Fetela kwa tshedimosetsong

Bokao Jwa Botshelo ke Eng?

Bokao Jwa Botshelo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Potso e e malebana le bokao jwa botshelo e ka bodiwa ka ditsela tse di farologaneng jaaka gore, Ke ka ntlha yang fa re tshela? kgotsa A botshelo jwa me bo na le boikaelelo? Baebele e bontsha gore boikaelelo jwa botshelo jwa rona ke go nonotsha kamano ya rona le Modimo. Sekaseka dikarolo dingwe tsa boammaaruri jono jo bo botlhokwa jo Baebele e bo senolang.

  • Modimo ke Mmopi wa rona. Baebele ya re: “Ke [Modimo] a re dirileng, e seng rona ka borona.”—Pesalema 100:3; Tshenolo 4:11.

  • Modimo o na le boikaelelo ka sengwe le sengwe se a se bopileng, go akaretsa le rona.—Isaia 45:18.

  • Modimo o re bopile re na le se re se ‘tlhokang semoyeng,’ mo go akaretsang keletso ya go batla go itse bokao jwa botshelo. (Mathaio 5:3) O batla gore re kgotsofatse keletso eo.—Pesalema 145:16.

  • Re tla kgotsofatsa keletso ya rona ya dilo tsa semoya ka go nonotsha kamano ya rona le Modimo. Le fa gone kgopolo ya go nna tsala ya Modimo e ka lebega e sa kgonege mo bathong bangwe, Baebele e re kgothatsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8; 2:23.

  • Fa re batla go nna tsala ya Modimo, re tshwanetse go tshela go dumalana le boikaelelo jwa gagwe ka rona. Baebele e tlhalosa boikaelelo jwa gagwe mo go Moreri 12:13: “Tlotla Modimo o bo o ikobele ditaelo tsa gagwe, ka gonne seno sotlhe ke sone se re se bopetsweng.”​—Good News Translation.

  • Mo isagweng, re ka bona boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka rona ka tsela e e feletseng fa a fedisa pogo le go leretse ditsala tsa gagwe, batho ba ba mo obamelang, botshelo jo bo sa khutleng.—Pesalema 37:10, 11.