Moreri 8:1-17

  • Go busiwa ke batho ba ba nang le boleo (1-17)

    • Ikobele ditaelo tsa kgosi (2-4)

    • Go laolwa ke motho go utlwisa botlhoko (9)

    • Fa katlholo e sa diragadiwe ka bonako (11)

    • Ja, nwa o bo o itumele (15)

8  Ke mang yo o tshwanang le motho yo o botlhale? Ke mang yo o itseng tharabololo ya bothata?* Botlhale jwa motho bo phatsimisa sefatlhego sa gagwe, e bile bo nolofatsa sefatlhego sa gagwe se se seng botsalano.  Ka re: “Ikobele ditaelo tsa kgosi+ ka ntlha ya maikano a o a diretseng Modimo.+  O se ka wa itlhaganelela go tswa fa pele ga yone.+ O se ka wa dira se se bosula;+ gonne kgosi e kgona go dira sepe fela se e se ratang,  ka gonne lefoko la kgosi ga le fetoge;+ mme ke mang yo o ka e rayang a re, ‘O dirang?’”  Motho yo o ikobelang taelo ga a kitla a gobala,+ e bile pelo e e botlhale e tla itse nako e e tshwanetseng le thulaganyo* e e tshwanetseng.+  Gonne kgang nngwe le nngwe e na le nako ya yone le thulaganyo* ya yone,+ ka gonne mathata a batho a mantsi thata.  E re ka go se na ope yo o itseng se se tla diregang, ke mang yo o ka buang gore se tla direga jang?  Fela jaaka go se na motho ope yo o laolang moya* kgotsa yo o ka thibelang moya, ga go na ope yo o ka laolang letsatsi la loso.+ Fela jaaka go se na ope yo o ka letlwang go tsamaya fa ntwa e fagile, bosula le jone ga bo ka ke jwa letla ba ba bo dirang gore ba falole.*  Ke ne ka bona seno sotlhe mme ke ne ke akanya ka dilo tsotlhe tse di neng di dirwa mo lefatsheng.* Mo nakong eno yotlhe, motho o ntse a laola motho yo mongwe gore a mo utlwise botlhoko.*+ 10  Mme ke ne ka bona badirabosula ba ba neng ba tle ba tsene ba bo ba tswa mo lefelong le le boitshepo ba fitlhwa, mme go ise go ye kae ba ne ba lebalwa mo motseng o ba neng ba dira dilo tse di bosula mo go one.+ Seno le sone ke lefela. 11  Fa batho ba sa otlhaelwe tiro e e bosula ka bonako,+ pelo ya bone e a kgwaralala gore e dire bosula.+ 12  Le fa gone moleofi a ka dira bosula makgetlo a le lekgolo a bo a tswelela a tshela nako e telele, mme gone, ke a itse gore dilo di tla tsamaela ba ba boifang Modimo wa boammaaruri sentle, ka gonne ba a mmoifa.+ 13  Mme dilo ga di na go tsamaela modirabosula sentle,+ e bile ga a kitla a lelefatsa malatsi a gagwe a a tshwanang le moriti,+ ka gonne ga a boife Modimo. 14  Go na le selo seno sa lefela* se se diragalang mo lefatsheng: Go na le batho ba ba siameng ba ba tshwarwang jaaka e kete ba dirile bosula,+ e bile go na le batho ba ba bosula ba ba tshwarwang jaaka e kete ba dirile se se siameng.+ Seno le sone, ka re ke lefela. 15  Ka jalo, ke ne ka kgothaletsa batho go itumela,+ ka gonne ga go na sepe se se botoka mo lefatsheng* fa e se gore motho a je, a nwe a bo a itumele; o tshwanetse go dira seno fa a ntse a dira ka natla malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe,+ a Modimo wa boammaaruri a mo nayang one mo lefatsheng.* 16  Ke ne ke ikemiseditse gore ke nne botlhale le gore ke bone dilo* tsotlhe tse di diragalang mo lefatsheng,+ e bile ke ne ke sa bone boroko bosigo le motshegare.* 17  Go tswa foo, ke ne ka ela tlhoko dilo tsotlhe tse Modimo wa boammaaruri a di dirileng, mme ke ne ka lemoga gore batho ga ba ka ke ba tlhaloganya se se diregang mo lefatsheng.*+ Le fa batho ba ka leka ka natla jang, ga ba ka ke ba tlhaloganya. Le fa ba ka ipolelela gore ba botlhale thata mo ba ka kgonang go itse, tota ga ba ka ke ba tlhaloganya.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “phuthololo ya kgang?”
Kgotsa “katlholo.”
Kgotsa “katlholo.”
Kgotsa “mohemo; phefo.”
Kgotsa gongwe “bosula jwa bone ga bo ka ke jwa golola badirabosula.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Kgotsa “a mo gobatse.”
Kgotsa “se se ngomolang pelo.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”
Kgotsa “tiro.”
Kgotsa gongwe “gore batho ga ba robale, e ka tswa e le bosigo kgotsa motshegare.”
Seheb., “ka fa tlase ga letsatsi.”