Bafilipi 2:1-30

  • Bakeresete ba tshwanetse go ikokobetsa (1-4)

  • Keresete o ne a ikokobetsa a bo a tlotlomadiwa (5-11)

  • Dirang ka natla gore lo bolokwe (12-18)

    • Phatsimang jaaka masedi (15)

  • Paulo o roma Timotheo le Epaforodito (19-30)

2  E re ka lo le seoposengwe le Keresete, dirang bojotlhe gore lo kgothatsane ka lorato, lo amege ka ba bangwe,* lo ba rate lo bo lo ba tlhomogele pelo.  Fa lo dira jalo, ke tla itumela thata. Tshelang ka kagiso, lo ratane mme lo nne seoposengwe mo go se lo se dirang le mo mogopolong.+  Lo se ka lwa dira sepe ka ntlha ya manganga+ kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo.+ Go na le moo, ikokobetseng* e bile lo tlotle ba bangwe go feta tsela e lo itlotlang ka yone.+  Tswelelang lo amega ka batho ba bangwe,+ mme lo se ka lwa tshwenyega ka dilo tse di amang lona fela.+  Nnang le boikutlo jono jo Keresete Jesu a neng a na le jone:+  Le fa a ne a tshwana le Modimo,+ ga a ka a akanya go itseela maemo a a sa mo tshwanelang, e leng maemo a go lekana le Modimo.+  Le fa go ntse jalo, o ne a tlogela sengwe le sengwe se a neng a na le sone,* mme a tshwana le motlhanka.+ O ne a nna motho.*+  Mo godimo ga moo, fa a sena go nna motho,* o ne a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha a swa,+ go fitlha a swela mo koteng ya tlhokofatso.*+  Ka ntlha ya seno, Modimo o ne a mmaya mo maemong a a kwa godimo+ a bo a mo naya leina le le fetang leina lengwe le lengwe,+ 10  gore botlhe ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba ka fa tlase ga lefatshe ba tle ba khubame ka leina la ga Jesu,+ 11  le gore mongwe le mongwe a tle a itse gore Jesu Keresete+ ke Morena gore Modimo Rara a galalediwe. 12  Jaanong bakaulengwe ba me ba ba rategang, ka metlha lo batho ba ba kutlo, e seng fela fa ke na le lona, mme segolobogolo fa ke seyo. Ka jalo, a mongwe le mongwe wa lona a nne a dire ka natla gore a bolokwe, a dira jalo ka tlotlo e kgolo le poifo. 13  Modimo ke ene yo o lo nonotshang gore lo kgone go dira dilo tse di mo itumedisang, e bile o lo naya keletso le maatla a gore lo dire jalo. 14  Nnang lo dire dilo tsotlhe lo sa ngongorege+ e bile lo se manganga,+ 15  gore lo tle lo nne bana ba Modimo+ ba ba se nang molato. Fa lo nna lo se na molato mo kokomaneng e e bosula e e sa direng dilo tse di siameng,+ lo phatsima jaaka masedi mo lefatsheng,+ 16  fa lo ntse lo ngangatletse lefoko la botshelo.+ Foo ke tla nna le lebaka la go itumela mo letsatsing la ga Keresete, ke itse gore matsapa a me le tiro ya me ya bonatla e ne e se ya lefela. 17  Tota le fa nka tshololwa jaaka setlhabelo sa senô,+ ke na le seabe mo setlhabelong+ se lo se ntshang le mo tirelong e lo e direlang Modimo lo ikanyega. Ka jalo, ke itumetse e bile ke itumela le lona lotlhe. 18  Jaanong le lona itumeleng le nna. 19  Ke solofela gore Morena Jesu o tla ntetla gore ke romele Timotheo+ kwa go lona mo bogautshwaneng, gore ke tle ke kgothale fa ke utlwa dikgang tse di amanang le lona. 20  Gonne ga go na ope yo nka mo romelang yo o tshwanang le ene yo ruri a tla lo thusang ka dilo tse lo di tlhokang. 21  Ba bangwe botlhe ba ikakanyetsa ba le bosi* mme ga ba dire dilo tse Jesu Keresete a di batlang. 22  Mme lo a itse gore Timotheo ene ga a nna jalo, ka gonne fela jaaka ngwana+ a dira le rraagwe, o ne a nna motlhanka le nna go anamisa dikgang tse di molemo. 23  Jaanong, ke ene yo ke tla mo romelang kwa go lona fela fa ke sena go itse gore go tla direga eng ka nna. 24  Tota ke tshepa gore Morena o tla ntetla gore ke tle kwa go lona mo bogautshwaneng.+ 25  Mme gone jaanong, ke bona go tlhokega gore ke romele Epaforodito kwa go lona, yo e leng mokaulengwe wa me, modirimmogo le nna, lesole la ga Keresete jaaka nna, morongwa wa lona le motlhanka wa me yo o nthusang.+ 26  Jaanong o tlhologeletswe go lo bona lotlhe; o tshwenyegile thata ka gonne lo utlwile gore o ne a lwala. 27  Tota e bile, o ne a lwala mo a neng a tloga a swa. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a mo utlwela botlhoko, mme le nna o ne a nkutlwela botlhoko, gore ke se ka ka hutsafala thata. 28  Ka jalo, ke mo romela kwa go lona ka bonako, gore fa lo mmona lo itumele gape le gore ke se ka ka tlhola ke tshwenyega thata ka lona. 29  Ka jalo, mo amogeleng jaaka lo tlhola lo amogela balatedi ba Morena ka boitumelo, mme nnang lo bontsha banna ba ba tshwanang le ene gore lo a ba rata.+ 30  O batlile a swa ka gonne a dira tiro ya ga Keresete,* e bile o ne a tsenya botshelo* jwa gagwe mo kotsing ka ntlha ya me ka gonne lo ne lo sa kgone go tla fano go nthusa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “lo abelane sepe fela sa moya.”
Kgotsa “Mme nnang le mogopolo o o ikokobeditseng.”
Seger., “o ne a iithontsha.”
Seger., “O ne a nna mo setshwanong sa batho.”
Seger., “fa a ne a fitlhelwa a le mo sebopegong sa motho.”
Kgotsa “ba ipatlela melemo ya bone.”
Kgotsa gongwe “tiro ya Morena.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.