Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Genesise

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Go bopiwa magodimo le lefatshe (1, 2)

    • Malatsi a le marataro a go baakanya lefatshe (3-31)

      • Letsatsi 1: lesedi; bosigo le motshegare (3-5)

      • Letsatsi 2: loapi (6-8)

      • Letsatsi 3: mmu o o omileng le dimela (9-13)

      • Letsatsi 4: letsatsi, ngwedi le dinaledi mo loaping (14-19)

      • Letsatsi 5: ditlhapi le dinonyane (20-23)

      • Letsatsi 6: diphologolo le batho (24-31)

  • 2

    • Modimo o ikhutsa ka letsatsi la bosupa (1-3)

    • Jehofa Modimo, Modiri wa legodimo le lefatshe (4)

    • Monna le mosadi mo tshingwaneng ya Edene (5-25)

      • Monna o bopiwa ka lorole lo lo tswang mo mmung (7)

      • Setlhare sa kitso ya molemo le bosula se se ileditsweng (15-17)

      • Go bopiwa mosadi (18-25)

  • 3

    • Motho o a leofa (1-13)

      • Maaka a ntlha (4, 5)

    • Jehofa o atlhola batlhanogi (14-24)

      • Losika lwa mosadi lo bolelelwa pele (15)

      • Ba kobiwa mo Edene (23, 24)

  • 4

    • Kaine le Abele (1-16)

    • Ditlogolwana tsa ga Kaine (17-24)

    • Sethe le Enoshe morwawe (25, 26)

  • 5

    • Go simologa ka Adame go fitlha ka Noa (1-32)

      • Adame o nna le bana ba basimane le ba basetsana (4)

      • Enoke o ne a tsamaya le Modimo (21-24)

  • 6

    • Bomorwa Modimo ba itlhophela basadi mo lefatsheng (1-3)

    • Go tsholwa diganka (4)

    • Bosula jo batho ba bo dirang bo utlwisa Jehofa botlhoko (5-8)

    • Noa o laelwa go aga araka (9-16)

    • Modimo o itsise gore go tlile go nna le Morwalela (17-22)

  • 7

    • Ba tsena mo arakeng (1-10)

    • Morwalela wa lefatshe lotlhe (11-24)

  • 8

    • Metsi a morwalela a a fokotsega (1-14)

      • O romela leeba (8-12)

    • Ba tswa mo arakeng (15-19)

    • Tsholofetso ya Modimo malebana le lefatshe (20-22)

  • 9

    • Ditaelo tse di amang batho botlhe (1-7)

      • Molao o o malebana le madi (4-6)

    • Kgolagano ya motshe wa godimo (8-17)

    • Dipolelelopele ka ga ditlogolwana tsa ga Noa (18-29)

  • 10

    • Lenaane la ditšhaba (1-32)

      • Ditlogolwana tsa ga Jafethe (2-5)

      • Ditlogolwana tsa ga Hame (6-20)

        • Nimerode o kgatlhanong le Jehofa (8-12)

      • Ditlogolwana tsa ga Sheme (21-31)

  • 11

    • Tora ya Babele (1-4)

    • Jehofa o tlhakatlhakanya puo (5-9)

    • Go simologa ka Sheme go fitlha ka Aberame (10-32)

      • Ba lelapa la ga Tera (27)

      • Aberame o tswa mo Ure (31)

  • 12

    • Aberame o tswa mo Harana o ya kwa Kanana (1-9)

      • Se Modimo a se solofetsang Aberame (7)

    • Aberame le Sarai kwa Egepeto (10-20)

  • 13

    • Aberame o boela kwa Kanana (1-4)

    • Aberame le Lote ba a kgaogana (5-13)

    • Modimo o boeletsa se a se solofeditseng Aberame (14-18)

  • 14

    • Aberame o golola Lote (1-16)

    • Melekisedeke o segofatsa Aberame (17-24)

  • 15

    • Kgolagano ya Modimo le Aberame (1-21)

      • Dingwaga tse 400 tsa pogiso di bolelelwa pele (13)

      • Modimo o boeletsa se a se solofeditseng Aberame (18-21)

  • 16

    • Hagare le Ishemaele (1-16)

  • 17

    • Aborahame o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi (1-8)

      • Aberame o bidiwa Aborahame (5)

    • Kgolagano ya go rupa (9-14)

    • Sarai o bidiwa Sara (15-17)

    • Morwa yo o solofeditsweng e bong Isake (18-27)

  • 18

    • Baengele ba bararo ba etela Aborahame (1-8)

    • Sara o solofediwa go nna le morwa; o a tshega (9-15)

    • Aborahame o rapelela Sodoma (16-33)

  • 19

    • Lote o etelwa ke baengele (1-11)

    • Lote le ba lelapa la gagwe ba kgothalediwa go tsamaya (12-22)

    • Sodoma le Gomora di a senngwa (23-29)

      • Mosadi wa ga Lote o fetoga pilara ya letswai (26)

    • Lote le bomorwadie (30-38)

      • Tshimologo ya Moabe le Amone (37, 38)

  • 20

    • Sara o gololwa mo go Abimeleke (1-18)

  • 21

    • Isake o a tsholwa (1-7)

    • Ishemaele o sotla Isake (8, 9)

    • Hagare le Ishemaele ba a kobiwa (10-21)

    • Kgolagano ya ga Aborahame le Abimeleke (22-34)

  • 22

    • Aborahame o laelwa gore a ntshe Isake setlhabelo (1-19)

      • Batho ba tla segofadiwa ka ntlha ya losika lwa ga Aborahame (15-18)

    • Ba lelapa la gagabo Rebeka (20-24)

  • 23

    • Loso lwa ga Sara le kwa a fitlhetsweng teng (1-20)

  • 24

    • Isake o batlelwa mosadi (1-58)

    • Rebeka o ya go kgatlhantsha Isake (59-67)

  • 25

    • Aborahame o nyala mosadi yo mongwe (1-6)

    • Loso lwa ga Aborahame (7-11)

    • Bomorwa Ishemaele (12-18)

    • Jakobe le Esau ba a tsholwa (19-26)

    • Esau o rekisa tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo (27-34)

  • 26

    • Isake le Rebeka kwa Gerare (1-11)

      • Modimo o netefaletsa Isake gore o tla diragatsa se a se solofeditseng (3-5)

    • Go lwelwa didiba (12-25)

    • Kgolagano ya ga Isake le Abimeleke (26-33)

    • Basadi ba babedi ba ga Esau ba Bahite (34, 35)

  • 27

    • Isake o segofatsa Jakobe (1-29)

    • Esau o batla go segofadiwa mme ga a ikwatlhaye (30-40)

    • Esau o tlhoile Jakobe (41-46)

  • 28

    • Isake o romela Jakobe kwa Padana-arama (1-9)

    • Toro ya ga Jakobe kwa Bethele (10-22)

      • Modimo o netefaletsa Jakobe gore o tla diragatsa se a se solofeditseng (13-15)

  • 29

    • Jakobe o kopana le Ragele (1-14)

    • Jakobe o rata Ragele (15-20)

    • Jakobe o nyala Lea le Ragele (21-29)

    • Barwa ba ga Jakobe le Lea: Rubene, Simeone, Lefi le Juda (30-35)

  • 30

    • Bileha o tshola Dana le Nafetali (1-8)

    • Silepa o tshola Gada le Ashera (9-13)

    • Lea o tshola Isakare le Sebulone (14-21)

    • Ragele o tshola Josefa (22-24)

    • Matsomane a ga Jakobe a a oketsega (25-43)

  • 31

    • Jakobe o ya Kanana mo sephiring (1-18)

    • Labane o lelekisa Jakobe (19-35)

    • Kgolagano ya ga Jakobe le Labane (36-55)

  • 32

    • Baengele ba kopana le Jakobe (1, 2)

    • Jakobe o ipaakanyetsa go ya go kopana le Esau (3-23)

    • Jakobe o sokasokana le moengele (24-32)

      • Jakobe o bidiwa Iseraele (28)

  • 33

    • Jakobe o kopana le Esau (1-16)

    • Jakobe o ya kwa Shekema (17-20)

  • 34

    • Dina o a betelelwa (1-12)

    • Bomorwa Jakobe ba dira boferefere (13-31)

  • 35

    • Jakobe o latlha medimo e sele (1-4)

    • Jakobe o boela kwa Bethele (5-15)

    • Benjamine o a tsholwa; loso lwa ga Ragele (16-20)

    • Bomorwa Iseraele ba ba 12 (21-26)

    • Loso lwa ga Isake (27-29)

  • 36

    • Ditlogolwana tsa ga Esau (1-30)

    • Dikgosi le dikgosana tsa Edoma (31-43)

  • 37

    • Ditoro tsa ga Josefa (1-11)

    • Josefa le bomogolowe ba ba lefufa (12-24)

    • Josefa o rekisiwa go nna lekgoba (25-36)

  • 38

    • Juda le Tamare (1-30)

  • 39

    • Josefa mo ntlong ya ga Potifaro (1-6)

    • Josefa o gana mosadi wa ga Potifaro (7-20)

    • Josefa o mo kgolegelong (21-23)

  • 40

    • Josefa o tlhalosa ditoro tsa magolegwa (1-19)

      • ‘Ditlhaloso ke tsa Modimo’ (8)

    • Moletlo wa letsatsi la botsalo jwa ga Faro (20-23)

  • 41

    • Josefa o tlhalosa ditoro tsa ga Faro (1-36)

    • Josefa o tlotlomadiwa ke Faro (37-46a)

    • Josefa o okametse dijo (46b-57)

  • 42

    • Bomogolowe Josefa ba ya kwa Egepeto (1-4)

    • Josefa o kopana le bomogolowe a bo a ba leka (5-25)

    • Bomogolowe ba boela gae kwa go Jakobe (26-38)

  • 43

    • Bomogolowe Josefa ba ya kwa Egepeto gape; ba tsamaya le Benjamine (1-14)

    • Josefa o kopana le bomorwarraagwe gape (15-23)

    • Josefa o ja le bomorwarraagwe (24-34)

  • 44

    • Kopi ya ga Josefa ya selefera mo kgetsing ya ga Benjamine (1-17)

    • Juda o kopa gore Benjamine a gololwe (18-34)

  • 45

    • Josefa o ikitsise bomorwarraagwe (1-15)

    • Bomorwarraagwe Josefa ba ya go tsaya Jakobe (16-28)

  • 46

    • Jakobe le ba lelapa la gagwe ba fudugela kwa Egepeto (1-7)

    • Maina a ba ba fudugelang kwa Egepeto (8-27)

    • Josefa o kopana le Jakobe kwa Goshene (28-34)

  • 47

    • Jakobe o itsisiwe Faro (1-12)

    • Josefa o okamela ka tsela e e botlhale (13-26)

    • Baiseraele ba nna mo Goshene (27-31)

  • 48

    • Jakobe o segofatsa bomorwa Josefa ba babedi (1-12)

    • Eferaime o segofadiwa go feta Manase (13-22)

  • 49

    • Boporofeti jo Jakobe a neng a bo bua fa a tloga a swa (1-28)

      • Shilo o tla tswa mo Juda (10)

    • Jakobe o ntsha ditaelo tsa gore a fitlhwe jang (29-32)

    • Loso lwa ga Jakobe (33)

  • 50

    • Josefa o fitlha Jakobe kwa Kanana (1-14)

    • Josefa o netefaletsa bomogolowe gore o ba itshwaretse (15-21)

    • Malatsi a bofelo a ga Josefa le loso lwa gagwe (22-26)

      • Taelo ya ga Josefa malebana le marapo a gagwe (25)