Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke rata go iketla le basha ba phuthego ya rona

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne Ke Rata Beisebolo go Feta Sengwe le Sengwe!

Ke ne Ke Rata Beisebolo go Feta Sengwe le Sengwe!
  • O TSHOTSWE KA: 1928

  • O TSHOLETSWE KWA: COSTA RICA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA METSHAMEKO LE GO BETŠHA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

Ke goletse kwa Puerto Limón, toropo e e kwa boemakepeng jo bo kwa botlhaba jwa lotshitshi lwa Costa Rica. Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba le robedi mme nna ke wa bosupa. Rre o tlhokafetse fa ke na le dingwaga di le robedi. Ka jalo, mmê o ile a re godisa a le nosi.

Fa ke le monnye, ke ne ke rata go tshameka beisebolo thata. Mme fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ile ka nna karolo ya setlhopha sa bomagogorwane. Fa ke le mo dingwageng tsa bo20, mokatisi mongwe o ne a nkopa gore ke tle go tshamekela setlhopha sa gagwe sa kwa Nicaragua se se neng se tshameka le ditlhopha tse dikgolo. Ga ke a ka ka dumela go ya Nicaragua ka gonne mmê o ne a lwala thata e bile ke nna yo ke neng ke mo tlhokometse. Moragonyana, mokatisi yo mongwe o ne a nkopa gore ke tle go tshamekela setlhopha sa bošetshaba sa beisebolo se se neng se tletse ka batshameki ba ba neng ba tlhophilwe go tswa mo ditlhopheng tse dinnye. Ke ne ka dumela. Ke ile ka tshamekela setlhopha sa bošetshaba go tloga ka 1949 go fitlha ka 1952, ka ya go tshameka kwa Cuba, Mexico le kwa Nicaragua. Ke ne ke le setswerere mo go tshwareng dibolo mo ke ileng ka tshwara dibolo tsotlhe mo metshamekong e le 17. Ke ne ke itumela fa ke utlwa babogedi ba goa leina la me!

Ke ne ke tshela botshelo jo bo sa siamang. Le fa ke ne ke na le lekgarebe, ke ne ke rata basadi ba bangwe. Gape ke ne ke nwa thata. Letsatsi lengwe ke ne ka nwa thata jaana mo ke neng ke sa itse gore ke tsene jang kwa ntlong. Gape ke ne ke betšha domino e bile ke tshameka lothari.

Mmê o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa. O ne a leka go nthuta Baebele mme ga a ka a atlega ka gonne ka nako eo ke ne ke rata beisebolo thata. Fa ke ikatisa mme nako ya dijo tsa motshegare e bo e goroga, ke ne ke sa utlwe le gore ke tshwerwe ke tlala! Ke ne ke tlhomile mogopolo fela mo motshamekong ono. Ke ne ke rata beisebolo go feta sengwe le sengwe!

Le fa go ntse jalo, fa ke na le dingwaga di le 29, ke ne ka gobala botlhoko tota fa ke ne ke leka go tshwara bolo ka nako ya motshameko. Fa ke sena go fola, ke ne ka tlogela go tshamekela ditlhopha tse dikgolo. Mme gone ke ne ke katisa setlhopha se sennye sa mo motseng.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

Ka 1957, ke ne ka ya kopanong ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa setediamong se nkileng ka tshamekela beisebolo mo go sone. Fa ke ntse ke dutse, ke ile ka lemoga tsela e e siameng e Basupi ba neng ba itshwere ka yone mo setadiamong go farologana le modumo o o neng o dirwa ke batho ba ba tlileng go lebelela motshameko. Seo se ile sa dira gore ke simolole go ithuta Baebele le Basupi le go ya kwa dipokanong tsa bone.

Ke ile ka kgatlhiwa ke dilo tse ke neng ke di ithuta mo Baebeleng. Ka sekai, Jesu o ile a re mo metlheng ya bofelo, balatedi ba gagwe ba tla rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Gape ke ile ka ithuta gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba dire tiro ya bone ka gonne ba batla madi. Jesu o ile a re: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.”—Mathaio 10:8.

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ile ka bapisa se ke se ithutang le se ke se bonang mo Basuping ba ga Jehofa. Ke ne ke kgatlhiwa ke matsapa a ba neng ba a tsaya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Ke ile ka lemoga gore ba rata go thusa batho fela jaaka Jesu a ne a dira. Ka jalo, fa ke ne ke bala Mareko 10:21 le go bona taletso ya ga Jesu e e reng ‘tla o nne molatedi wa me,’ ke ne ka batla go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Mme gone go ile ga ntsaya lobaka pele ke dira tshwetso eo. Ka sekai, go ne go fetile dingwagangwaga ke ntse ke betšha lothari. Ke ne ke na le dinomoro tse ke neng ke di betšha beke le beke. Le fa go ntse jalo, ke ile ka ithuta gore Baebele ya re Modimo ga a batle gore re obamele “modimo wa Masego” e bile ga a rate motho yo o pelotshetlha. (Isaia 65:11; Bakolosa 3:5) Ka jalo, ke ile ka tlogela go betšha. Fa ke sena go tlogela go betšha, dinomoro tsa me di ile tsa fenya! Batho ba ne ba nja ditshego ka gonne ke sa betšha mo bekeng eo e bile ba mpateletsa gore ke tshameke gape mme ke ile ka gana. Ga ke a ka ka betšha gape.

Mo letsatsing le ke neng ke tlile go kolobediwa ka lone kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa, ke ile ka lebana le teko e nngwe gape. (Baefeso 4:24) Maitseboa fa ke boela kwa hoteleng, ke ile ka fitlhela lekgarebe le nkileng ka ratana le lone le nkemetse mo kgorong ya kamore. O ne a re: “Ao tlhe Sammy, a re ijese monate!” Mme ke ile ka gana. Ke ile ka mmolelela gore ke tshela go ya ka melao ya Baebele. (1 Bakorintha 6:18) O ne a goa a re: “Wa reng?” Go tswa foo, o ne a re ke itlhokomolose Baebele mme a nkopa gore re ratane gape. Mme gone, ke ne ka tsena mo kamoreng ke bo ke lotlela. Gone jaanong nka bua ke tlhatswegile pelo gore fa e sa le ke nna Mosupi ka 1958, ga ke ise ke boele kwa mekgweng ya me ya kgale.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

Fa ke ne ke kgona, ke ne nka kwala buka ke tlhalosa tsela e go dirisa melaometheo ya Baebele go nthusitseng ka yone. Baebele e nthusitse go nna le ditsala tsa mmatota, go itse gore ke tshelela eng le go itumela thata mo botshelong.

Ke sa ntse ke rata beisebolo mme gone ke e tshameka ka boikaelelo jo bo siameng. Fa ke ne ke tshameka beisebolo, ke ne ke tumile e bile ke na le madi, mme dilo tseo ga di nnele ruri. Le fa go ntse jalo, go nna le bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe le go nna tsala ya Modimo ke dilo tse di nnelang ruri. Baebele ya re: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Gone jaanong ke rata Jehofa le batho ba gagwe go feta sepe fela!