Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | RE KA FENYA JANG GO TLHOBAELA?

Go Tlhobaela ka Madi

Go Tlhobaela ka Madi

Paul, yo e leng rre wa bana ba babedi a re: “Fa ikonomi ya naga ya rona e phutlhama, dijo di ne di tura e bile di tlhaela. Re ne re ema diura mo meleng, mme gantsi fa re atamela, re ne re fitlhela di fedile. Batho ba ne ba bopama thata ka ntlha ya tlala e bile bangwe ba idibalela mo tseleng. Ditlhwatlhwa tsa dilo tsa botlhokwa di ne di oketsega go tswa go dimilione go nna dibilione. Kgabagare, madi a naga ya rona a ne a felelwa ke boleng. Ke ne ke sa tlhole ke na le madi e bile ke sa kgone go duela inshorense le madi a phenshene.”

Paul

Paul o ne a itse gore o tshwanetse go dirisa “botlhale jo bo mosola” gore lelapa la gagwe le nne le dilo tse le di tlhokang. (Diane 3:21) A re: “Ke ne ke na le khampani ya motlakase, mme ke ne ka dira tiro epe fela e ke e bonang le fa e ne e duela madi a mannye. Ba bangwe ba ne ba ntuela ka dijo kgotsa ka dilwana tsa mo ntlong. Fa ke ne ke duelwa ka disepa tse nnè, ke ne ke dirisa tse pedi ke bo ke rekisa tse pedi. Seno se ne sa dira gore ke felele ke na le dikokwana di le 40. Fa di gola ke ne ka di rekisa ke bo ke reka tse dingwe tse 300. Moragonyana ke ne ka reka dikgetsi tse pedi tsa mmidi tsa dikilogerama tse 50 ka dikoko di le 50. Ke ne ka fepa lelapa la me le malapa a mangwe a le mmalwa ka tsone.”

Gape Paul o ne a itse gore selo sa botlhokwa thata se motho a ka se dirang ke go ikanya Modimo. Fa re dira se Modimo a se batlang, o a re thusa. Jesu o ne a bua jaana malebana le go nna le dilo tse re di tlhokang: “Tlogelang go akgega ka tlhobaelo; gonne . . . Rraalona o a itse gore lo tlhoka dilo tseno.”—Luke 12:29-31.

Ka maswabi, mmaba wa Modimo e bong Satane o tsieditse batho ba le bantsi mo lefatsheng gore ba akanye thata ka dilo tse ba di tlhokang. Batho ba tshwenyegile thata ka dilo tse tota ba di tlhokang kgotsa tse ba akanyang gore ba a di tlhoka mme ba feleletsa ba dira sengwe le sengwe gore ba nne le dilo tse tota ba sa di tlhokeng. Ba le bantsi ba itsenya mo dikolotong mme ba ithuta ka lebadi gore “moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.”—Diane 22:7.

Batho ba bangwe ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Paul a re: “Baagelani ba le bantsi ba tlogela ba malapa a bone le ditsala ba ya go batla ‘mafulo a matalana.’ Ba bangwe ba ya kwa dinageng di sele ba se na makwalo a a siameng a mosepele mme ga ba bone ditiro. Gantsi ba tshwanelwa ke go iphitlhela mapodise e bile ba robala mo mebileng. Ga ba a ka ba letla Modimo gore a ba thuse. Mme rona re ne ra rarabolola mathata a madi ka go dirisana mmogo re le lelapa re thusiwa ke Modimo.”

GO DIRISA KGAKOLOLO YA GA JESU

Paul o tswelela ka go re: “Jesu o rile: ‘Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.’ Ka jalo, letsatsi le letsatsi ke ne ke rapela Modimo gore a ‘re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi’ gore re tswelele re tshela. Mme fela jaaka Jesu a solofeditse, Modimo o ile a re thusa. Ga se ka dinako tsotlhe re neng re ja dijo tse re di ratang. Nako nngwe ke ne ke le mo moleng wa dijo mme ke sa itse gore go rekisiwa eng. Fa ke fitlha kwa pele, ke ne ka lemoga gore ba rekisa yokate. Ga ke rate yokate. Mme gone, re ne ra lalela ka yone. Ke leboga Modimo gore ka nako eo yotlhe, nna le ba lelapa la me ga re ise re robale ka tlala.” *

Modimo o re solofeditse jaana: “Ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.”—Bahebera 13:5

“Gone jaanong maemo a rona a tsa madi a botoka. Mme re ithutile gore selo sa botlhokwa se se ka re thusang go fenya go tlhobaela ke go ikanya Modimo. Jehofa * o tla re thusa fa fela re tswelela re dira thato ya gagwe. Re bone boammaaruri jwa mafoko a a mo go Pesalema 34:8: ‘Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo; go itumela monna yo o nonofileng yo o tshabelang mo go ene.’ Seno se dira gore re se ka ra boifa go lebana le mathata a madi gape.

Modimo o thusa ba ba ikanyegang go bona “senkgwe sa [bone] sa letsatsi”

“Jaanong re tlhaloganya sentle gore batho ga ba tlhoke tiro le madi gore ba tshele mme ba tlhoka dijo. Re lebile pele go bona tsholofetso eno ya Modimo e diragadiwa: ‘Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng.’ Gone jaanong ‘e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.’ Re kgothadiwa ke mafoko ano a a mo Baebeleng: ‘A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne o rile: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” Gore re tle re nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa.”’” *

Motho o tlhoka go nna le tumelo ya mmatota gore a ‘tsamaye le Modimo’ jaaka Paul le ba lelapa la gagwe. (Genesise 6:9) Le fa re ka nna le mathata a madi gone jaanong kgotsa mo nakong e e tlang, sekao sa ga Paul sa go nna le tumelo le botlhale jo bo mosola, di re ruta thuto ya botlhokwa.

Mme go tweng fa re tlhobaediwa ke mathata a lelapa?