Diane 25:1-28

  • Khupamarama (9)

  • Mafoko a a tlhophilweng sentle (11)

  • Etela ntlo ya moagelani wa gago sewelo (17)

  • Go koela magala mo tlhogong ya mmaba (21, 22)

  • Pego e e molemo e tshwana le metsi a a tsididi (25)

25  Diane tseno le tsone ke tsa ga Solomone,+ tse banna ba ga Hesekia+ kgosi ya Juda ba di kwalolotseng:*   Kgalalelo ya Modimo ke go boloka kgang e le sephiri,+Mme kgalalelo ya dikgosi ke go batlisisa kgang.   Fela jaaka magodimo a le kwa godimo le lefatshe le le boteng,Ga go ope yo o ka tlhaloganyang pelo ya dikgosi.   Tlosa se se leswe mo selefereng,Mme e tla tlhaga e le phepa.+   Tlosa modirabosula fa pele ga kgosi,Mme bogosi jwa gagwe bo tla sireletsega e bile o tla nna a busa ka tshiamo.+   O se ka wa itlotlomatsa fa pele ga kgosi,+E bile o se ka wa nna mo gare ga ba ba tlotlegang,+   Gonne go botoka gore kgosi e go reye e re, “Tla o nne fano,” Go na le gore e go kokobetse fa pele ga motlotlegi.+   O se ka wa potlakela go isa kgang kwa kgotlatshekelong,Gonne o tla dira eng moragonyana fa moagelani wa gago a go tlhabisa ditlhong?+   Bua kgang ya gago le moagelani wa gago,+Mme o se ka wa senola se o neng wa se bolelelwa mo sephiring,*+ 10  Gore yo o go reeditseng a se ka a go tlhabisa ditlhongLe gore o se ka wa anamisa pego e e bosula* e e ka se kang ya phimoga. 11  Lefoko le le builweng ka nako e e tshwanetsengLe tshwana le diapole tsa gauta mo dikotleleng tsa selefera.+ 12  Mokgalemi yo o botlhale o tshwana le lenyena la gauta,Le mokgabisa wa gauta e e sa tswakanngwang mo tsebeng ya motho yo o utlwang.+ 13  Fela jaaka botsididi jwa kapoko mo letsatsing la thobo,Morongwa yo o ikanyegang o ntse jalo mo go ba ba mo romang,Gonne o lapolosa mong wa gagwe.+ 14  Motho yo o ipelafatsang ka go re o tla naya mongwe mpho a bo a sa dire jalo*+O tshwana fela le maru le phefo tse di sa neseng pula. 15  Molaodi o kgonwa ka bopelotelele,E bile loleme lo lo bonolo lo kgona go roba lerapo.+ 16  Fa e le gore o bone tswina ya dinotshe, ja fela e e go lekaneng,Gonne fa o ja e ntsi, o ka nna wa e tlhatsa.+ 17  Ya kwa ntlong ya moagelani wa gago ka sewelo,Gore o se ka wa mo lapisa mme a go tlhoa. 18  Mosupi yo o buang maaka ka moagelani wa gagwe+O tshwana le molamu wa ntwa le tšhaka le motswi o o bogale. 19  Go ikanya motho yo o sa ikanyegeng* ka dinako tsa mathataGo tshwana le go tlhafuna ka leino le le robegileng kgotsa go tsamaya ka lonao lo lo kgwetlhang. 20  Yo o opelelang motho yo o pelo e tlhontseng dipina+O tshwana le motho yo o apolang seaparo go le tsididiE bile o tshwana le binika e e tshetsweng mo soteng.* 21  Fa mmaba wa gago* a tshwerwe ke tlala, mo neye senkgwe a je;Fa a nyorilwe, mo neye metsi a nwe,+ 22  Gonne o tla bo o koela magala mo tlhogong ya gagwe,*+Mme Jehofa o tla go duela. 23  Phefo ya bokone e nesa pula e kgolo,Mme go seba go galefisa batho.+ 24  Go botoka go nna mo khoneng ya boruleloGo na le go nna mo ntlong e le nngwe le mosadi yo o ratang go omana.*+ 25  Pego e e molemo e e tswang kwa nageng e e kgakala,+E tshwana le metsi a a tsididi mo mothong* yo o nyorilweng. 26  Mosiami yo o ineelelang* modirabosulaO tshwana le motswedi o o tletseng seretse le sediba se se senyegileng. 27  Go ja tswina ya dinotshe e ntsi ga go a siama,+E bile ga go a siama gore motho a ipatlele kgalalelo.+ 28  Motho yo o sa kgoneng go laola bogale jwa gagwe,*+O tshwana le motse o o thubegileng, o o se nang lobota.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba di kokoantseng ba bo ba di kwalolola.”
Kgotsa “diphiri tsa batho ba bangwe.”
Kgotsa “magatwe a a senyang motho leina.”
Seheb., “mpho ya maaka.”
Kgotsa gongwe “leferefere.”
Kgotsa “mo poereng ya sota.”
Seheb., “motho yo o go tlhoileng.”
Go tewa go reba motho bogale le go dira gore a nne bonolo.
Kgotsa “go tshwayatshwaya diphoso.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “kgotsofatsang.” Seheb., “kgokgweetsegang fa pele ga.”
Kgotsa “yo o sa kgoneng go thiba moya wa gagwe.”