Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | A RE TLHOKA MODIMO?

Lebaka La go Bo re Tlhoka Modimo

Lebaka La go Bo re Tlhoka Modimo

Dingaka tsa tlhaloganyo di re bolelela gore batho ba tlhoka Modimo gore ba itumele tota. Re bona seno ka go bo batho ba batla go dira sengwe se se mosola, go fitlhelela mokgele o o rileng kgotsa go direla mongwe yo o nang le maatla go ba feta. Go kgotsofatsa keletso eo, bangwe ba dirisa nako ya bone ya boiketlo mo dilong tsa tlholego, mo bokgoning jwa go dira dilo tse di rileng, mo mminong jalo le jalo. Le fa go ntse jalo, bontsi ga bo bone kgotsofalo ya mmatota ka go dira dilo tse di ntseng jalo.

Modimo o batla gore batho ba itumele gone jaanong le ka bosakhutleng

Lebaka la go bo batho ba tsholwa ba na le keletso ya dilo tsa semoya ga le gakgamatse batho ba ba balang Baebele. Dikgaolo tsa ntlha tsa Genesise di bontsha gore fa Modimo a sena go bopa banyalani ba ntlha, o ne a bua le bone ka metlha, a dira gore ba nne le kamano le ene. (Genesise 3:8-10) Modimo ga a bopa batho gore ba itaole; ba tlhoka go nna le kamano le Modiri wa bone. Baebele e bua ka keletso eno gangwe le gape.

Ka sekai, Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Go ya ka mafoko ao, re ka swetsa ka gore selo sa botlhokwa se se dirang gore re itumele le go kgotsofala mo botshelong ke go batla go itse Modimo. Re ka dira seo jang? Jesu o ne a araba seo fa a ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Mafoko a Modimo, kgotsa dikakanyo le ditaelo tsa gagwe tse di fitlhelwang mo Baebeleng, di dira jang gore re kgone go tshela botshelo jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang? Mma re sekaseke ditsela tse tharo tsa botlhokwa.

Re Tlhoka Kaelo e e Siameng

Gompieno, go na le baitse le bomankge ba le bantsi ba ba ikemiseditseng go naya batho kgakololo malebana le dikamano tsa bone, lorato, botshelo jwa lelapa, go rarabolola dikgotlhang, boitumelo tota le e leng ka bokao jwa botshelo. Mme tota ke mang yo o tshwanelegang go gaisa Modiri wa rona e bong Jehofa Modimo, yo o ka re nayang kaelo e e utlwalang le e e tekatekano mo dilong tseno tsotlhe?

Fela jaaka bukana e e go kaelang kafa o tshwanetseng go dirisa sedirisiwa ka teng, Baebele le yone e ka go kaela mo botshelong

Ka sekai: Fa o reka sedirisiwa se sesha, se se jaaka khamera kgotsa khomputara, o lebeletse gore e nne  le bukana e e tla go tlhalosetsang gore o ka dira jang gore o solegelwe molemo ke sedirisiwa seo le gore o se kgotsofalele. Baebele e ka tshwantshiwa le bukana eo e e bontshang gore sedirisiwa se bereka jang. Ke buka e e ka re thusang mo botshelong, e Modimo, yo e leng modiri, a re e neileng gore re e dirise. Buka eo e tlhalosa se re tshwanetseng go se dira gore re kgotsofale.

Fela jaaka dibukana tse di tlhalosang kafa didirisiwa di tshwanetseng go dirisiwa ka teng, Baebele le yone e tlhagisa batho ka dilo tse di ka senyang botshelo jwa bone. Dikgakololo tse batho ba bangwe ba di neelang di ka utlwala di kgatlha e bile go lebega di le motlhofo go di latela, mme a ga go botlhale go akanya gore re tla solegelwa molemo thata e bile re ka tila mathata fa re latela dikaelo tsa Modiri wa rona?

Mo Baebeleng, re ka bona kaelo le thuso e re e tlhokang

Le fa Jehofa Modimo a re naya dikaelo le ditaelo, ga a re patelele go di amogela. Go na le moo, e re ka a re rata e bile a batla go re thusa, o ikuela jaana ka lorato mo go rona: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:17, 18) Ka bokhutshwane, fa re reetsa kaelo ya Modimo, botshelo bo tla re tsamaela sentle. Ka mafoko a mangwe, fa re batla go tshela sentle le go itumela, re tlhoka Modimo.

Re Tlhoka Tharabololo ya Mathata a Botshelo

Batho ba bangwe ba akanya gore ga ba tlhoke Modimo ka gonne go na le dilo tse dintsi tse ba sa di tlhaloganyeng tse di thulanang le go dumela mo Modimong yo o lorato. Ka sekai, ba ka ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba ba siameng ba boga?’ ‘Ke eng fa masea mangwe a a se nang molato a tsholwa e le digole?’ ‘Ke eng fa go se na tshiamiso jaana mo botshelong?’ Ke dipotso tse di botlhokwa tota mme go bona dikarabo tse di kgotsofatsang go ka ama botshelo jwa rona thata. Mme go na le gore re itlhaganelele go pega Modimo molato ka ntlha ya mathata a a ntseng jalo, mma re bone gore Lefoko la gagwe, e leng Baebele le ka re thusa jang mo kgannyeng eno.

Mo kgaolong ya boraro ya Genesise, re bala ka pego ya fa Satane, yo o neng a itira noga, a ileng a raela banyalani ba ntlha gore ba se ka ba utlwa taelo ya ga Jehofa Modimo ya gore ba se ka ba ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula. Satane o ne a raya Efa a re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”—Genesise 2:16, 17; 3:4, 5.

Ka mafoko ao, Satane o ne sa kaye fela gore Modimo ke moaki mme gape o ne a raya gore tsela e Modimo a busang ka yone ga e a siama. Diabolo o ne a bolela gore fa batho ba ka reetsa ene, dilo di tla ba tsamaela sentle. Ditatofatso tseo di ne di ne di tla fedisiwa jang? Jehofa o ne a tlhopha go dira gore go fete nako gore botlhe ba kgone go bona gore a ditatofatso tseo, tse di kgatlhanong le ene di boammaaruri  kgotsa ke maaka. Tota Modimo o ne a naya Satane le batho ba ba mo letlhakoreng la gagwe tshono ya gore ba bontshe gore a batho ba ka kgona go tshela kwantle ga Modimo.

A o akanya gore ditatofatso tsa ga Satane di boammaaruri kgotsa nnyaa? A batho ba ka kgona go tshela sentle le go ipusa ka katlego kwantle ga Modimo? Go boga, tshiamololo, bolwetse, loso le bokebekwa, go senyega ga boitsholo, dintwa, kgailo ya merafe le bosetlhogo jo bongwe jo batho ba lebaneng le jone go ralala makgolokgolo a dingwaga, ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore maiteko a batho a go ipusa kwantle ga Modimo a iteile sefololetse. Go na le gore Baebele e bontshe gore Modimo ke ene a bakang masetlapelo a a leng teng, e bontsha lebaka le legolo la go bo masetlapelo a le teng ka go bolela jaana: ‘Motho o laola motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

Go ya ka se se tlhalositsweng fano, go bonala sentle gore re tshwanetse go ikanya gore Modimo o tla re naya dikarabo tsa dipotso tse di re tshwenyang gape ke ene fela yo o nang le tharabololo. Modimo o tla dira eng?

Re Tlhoka Thuso ya Modimo

Batho ga ba bolo go eletsa gore bolwetse, botsofe le loso di se ka tsa tlhola di le gone. Ba dirisitse nako, maatla le madi a le mantsi go fitlhelela seo mme ga ba a atlega. Batho bangwe ba ile ba akanya gore fa ba ka nwa metswako e e rileng, metsi a a rileng kgotsa ba nna mo lefelong le le rileng, ba tla tswelela ba le basha. Mme dilo tseno tsotlhe e nnile toro fela.

Modimo o batla gore batho ba tshele sentle le gore ba itumele. E ne e le maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong fa a ne a bopa batho mme ga a a lebala. (Genesise 1:27, 28; Isaia 45:18) Jehofa Modimo o re tlhomamisetsa gore sengwe le sengwe se a ikaeletseng go se dira se tla diragadiwa. (Isaia 55:10, 11) Baebele e re bolelela ka tsholofetso ya Modimo ya go dira gore maemo a Paradaise a banyalani ba ntlha ba ileng ba dira gore a re latlhegele a boe a nne teng gape. Mo bukeng ya bofelo ya Baebele, re fitlhela mafoko ano: “[Jehofa Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Modimo o tla tlisa jang maemo a a itumedisang ano mme rona re tla solegelwa molemo jang ke tsholofetso eno?

Morwa Modimo e bong Jesu Keresete, o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela gore go rata ga Modimo go diragadiwe. Batho ba le bantsi ba itse kgotsa gantsi ba boeletsa thapelo e bangwe ba reng ke Thapelo ya Morena. Thapelo eo ya re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Ee, Jehofa Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tse di bakilweng ke puso ya batho mme a bo a tlisa lefatshe le lesha la tshiamo le a le solofeditseng. * (Daniele 2:44;  2 Petere 3:13) Re tshwanetse go dira eng gore re solegelwe molemo ke tsholofetso ya Modimo?

Jesu Keresete o tlhalosa kgato eno e e motlhofo e re tshwanetseng go e tsaya: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, ka thuso ya Modimo, re ka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng. Tsholofelo eo e ka dira gore o nne le lebaka le lengwe le le utlwalang la go araba potso e e reng, A re tlhoka Modimo,? ka go re ee.

Nako ya go Akanya ka Modimo

Dingwaga di le dikete di le pedi tse di fetileng, kwa Areopago, kgotsa kwa Mars Hill, kwa Athena, moaposetoloi Paulo o ne a bua seno ka Modimo mo bathong ba kwa Athena ba ba neng ba iketleeleditse go utlwa dikgopolo tse disha a re: “Ene ka boene o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe. Gonne ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone, le eleng jaaka bangwe ba baboki gareng ga lona ba rile, ‘Gonne gape re lotsalo lwa gagwe.’”—Ditiro 17:25, 28.

Se Paulo a neng a se bolelela Baathena se sa ntse se le boammaaruri le gompieno. Mmopi wa rona o re naya moya o re o hemang, dijo tse re di jang le metsi a re a nwang. Re ka se kgone go tshela kwantle ga dilo tse di molemo tse Jehofa a re di nayang. Mme ke ka ntlha yang fa Modimo a tswelela go naya batho dilo tse di ntseng jalo, e ka tswa ba akanya ka ene kgotsa nnyaa? Paulo o ne a re bone ba tshwanetse “gore ba batle Modimo, fa ba ka apaapa ba mmatla mme ruri ba mmona, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:27.

A o ka rata go itse Modimo botoka, go ithuta mo go oketsegileng ka maikaelelo a gagwe le ka kgakololo e a re e nayang ya go tshela sentle gone jaanong le ka bosakhutleng? Fa e le gore go ntse jalo, o kgothalediwa gore o bue le motho yo o go fileng makasine ono kgotsa o ikgolaganye le bagatisi ba one. Ba tla itumelela go go thusa.

^ ser. 20 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa Bogosi bo tla dirang gore go rata ga Modimo go diragadiwe mo lefatsheng, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e bile e gone mo Internet mme o ka e itseela mo www.pr418.com/tn.

“Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:17, 18.