Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Ke ne Ka Simolola go Itharabologelwa”

“Ke ne Ka Simolola go Itharabologelwa”
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1941

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A GOGA MOTSOKO, A TSHWAKGOTSWE KE BOJALWA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse kwa Warialda, torotswana e e kwa New South Wales. Warialda ke motse wa temothuo mo go ruilweng dinku le dikgomo, go bo go jalwa mabele le dijalo tse dinnye tsa ditlhaka. Motse ono o phepa e bile ga o na bokebekwa jo bontsi.

E re ka ke ne ke le mogolo mo baneng ba kwa gae ba le lesome, ke ne ka simolola go bereka gore ke thuse ba lelapa la gaetsho ke na le dingwaga di le 13. E re ka ke ne ke sa rutega, ke ne ka bereka mo dipolasing. Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka bereka go godisa dipitse le go di kgwabofatsa.

Go bereka mo dipolasing go ne go le monate e bile go le bosula. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke itumelela go bereka e bile ke ne ke rata tikologo e ke neng ke nna mo go yone. Ke ne ke a tle ke nne kwa ntle bosigo mo molelong le go leba ngwedi le loapi lo lo tletseng dinaledi fa pheswana e tsiditsana ya bosigo e dira gore go nne le monko o monate o o tswang mo ditlhareng. Ke gopola ke akanya gore go tshwanetse ga bo go na le Mongwe yo o dirileng dilo tseo tse dintle. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke lebana le tlhotlheletso e e sa siamang mo dipolasing. Gantsi ke ne ke utlwa dipuo tsa matlhapa e bile go ne go le motlhofo gore ke goge motsoko. Go ise go ye kae, ke ne ka tlwaela go goga motsoko le go dirisa puo ya matlhapa.

Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka fudugela kwa Sydney. Ke ne ka leka go tsenela sesole mme ke ne ka se ka ka amogelwa ka gonne ke ne ke sa rutega. Ke ne ka bona tiro mme ka nna ngwaga kwa Sydney. Ka yone nako eo, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa ka lekgetlho la ntlha. Ke ne ka amogela taletso ya go nna teng kwa dipokanong tsa bone mme ka bonako ke ne ka lemoga gore dithuto tsa bone di ruta boammaaruri.

Le fa go ntse jalo, moragonyana ga foo, ke ne ka swetsa ka gore ke boele kwa polasing. Ke ne ka feleletsa ke le kwa Goondiwindi, Queensland. Ke ne ka bona tiro, ka nyala mme ka maswabi ka simolola le go nwa.

Nna le mosadi wa me re ne re na le bana ba babedi. Morago ga gore bomorwaarona ba tsholwe, ke ne ka simolola go itharabologelwa. Ke ne ka gakologelwa se ke neng ka se utlwa kwa dipokanong tsa Basupi kwa Sydney mme ke ne ka swetsa ka gore ke dire sengwe ka gone.

Ke ne ka bona kgatiso ya bogologolo ya Tora ya Tebelo, e e neng e na le aterese ya ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Australia. Ke ne ka kwala lekwalo ke kopa thuso. Ba ne ba romela Mosupi mongwe yo o pelonomi le yo o lorato kwa go nna. Go ise go ye kae, o ne a ithuta Baebele le nna.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo. Temana ya Baebele e e neng ya nkgatlha ke 2 Bakorintha 7:1. Temana eo e re kgothaletsa gore ‘re intlafatse leswe lengwe le lengwe la nama.’

Ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele go goga motsoko le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Go ne go se motlhofo go dira diphetogo tseo, e re ka ke ne ke tlwaetse thata go dira dilo tseo. Mme ke ne ke iketleeditse go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo. Se se neng sa nthusa thata ke go dirisa molaomotheo o o mo go Baroma 12:2: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona.” Ke ne ka lemoga gore e le gore ke fetole mekgwa ya me, ke ne ke tshwanetse go fetola tsela e ke akanyang ka yone le go leba mekgwa ya me ka tsela e Modimo a e lebang ka teng—e le e e kotsi. Ka thuso ya gagwe ke ne ka kgona go tlogela go goga motsoko le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.

“Ke ne ka lemoga gore e le gore ke fetole mekgwa ya me, ke ne ke tshwanetse go fetola tsela e ke akanyang ka yone”

Le fa go ntse jalo, kgwetlho e kgolo e ne e le go tlogela go dirisa puo ya matlhapa. Ke ne ke itse kgakololo ya Baebele e e mo go Baefeso 4:29: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona.” Le fa go ntse jalo, go ne ga tsaya lobaka gore ke tlogele go dirisa puo e e leswe. Ke ne ka thusiwa ke go tlhatlhanya ka mafoko a a mo go Isaia 40:26. Temana eo fa e bua ka magodimo a a tletseng ka dinaledi, ya re: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.” Ke ne ka ipolelela gore fa Modimo a nnile le maatla a go bopa lobopo lo logolo jaana—le ke ratang go le lebelela—ruri a ka kgona go nnaya maatla a go dira diphetogo e le gore ke mo itumedise. Fa ke ntse ke rapela le go dira maiteko, ka iketlo ke ne ka fetola puo ya me.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Fa ke ne ke bereka ka dipitse, ke ne ke se na tshono e ntsi ya go buisana le batho e re ka go ne go se na batho ba bantsi mo dipolasing tse ke neng ke bereka mo go tsone. Le fa go ntse jalo, ka thapiso e re e bonang kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka ithuta go bua le batho sentle. Thapiso eo gape e nthusitse go bua le batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 6:9, 10; 24:14.

Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, ke ntse ke itumelela go nna mogolwane mo phuthegong. Ke tshiamelo go dira sotlhe se nka se kgonang go thusa badumedimmogo le nna. Le fa go ntse jalo, tshegofatso e kgolo ke go bo ke direla Jehofa mmogo le mosadi wa me yo o rategang le bana ba rona ba bantle.

Ke leboga Jehofa go bo a dirile gore nna—motho yo o sa rutegang—ke rutiwe ke ene. (Isaia 54:13) Ke dumalana ka botlalo le mafoko a a mo go Diane 10:22, a a reng: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang.” Nna le ba lelapa la me re lebile pele go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa le go mo direla go ya go ile.