Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Botshelo Jwa Me bo Ne bo Nna Maswe le go Feta

Botshelo Jwa Me bo Ne bo Nna Maswe le go Feta
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1952

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: UNITED STATES

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A LE DIKGOKA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse kwa Los Angeles, California mo U.S.A., mo mafelong a a farologaneng a a itsegeng ka diokobatsi le digongwana tsa dikebekwa. Batsadi ba me ba ne ba na le bana ba le barataro mme nna ke wa bobedi.

Mmè o re godiseditse mo kerekeng ya boefangedi. Le fa go ntse jalo, fa ke le mosha, ke ne ke sa tshele ka melao e e siameng e ke neng ke e rutilwe. Sontaga mongwe le mongwe ke ne ke opela mo khwaereng ya kereke mme mo malatsing a mangwe ke ne ke ya diphathing, ke dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang e bile ke na le boitsholo jo bo sa siamang jwa thobalano.

Ke ne ke le rapelwana e bile ke le ntwa dumela. Ke ne ke dirisa sengwe le sengwe jaaka sebetsa gore ke fenye. Se ke neng ke se ithuta kwa kerekeng se ne se sa nthuse. Ke ne ke tle ke re, “Pusoloso ke ya Morena—nna ke sebetsa sa gagwe!” Ka bo1960 fa ke ne ke sa ntse ke tsena kwa sekolong se segolwane, ke ne ke rata mokgatlho wa dipolotiki wa Black Panthers. Mokgatlho ono o ne o itsege thata ka go lwela ditshwanelo tsa batho o dirisa dikgoka. Ke ne ka nna leloko la setlhopha sa go lwela ditshwanelo tsa baithuti. Mo makgetlong a le mmalwa re ne ra simolola megwanto mme gantsi seno se ne se dira gore sekolo se tswalwe ka nakwana.

Go ne go lebega megwanto eo e sa dire gore ke dirise dikgoka ka botlalo. Ka jalo, ke ne ka simolola go tlhasela batho ba lotso lo sele. Ka sekai, nako nngwe nna le ditsala tsa me re ne re lebile difilimi tse di neng di bontsha kafa makgoba a Baafrika a neng a sotliwa ka gone mo United States. Seno se ne sa re galefisa thata mme ra simolola go itaya basha ba basweu ba ba neng ba e lebile le rona. Go tswa foo, re ne ra ya kwa metseng ya basweu go batla batho ba bangwe ba re ka ba itayang.

Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, nna le bomorwarre re ne re le dikebekwa tse di boifiwang. Balaodi ba ne ba nna ba re tshwara. Mongwe wa bomorwarre yo mmotlana e ne e le leloko la segongwana sa disenyi se se itsegeng thata mme ke ne ka ikamanya le sone. Botshelo jwa me bo ne bo nna maswe le go feta.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Batsadi ba tsala ya me e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ntaletsa kwa dipokanong tsa bone mme ke ne ka ya. Kwa tshimologong fela, ke ne ka lemoga gore Basupi ga ba tshwane le batho ba bangwe. Mongwe le mongwe o ne a dirisa Baebele fa pokano e tsweletse. Tota le basha ba ne ba ruta phuthego! Ke ne ka kgatlhiwa ke go itse gore Modimo o na le leina, e bong Jehofa, le go utlwa le dirisiwa. (Pesalema 83:18) Go ne go na le batho ba merafe e e farologaneng mme ba sa tlhaolane.

Kwa tshimologong, ke ne ke sa batle go ithuta Baebele le Basupi mme ke ne ke rata go ya dipokano tsa bone. Bosigo bongwe fa ke le koo, ditsala tsa me di ne tsa ya kwa konsarateng. Ba ne ba itaya mosha mongwe go fitlha a swa ka gonne a ganne go ba naya baki ya gagwe e e dirilweng ka letlalo. Mo letsatsing le le latelang, ba ne ba ikgantsha ka go bo ba mmolaile. Ka nako ya tsheko, ba ne ba sa ikwatlhaele se ba se dirileng. Bontsi jwa bone bo ne jwa atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong. Ke ne ka itumelela gore ke ne ke se na le bone mo bosigong joo. Ke ne ka ikemisetsa go fetola botshelo jwa me mme ka simolola go ithuta Baebele.

E re ka ke ne ke tlhoile batho ba merafe e mengwe, ke ne ka bona dilo dingwe tse di gakgamatsang ka Basupi. Ka sekai, fa Mosupi wa mosweu a ne a tsaya loeto, o ne a tlogela bana ba gagwe le lelapa la bantsho. Gape lelapa lengwe la basweu le ne la tsaya mosha mongwe wa montsho yo o neng a se na legae gore le nne le ene. Ke ne ke tlhomamisegile gore Basupi ba ga Jehofa ba tshela go dumalana le mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 13:35, a a reng: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno—fa lo ratana.” Jaanong ke ne ke bone batho ba ba ratanang tota.

Fa ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go fetola tsela e ke akanyang ka yone. Eno e ne e le tsela e e molemo e ke tshwanetseng go tshela ka yone e seng fela go agisana le ba bangwe. (Baroma 12:2) Ke ne ka dira diphetogo ka iketlo. Ka January 1974, ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Eno e ne e le tsela e e molemo e ke tshwanetseng go tshela ka yone e seng fela go agisana le ba bangwe

Tota le fa ke ne ke kolobeditswe, ke ne ke tshwanelwa ke go laola maikutlo a me. Ka sekai, nako nngwe fa re ne re ruta batho Baebele mo magaeng a bone, ke ne ka lelekisa legodu le le neng le sa tswa go utswa radio ya koloi ya me. Fa ke tloga ke le tshwara, le ne la e latlhela fa fatshe le bo le sia. Fa ke bolelela ba ke neng ke tsamaya le bone gore ke bone radio ya me jang, mogolwane mongwe mo setlhopheng seo o ne a mpotsa jaana: “Stephen, o ka bo o dirile eng fa o ne o le tshwere?” Potso eo e ne ya dira gore ke akanye mme ya ntlhotlheletsa gore ke lwele go agisana le ba bangwe.

Ka October 1974, ke ne ka nna modiredi wa nako e e tletseng, ke fetsa diura di le 100 kgwedi le kgwedi ke ruta ba bangwe Baebele. Moragonyana ke ne ka ithaopela go direla kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. Ka 1978, ke ne ka boela kwa Los Angeles go ya go tlhokomela mmè ka gonne a ne a lwala. Morago ga dingwaga tse pedi, ke ne ka nyala mogatsake e bong Aarhonda. O ne a nthusa go tlhokomela mmè go fitlha Mmè a tlhokafala. Fa nako e ntse e tsamaya, nna le Aarhonda re ne ra ya Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade mme ra abelwa go direla kwa Panama, kwa re sa ntseng re direla gone re le barongwa.

Fa ke sena go kolobediwa, ke ne ke lebana le maemo a mantsi a a neng a ka dira gore ke galefe. Ke ithutile go itsamaela fa batho ba nthumola kgotsa ke leka go rarabolola boemo ka ditsela tse dingwe. Batho ba le bantsi, go akaretsa le mosadi wa me, ba ile ba nkakgolela tsela e ke rarabolotseng maemo ao ka yone. Tota ga ke dumele! Ga ke a dira diphetogo tseno ka bonna. Ke tsaya gore seno ke sesupo sa gore Baebele e na le maatla a go fetola motho.—Bahebera 4:12.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Baebele e nthusitse go tshela ka tsela e e siameng e bile e nthutile go agisana le batho. Ga ke tlhole ke itaya batho; go na le moo, ke ba thusa go itse Modimo. Ke ile ka bo ka ithuta Baebele le motho yo ke neng ke sa mo rate fa ke le kwa sekolong se segolwane! Fa a sena go kolobediwa, re ne ra nna mmogo mo phaposing e le nngwe ka lobakanyana. Le gompieno re sa ntse re le ditsala tse di ntshanang seinong. Go tla go fitlha jaanong, nna le mosadi wa me re ithutile Baebele le batho ba feta 80 ba ba neng ba nna Basupi ba ga Jehofa.

Ke leboga Jehofa thata go bo a nthusitse go fetola botshelo jwa me le go itumela le batho ba ba mo ratang.