Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Mo Dithabeng lo Tla Epa Kgotlho’

‘Mo Dithabeng lo Tla Epa Kgotlho’

Setlhopha sengwe sa baithutamarope se ne se sekaseka melatswana le magaga kwa nageng ya Juda fa bangwe ba bone ba bona legaga le le neng le le mo godimo ga lefika le le kwa godimo. A ba ne ba tla bona sengwe se se tlhwatlhwakgolo, gongwe dilo tsa bogologolo kgotsa mekwalo ya seatla e e jaaka Memeno ya Lewatle le le Suleng? Ba ne ba gakgamala fa ba fitlhela letlotlo la dilo tse di farologaneng le kgabagare le neng la bidiwa mabolokelo a matlotlo a ga Nahal Mishmar.

GARE ga dilo tseno tse di fitlhetsweng mo legageng tse di neng di phuthetswe ka moseme wa letlhaka, tse di bonweng ka Mopitlwe 1961, go ne go na le dilwana tse di fetang 400 tse bontsi jwa tsone di neng di dirilwe ka kgotlho. Mo go tsone go ne go na le mefutafuta ya dirwalo tsa segosi, dinthe tsa segosi, melamu le dibetsa tse dingwe. Dilo tse di bonweng tseno di kgatlha babadi ba Baebele thata ka ntlha ya se se buiwang mo go Genesise 4:22 ka Tubale-kaine yo e neng e le “mothudi wa sedirisiwa sa mofuta mongwe le mongwe sa kgotlho le tshipi.”

Go sa ntse go na le dipotso di le dintsi malebana le gore mabolokelo ao a matlotlo a tswa kae. Le fa go ntse jalo, go ribololwa ga one go supa gore go epiwa ga kgotlho, go e nyerolosa le go e bopa ga go bolo itsiwe mo dinageng tse di umakilweng mo Baebeleng go tloga bogologolo.

MAFELO A KGOTLHO MO LEFATSHENG LA TSHOLOFETSO

Fa Baiseraele ba ne ba le gaufi go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Moshe o ne a ba raya a re: ‘Lo tla epa kgotlho mo dithabeng tsa lone.’ (Duteronome 8:7-9) Baithutamarope ba ribolotse mafelo a bogologolo a go neng go epiwa e bile go nyerolosiwa kgotlho mo go one, a a jaaka a Feinan, Timna le Khirbat en-Nahas. Mafelo ano a supa eng?

Dinaga tsa Feinan le Timna di tletse ka dikhuti tse di seng boteng, tse badiri ba meepo ba neng ba epa kgotlho mo go tsone bobotlana ka dingwaga tse di ka nnang 2 000. Tota le gompieno baeti ba kgona go bona maje a a nang le kgotlho a gasame foo. Badiri ba meepo ba bogologolo ba ne ba dira ka natla go ntsha kgotlho mo majeng ka go epa mo majeng ba dirisa dithuluso tsa maje. Fa kgotlho e ne e fedile mo majeng ao, ba ne ba epela kwa teng ba dirisa dithuluso tsa tshipi, ba godisa magaga le go epa dikhuti le mesima e e kwa teng. Mo bukeng ya Baebele ya Jobe, re bona tlhaloso ya tiro e e ntseng jalo ya go epa. (Jobe 28:2-11) Eno e ne e le tiro e e boima; tota e bile go tloga ka lekgolo la boraro la dingwaga go fitlha go lekgolo la botlhano la dingwaga C.E., balaodi ba Baroma ba ne ba atlholela dikebekwa tse di sa ikwatlhaeng le bagolegwa ba ba bangwe gore ba ye go dira kwa meepong ya kgotlho ya Feinan.

Go ne ga fitlhelwa mekoa e megolo ya leswe le le tswang mo tshiping e e nyerolotsweng kwa Khirbat en-Nahas (go go kayang “Masaledi a Kgotlho”), mme se se bontsha gore go ne go dirwa tiro e kgolo ya go nyerolosa kgotlho mo lefelong leno. Bakanoki ba dumela gore maje a tshipi a ile a tlisiwa foo go tswa kwa meepong e e gaufi, e e jaaka ya Feinan le Timna. Fa go ntshiwa kgotlho mo tshiping, go ne go dirisiwa ditšhupu tsa tshipi go oketsa temperetšhara ya molelo  wa magala gore e fitlhe go didikirii di le 2 200 tsa Celsius ka diura di le robedi go ya go di le lesome. Gantsi go ne go tlhokega dikilogerama di le tlhano tsa tshipi go dira ditena tsa boima jwa kilogerama ya kgotlho, go tswa foo e bo e bopiwa ka dipopego tse di farologaneng.

GO DIRISIWA GA KGOTLHO KWA ISERAELE WA BOGOLOGOLO

Kwa Thabeng ya Sinai, Jehofa Modimo o ne a laela sentle gore tshipi eno e ntle e e epiwang mo meepong e dirisiwe mo go ageng motlaagana mme moragonyana tempele ya Jerusalema e ne ya agiwa go dirisiwa yone tsela eo. (Ekesodo kgaolo 27) Baiseraele ba ka tswa ba ne ba na le kitso ya go bereka ka tshipi pele ga ba ya kwa Egepeto, kgotsa gongwe ba ile ba ithuta ka yone fa ba le koo. Ka nako ya Khudugo, ba ne ba kgona go dira namane e e thetsweng. Gape ba ne ba kgona go dira dilwana tse dintsi tsa kgotlho tse di neng di tlhokega mo motlaaganeng—tse di jaaka megotswana e megolo, dipitsa, dipane, digarawe le diforoko.—Ekesodo 32:4.

Moragonyana fa batho ba ntse ba le mo loetong lwa bone mo nageng, gongwe ba le gaufi le Punone (e go ka diregang gore ke Feinan ya motlha wa rona), lefelo le le nang le kgotlho e ntsi, ba ne ba ngongoregela mana le metsi a ba neng ba a fiwa. Jehofa o ne a ba otlhaya ka go romela dinoga tse di botlhole mme ga swa batho ba le bantsi. Fa Baiseraele ba ne ba ikwatlhaya, Moshe o ne a ba buelela, mme Jehofa o ne a mo laela gore a dire noga ya kgotlho le go e pega kwa godimo ga kota. Pego eo ya re: “Go ne go diragala gore fa noga e ne e lomile motho a bo a tlhoma noga ya kgotlho matlho, foo o ne a nna a ntse a tshela.”—Dipalo 21:4-10; 33:43.

KGOTLHO YA GA KGOSI SOLOMONE

Dikarolo tse dintsi tsa tempele ya Jerusalema di ne di dirilwe ka kgotlho

Kgosi Solomone o ne a dirisa kgotlho e ntsi go kgabisa tempele e e kwa Jerusalema. Bontsi jwa yone bo ne bo tlisitswe ke rraagwe e bong Dafide, e a e boneng kwa metseng e a neng a e fentse ya kwa Siria. (1 Ditiragalo 18:6-8) “Lewatle le le thetsweng” la kgotlho, e ne e le mogotšwana o mogolo o baperesiti ba neng ba o dirisetsa go tlhapa, o ne o kgona go tsenya metsi a dilitara di le 66 000 mme o ne o le boima jwa ditone di le 30. (1 Dikgosi 7:23-26, 44-46) Gape go ne go na le dipilara tse pedi tse dikgolo tse di neng di eme mo matsenong a tempele. Di ne di le boleele jwa dimetara di le robedi di na le ditlhogo tse di ka nnang bogodimo jwa dimetara di le 2,2. Dipilara tseo di ne di le logaba di na le dipota tse di bokima jwa disentimetara di le 7,5 mme di le bophara jwa dimetara di le 1,7. (1 Dikgosi 7:15, 16; 2 Ditiragalo 4:17) Go a gakgamatsa go akanya gore go dirisitswe kgotlho e kana kang go dira dilwana tseno fela.

Batho ba ne ba dirisa kgotlho thata mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. Ka sekai, re bala ka dibetsa, mehiri, diletswa le dikgoro tse di neng di dirilwe ka kgotlho. (1 Samuele 17:5, 6; 2 Dikgosi 25:7; 1 Ditiragalo 15:19; Pesalema 107:16) Jesu o ne a bua ka “kgotlho” e leng madi a a tsenngwang mo dikgwameng mme moaposetoloi Paulo o ne a umaka “Alekesandere mothudi wa kgotlho.”—Mathaio 10:9; 2 Timotheo 4:14, Baebele e e Boitshepo.

Go sa ntse go na le dipotso tse dintsi tse baithutamarope le baitsehisitori ba tlhokang go di araba malebana le gore kgotlho e ntsi e e neng e le teng mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele e ne e tswa kae le ka masaitseweng a mabolokelo a Nahal Mishmar. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, jaaka dipego tsa Baebele di bontsha, naga e Baiseraele ba ileng ba e rua boswa ruri e ne e le ‘lefatshe le le molemo le ba neng ba ka kgona go epa kgotlho mo dithabeng tsa lone.’—Duteronome 8:7-9.