Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne Ke le Bogale e Bile Ke le Ra Ntwa Dumela

Ke ne Ke le Bogale e Bile Ke le Ra Ntwa Dumela
  • O TSHOTSWE KA: 1974

  • O TSHOLETSWE KWA: MEXICO

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOSHA YO O NENG A RATA NTWA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Ciudad Mante, motse o montle o o kwa karolong ya Tamaulipas kwa Mexico. Batho ba motse oo ba rata baeng e bile ba rata le go aba. Mme ka maswabi, ka ntlha ya bokebekwa jo bo tletseng koo, toropo eo e ne e le kotsi tota.

Re basimane rotlhe kwa gae mme nna ke wa bobedi. Batsadi ba me ba ne ba dira gore ke kolobediwe kwa Kerekeng ya Katoliki, mme moragonyana ke ne ka nna karolo ya khwaere ya kereke. Ke ne ke batla go itumedisa Modimo ka gonne ke tshaba go atlholelwa go ya go sha ka bosakhutleng mo molelong wa dihele.

Rre o ne a re tlogela fa ke le dingwaga di le tlhano. Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko thata le go dira gore ke ikutlwe ke se motho wa sepe. Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke eng a re latlhile fa re ne re mo rata thata jaana. Mmè o ne a tshwanelwa ke go bereka kgakala le legae gore a kgone go re tlamela.

Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go sa ye sekolong le go itsalanya le bana ba bagolo mo go nna. Ba ne ba nthuta go ratana, go goga motsoko, go utswa le go lwa ka mabole. E re ka ke ne ke le motho yo o dikgoka, ke ne ka ithuta mabole, wrestling, motshameko wa karati le go dirisa dibetsa. Ke ne ke rata ntwa. Gantsi ke ne ke thuntshana le ba bangwe mme mo makgetlong a le mmalwa ke ile ka tlogelwa mo seterateng ke tletse madi e bile ke le gaufi le go swa. Mmè o ne a utlwa botlhoko tota fa a ne a mphitlhela ke le mo seemong seo e bile a tshwanelwa ke go nkisa kwa bookelong!

Fa ke le dingwaga di le 16, tsala ya me e ke godileng le yone e bong Jorge, o ne a re etela. O ne a re bolelela gore ke Mosupi wa ga Jehofa le gore o batla go re bolelela molaetsa wa botlhokwa. O ne a simolola go dirisa Baebele go tlhalosa dilo tse a di dumelang. Ke ne ke ise ke e bale mme gone ke itumeletse go ithuta leina la Modimo le se a ikaeletseng go se dira. Jorge o ne a kopa go ithuta Baebele le rona. Re ile ra dumela.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ke ne ke itumeletse go ithuta gore thuto ya molelo wa dihele ga e yo mo Baebeleng. (Pesalema 146:4; Moreri 9:5) Seo se ile sa dira gore ke lemoge gore Modimo ga a setlhogo. Go na le moo, ke Rre yo o lorato yo o batlelang bana ba gagwe dilo tse di molemo.

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ile ka lemoga gore ke tshwanetse go fetola botho jwa me. Ke ne ke tlhoka go ithuta go nna boikokobetso le go emisa go tlhola ke lwa. Kgakololo e e mo go 1 Bakorintha 15:33 e ile ya nthusa thata. Temana eo ya re: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” Ke ile ka lemoga gore fa ke batla go fetola botho jwa me, ke tshwanetse go emisa go itsalanya le batho ba ba ka ntlhotlheletsang ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, ke ne ka tlogela ditsala tseo mme ka nna ditsala le Bakeresete ba mo phuthegong ba ba neng ba rarabolola dikgotlhang tsa bone ka go dirisa melaometheo ya Baebele e seng ka mabole kgotsa ka ntwa.

Lekwalo le lengwe le le neng la nthusa thata ke Baroma 12:17-19. La re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, . . . gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” Ke ne ka tshwanelwa ke go amogela gore Jehofa o tla dirolola tshiamololo ka tsela le ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Ka iketlo ke ne ka tlogela go rata ntwa.

Ga nkitla ke lebala se se ileng sa direga bosigo bongwe fa ke boela gae. Basha bangwe ba segongwana se se neng se lwa le se nkileng ka bo ke le karolo ya sone ba ne ba ntlhasela mme moeteledipele wa bone o ne a mpetsa mo mokwatleng a ntse a goa a re, “Itwele monna!” Ka nako eo, ke ile ka rapela Jehofa mme ka mo kopa gore a nthuse go itshokela se se diregang. Le fa ke ne ke eletsa go ipusolosetsa, ke ne ka kgona go tshaba. Mo letsatsing le le latelang, ke ne ka kopana le moeteledipele wa segongwana seo a tsamaya a le nosi. Ke ne ka tlalelana ke batla go ipusolosetsa mme mo lekgetlong leo gape, ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse go laola bogale jwa me. Ke ne ke gamaregile tota fa a tla mo go nna mme a nthaya a re: “Intshwarele ka se se diragetseng maabane bosigo. Boammaaruri ke gore, le nna ke batla go tshwana le wena. Ke batla go ithuta Baebele.” Ruri ke ne ke itumetse tota go bo ke kgonne go laola bogale jwa me! Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le ene.

Ka maswabi, ba lelapa la gaetsho ba ne ba emisa go ithuta Baebele ka nako eo. Mme ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tla tswelela ke ithuta Baebele le gore ga nkitla ke letla ope kgotsa sepe go nthibela go dira jalo. Ke ne ke itse gore go itsalanya le batho ba Modimo go tla nthusa gore ke kgone go fokotsa kutlobotlhoko ya me le go nthusa go nna le lelapa le ke neng ke le tlhoka. Ke ne ka gatela pele mme ka 1991, ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ke ne ke le motho yo o bogale, yo o dikgoka le yo o ratang ntwa. Mme Lefoko la Modimo le ile la fetola botshelo jwa me. Gone jaanong ke bolelela mongwe le mongwe yo o reetsang ka molaetsa wa kagiso. Mo dingwageng di le 23 tse di fetileng, ke ile ka nna le tshiamelo ya go direla ke le moreri wa nako e e tletseng.

Ka nakwana ke ne ka ithaopela go direla kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. Fa ke le koo, ke ile ka kopana le lekgarebe le lentle le le matlhagatlhaga e bong Claudia mme ra nyalana ka 1999. Ke leboga Jehofa go bo a ile a ntshegofatsa ka molekane yono yo o ikanyegang!

Re ne ra direla mmogo mo phuthegong ya Puo ya Diatla ya kwa Mexico re thusa batho ba ba dirisang puo eno go ithuta ka Jehofa. Moragonyana re ne ra lalediwa go ya go direla kwa Belize go ya go ruta batho ba koo Baebele. Le fa re sa tshele botshelo jwa manobonobo, re na le sengwe le sengwe se re se tlhokang e bile re itumetse. Re ka se ananye tshiamelo eno le sepe.

Fa nako e ntse e ya, mmè o ne a simolola go ithuta Baebele gape, a bo a kolobediwa. Gone jaanong nkgonne, mosadi wa gagwe le bana ba bone ke Basupi ba ga Jehofa. Ditsala dingwe tsa me tse ke neng ke ithuta Baebele le tsone, le bone ba direla Jehofa.

Ka maswabi, bangwe ba losika ba tlhokafetse ka gonne e ne e le batho ba ba bogale. Le nna ke ka bo ke tlhokafetse fa ke ne ke sa tlogela mokgwa oo. Ke leboga Jehofa go bo a ile a nkgogela kwa go ene le mo baobameding ba gagwe, ba ba ileng ba nna pelotelele le go dirisana le nna sentle go nthusa go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa me.