne e le sekebekwa, a rekisa diokobatsi e bile e le rantwadumela. Ke ne ka ima mme fa ke le dingwaga di le 16 ka tshola ngwana wa mosimane.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

 

Ke kopane le Basupi ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha fa ke ne ke nna kwa hoseteleng ya bommè ba ba sa nyalwang. E ne e le lefelo le puso e neng e re file lone. Basadi ba babedi ba Basupi ba ne ba tlhola ba ithuta Baebele le basha ba ba neng ba na le bana. Letsatsi lengwe ke ne ka ya go reetsa. Ke ne ke batla go ba bontsha gore ga ba rute boammaaruri. Mme gone, ba ne ba araba dipotso tsa me ka tsela e e utlwalang ba ritibetse e bile ba dirisa Baebele. Ke ne ke rata tsela e ba neng ba le botsalano le bonolo ka yone. Ka jalo, ke ne ka dumela go ithuta Baebele le bone.

Ke ne ka ithuta sengwe mo Baebeleng se se neng sa fetola botshelo jwa me. Fa e sa le go tloga ke le monnye, ke ne ke tshaba go swa. Mme ke ne ka ithuta ka tsogo ya baswi e Jesu a neng a bua ka yone! (Johane 5:28, 29) Gape ke ne ka ithuta gore Modimo o a nkgathalela. (1 Petere 5:7) Ke ne ka amiwa pelo ke mafoko a a mo go Jeremia 29:11 a a reng: “‘Gonne ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona,’ go bua Jehofa, ‘dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.’” Ke ne ka simolola go dumela gore nka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.—Pesalema 37:29.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mpontsha gore ba a nthata. Lekgetlo la ntlha fa ke le kwa dipokanong tsa bone, ke ne ka ikutlwa ke amogelesegile—batho botlhe ba ne ba le botsalano! (Johane 13:34, 35) Seo se ne se farologane thata le tsela e ke neng ke tshwerwe ka yone kwa kerekeng. Basupi ba ne ba nkamogela le fa ba ne ba itse seemo sa me. Ba ne ba fetsa nako ba na le nna, ba ntlhokomela le go nthusa. Ke ne ke ikutlwa ke le karolo ya lelapa le legolo le le itumetseng.

Fa ke ne ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go fetola botshelo jwa me gore ke tshele ka melao ya Modimo. Go ne go se motlhofo go tlogela motsoko. Gape ke ne ka lemoga gore mmino mongwe o dira gore ke batle go goga motokwane, ka jalo, ke ne ka o tlogela. Ke ne ka tlogela go tsamaya diphathi ka gonne di ne di dira gore go nne thata go tlogela go bojalwa. Mme ke ne ka itsalanya le batho ba ba neng ba nthusa go tshela ka tsela e e siameng.—Diane 13:20.

Ka nako eo, Tony o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Fa Basupi ba ntse ba araba dipotso tsa gagwe ka Baebele, le ene o ne a tlhatswega pelo gore se a se ithutang ke boammaaruri. O ne a fetola botshelo jwa gagwe. O ne a tlogela go itsalanya le batho ba ba ratang ntwa, a tlogela bokebekwa a bo a tlogela go goga motokwane. E re ka re ne re batla go itumedisa Jehofa ka botlalo, re ne ra tshwanelwa ke go tlogela boitsholo jo bo leswe gore re godisetse morwaarona mo lelapeng le le siameng. Ka jalo, re ne ra nyalana ka 1982.

“Ga ke tlhole ke palelwa ke go robala bosigo ke tlhobaela ka isagwe kgotsa ka loso”

Ke gopola nako nngwe ke dira dipatlisiso mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! * ke batla maitemogelo a batho ba ba ileng ba kgona go dira diphetogo tse ke neng ke batla go di dira. Ke ne ka kgothadiwa ke se ba se dirileng! Ke ne ka tlhotlheletsega go leka ka thata mme ke sa ineele. Ke ne ke tlhola ke kopa Jehofa gore a se ka a ntlhoboga. Nna le Tony re ne ra kolobediwa ka July 1982 mme ra nna Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

 

Go nna tsala ya ga Jehofa Modimo go ne ga sireletsa botshelo jwa me. Gape Jehofa o ne a re thusa ka dinako tsa mathata. Re ne ra ithuta go ikaega ka Modimo mo dinakong tsa mathata mme re lemogile gore ka metlha o a re thusa e bile o tlhokomela lelapa la rona.—Pesalema 55:22.

Ke ile ka itumelela go thusa morwaarona le morwadiarona gore le bone ba itse Jehofa. Jaanong ke a itumela fa ke bona ditlogolo tsa me di tswelela go ithuta ka Modimo.

Ga ke tlhole ke palelwa ke go robala bosigo ke tlhobaela ka isagwe kgotsa ka loso. Nna le Tony re nna re tshwaregile ka tiro ya go etela diphuthego tse di farologaneng tsa Basupi ba ga Jehofa beke le beke go ya go ba kgothatsa. Re tsamaya le bone go ya go ruta batho gore le bone fa ba dumela mo go Jesu, ba ka itumelela botshelo jo bo sa khutleng.

^ ser. 19 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.