Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne Ke Ikakanyetsa ke le Nosi

Ke ne Ke Ikakanyetsa ke le Nosi
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1951

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: JEREMANE

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOYA WA BOIKGANTSHO LE WA BOITAOLO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Fa ke ne ke le monnye, lelapa la gaetsho le ne le nna gaufi le Leipzig, kwa Botlhaba jwa Jeremane gaufi le melelwane ya Czech Republic le Poland. Fa ke le dingwaga di le thataro rre o ne a bona tiro kwa moseja mme ra tshwanelwa ke go fuduga—la ntlha ra ya Brazil go tswa foo ra ya kwa Ecuador.

Fa ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka ya go tsena sekolo se se nang le marobalo sa kwa Jeremane. E re ka batsadi ba me ba ne ba le kgakala kwa Amerika Borwa, ke ne ka tshwanelwa ke go itlhokomela. Ke ne ka simolola go nna le moya wa boitaolo. Ke ne ke sa kgathale gore se ke se dirang se ama ba bangwe jang.

Fa ke na le dingwaga di le 17, batsadi ba me ba ne ba boela kwa Jeremane. Kwa tshimologong, ke ne ke nna le bone. Mme moya wa go itaola o ne wa dira gore ke palelwe ke go nna mo taolong ya bone. Ka jalo fa ke na le dingwaga di le 18 ke ne ka tswa mo lapeng.

Ke ne ka simolola go tlhobaela thata, ke batla go itse gore ke tshelela eng. Fa ke sena go sekaseka ditsela tse di farologaneng tse batho ba tshelang ka tsone le mekgatlho e e farologaneng, ke ne ka swetsa ka gore tsela e e molemo ya go dirisa botshelo jwa me ke go tsaya maeto mo lefatsheng leno le lentle pele batho ba le senya.

Ke ne ka reka sethuthuthu, ka fuduga kwa Jeremane mme ka ya kwa Afrika. Go ise go ye kae, ke ne ka tshwanelwa ke go boela kwa Yuropa gore ke baakanye sethuthuthu sa me. Letsatsi morago ga foo, ke ne ka ya kwa lotshitshing lwa Portugal. Ke ne ka tlogela sethuthuthu mme ka simolola go tsamaya ka mokoro.

Ke ne ka kopana le setlhopha sa basha ba ba neng ba ipaakanyetsa go tsamaya ka sekepe go kgabaganya Lewatle la Atlantic. Mongwe wa basha bao e bong Laurie, o ne a nna mosadi wa me. Re ne ra simolola ka go ya kwa ditlhaketlhakeng tsa Caribbean. Go tswa foo, fa re sena go nna ka nakwana kwa Puerto Rico re ne ra boela kwa Yuropa. Re ne re batla mokoro o re neng re ka o dira legae la rona. Letsholo leno le ne la fela morago ga dikgwedi di le tharo. Ke ne ka bilediwa kwa sesoleng sa Jeremane.

 Ke ne ka fetsa dikgwedi di le 15 le sesole sa mo metsing sa kwa Jeremane. Ka nako eo, nna le Laurie re ne ra nyalana mme ra ipaakanyetsa go tswelela ka botshelo jwa rona jwa go tsaya maeto. Nakwana pele ke simolola tirelo ya sesole, re ne re setse re rekile sekgoropa sa sekepe. Fa ke le mo sesoleng, re ne ra kgona go se baakanya ka iketlo. Re ne re ikaeletse go nna mo go sone le go tswelela re tsaya maeto mo lefatsheng leno le lentle. Ka yone nako eno—fa ke wetsa tirelo ya sesole mme re ise re fetse go baakanya mokoro—re ne ra kopana le Basupi ba ga Jehofa ra bo ra simolola go ithuta Baebele.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Kwa tshimologong, ke ne ke sa bone go tlhokega gore ke fetole botshelo jwa me. Mosadi yo ke neng ke nna le ene ke ne ke mo nyetse e bile ke tlogetse go goga motsoko. (Baefeso 5:5) Mme ke ne ke tsaya gore go tshela botshelo jwa go tsaya maeto e ne e le go bontsha gore re anaanela popo e e gakgamatsang ya Modimo.

Boammaaruri ke gore ke ne ke tlhoka go dira diphetogo—segolobogolo mo bothong jwa me. E re ka ke ne ke ikgantsha e bile ke na le moya wa boitaolo, ke ne ke amegile fela ka bokgoni jwa me le dilo tse ke di fitlheletseng. Ke ne ke ikakanyetsa ke le nosi.

Letsatsi lengwe ke ne ka bala Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng. (Mathaio, kgaolo 5-7) Kwa tshimologong ke ne ke sa tlhaloganye se Jesu a neng a se bua ka go itumela. Ka sekai, o ne a re go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyorilwe. (Mathaio 5:6) Ke ne ke ipotsa gore motho a ka itumela jang a tlhoka. Fa ke ntse ke ithuta ke ne ka lemoga gore rotlhe re na le keletso ya go obamela Modimo mme gore re kgone go mo obamela re tshwanetse go lemoga gore re na le keletso eo. Fela jaaka Jesu a buile: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

Fa nna le Laurie re sena go simolola go ithuta Baebele kwa Jeremane, re ne ra fudugela kwa Fora mme moragonyana ra ya kwa Italy. Re ne re fitlhela Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe kwa re neng re ya teng. Ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e ba ratanang ka yone le kafa ba utlwanang ka gone. Ke ne ka lemoga gore tota Basupi ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe. (Johane 13:34, 35) Fa nako e tsamaya, nna le Laurie re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa.

Fa ke sena go kolobediwa ke ne ka tswelela ke tokafatsa botho jwa me. Nna le Laurie re ne ra swetsa ka go ya kwa lotshitshing lwa Afrika ra kgabaganya Lewatle la Atlantic go ya kwa United States. Fa re le mo lewatleng—re le babedi fela mo mokorong o monnye re dikologilwe ke bophadiphadi jwa metsi—ke ne ka lemoga gore ga ke motho wa sepe fa ke bapisiwa le Mmopi wa rona yo mogolo. E re ka go ne go se sepe se se kalo se ke se dirang, ke ne ka fetsa nako e ntsi ke bala Baebele. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke dipego tsa botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a se na boleo e bile a na le bokgoni jo bo gaisang jwa motho ope fela, le fa go ntse jalo o ne a sa ikgantshe. O ne a sa ikakanyetse a le nosi mme o ne a akanya thata ka Rraagwe yo o kwa legodimong.

Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira gore Bogosi jwa Modimo bo tle pele mo botshelong jwa me

Fa ke ntse ke tlhatlhanya ka sekao sa ga Jesu, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira gore Bogosi jwa Modimo bo tle pele mo botshelong jwa me go na le go leka go bo pataganya le dilo tse dintsi tse ke neng ke batla go di dira. (Mathaio 6:33) Fa nna le Laurie re goroga mo United States, re ne ra swetsa ka gore re nne mono mme re tlhome mogopolo mo kobamelong ya rona.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Botshelo jwa me jwa pele jwa go ikakanyetsa ke le nosi bo ne bo dira gore ke tlhobaele fela thata. Mme gone jaanong ke bone motswedi wa botlhale jo bo ka ikanngwang jo bo nkaelang. (Isaia 48:17, 18) Gape ke itse se ke se tshelelang—go obamela Modimo le go thusa batho ba bangwe go ithuta ka ene.

Go dirisa melaometheo ya Baebele go thusitse nna le Laurie go nonotsha lenyalo la rona. Gape re segofaditswe ka ngwana yo montle wa mosetsana yo o itseng Jehofa e bile a mo rata.

Ga se gore re ne re se na mathata mo botshelong. Mme ka thuso ya ga Jehofa ga re ka ke ra latlhela seditse mme re tla tswelela re mo ikanya.—Diane 3:5, 6.