Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ETSA TUMELO YA BONE

O ne A Bolokwa a “Babalesegile le ba Bangwe ba le Supa”

O ne A Bolokwa a “Babalesegile le ba Bangwe ba le Supa”

NOA le ba lelapa la gagwe ba ne ba ntse mmogo fa pula e ntse e tshologa ka morwalela. Akanya ka bone, ba le mo letobong le go bonalang lesedi la lebone la leokwane fela, ba gototse matlho fa ba ntse ba reeditse modumo wa metsi a phothosela mo godimo ga marulelo e bile a itaagana mo matlhakoreng a araka. Modumo oo o tshwanetse wa bo o ne o boifisa tota.

Fa Noa a leba difatlhego tsa ba lelapa la gagwe ba ba rategang—mosadi wa gagwe le bomorwawe ba bararo ba ba ikanyegang mmogo le basadi ba bone—ga go pelaelo gore pelo ya gagwe e ne ya tlala ka boitumelo. Mo nakong e e thata eo, o ne a gomodiwa ke go bona batho ba a ba ratang thata ba na le ene. Botlhe ba ne ba sireletsegile e bile ba sa gobala. Ga go pelaelo gore o ne a rapelela ba lelapa la gagwe a leboga, a buela kwa godimo thata gore ba kgone go mo utlwa.

Noa e ne e le monna wa tumelo. Ka ntlha ya tumelo ya gagwe, Jehofa Modimo o ne a tlhotlheletsega go mo sireletsa ene le ba lelapa la gagwe. (Bahebera 11:7) A mme gone tumelo ya bone e ne ya fela fa pula e simolola go na? Nnyaa, ba ne ba tla tlhoka nonofo eo mo malatsing a a gwetlhang a a neng a sa ntse a tla. Go ka buiwa se se tshwanang le ka rona mo metlheng eno e e tletseng tlhakatlhakano. Ka jalo, mma re bone gore re ka ithuta eng mo tumelong ya ga Noa.

“MALATSI A LE MASOME A MANÈ LE MASIGO A LE MASOME A MANÈ”

Kwa ntle, pula e ne ya tswelela e na “ka malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè.” (Genesise 7:4, 11, 12) Metsi a ne a tswelela go nna mantsi. Fa e ntse e na, Noa o ne a kgona go lemoga gore Modimo wa gagwe, Jehofa, o ne a sireletsa basiami le go otlhaya baikepi ka nako e le nngwe.

Morwalela o ne wa fedisa botsuolodi jo bo neng jwa bakwa ke baengele bangwe. Baengele ba le bantsi ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke moya wa bopelotshetlha wa ga Satane, ba ne ba tlogela “lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” kwa legodimong go tla go itseela basadi mo lefatsheng, mme ba dira mofuta o o sa tlwaelegang wa batho ba ba bidiwang Banefilime. (Jude 6; Genesise 6:4) Ga go pelaelo gore Satane o ne a itumela tota fa a bona botsuolodi joo bo anama, ka gonne bo ne bo tshwaetsa batho botlhe, popo e e botlhokwa ya ga Jehofa e e mo lefatsheng.

Le fa go ntse jalo, fa metsi a ntse a oketsega, baengele ba batsuolodi ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela mebele ya bone ya nama le go boela kwa lefelong la moya, ba se tlhole ba kgona go boela mo mebeleng ya nama gape. Ba ne ba tlogela basadi ba bone le bana ba bone gore ba bolawe ke morwalela mmogo le batho bao.

Fa e sa le ka motlha wa ga Enoke, mo e ka nnang ka makgolo a le supa a dingwaga pelenyana ga foo, Jehofa o ne a tlhagisa batho gore o tlile go fedisa baikepi, batho ba ba bosula. (Genesise 5:24; Jude 14, 15) Fa e sa le go tloga ka nako eo, batho ba ne ba nna bosula le go feta, ba senya lefatshe le go le tlatsa ka thubakanyo. Jaanong ba ne ba swa. A Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba ipelela go bona katlholo eo?

Nnyaa! Modimo yo o kutlwelobotlhoko, le ene ga a ka a ipelela seo. (Esekiele 33:11) Jehofa o dirile gotlhe mo a ka go kgonang go boloka batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. O ne a ba tlhagisa ka Enoke mme o ne a laela Noa gore a age araka. Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba dira tiro e e boima eo ka masome a dingwaga, batho ba ntse ba lebeletse. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a laetse Noa gore e nne “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Fela jaaka Enoke a ne a dira, Noa o ne a tlhagisa batho ka katlholo e e neng e tla mo lefatsheng. Mme ba ne ba tsiboga jang? Jesu yo o neng a lebile tiragalo eno a le kwa legodimong, moragonyana o ne a gakologelwa batho ba motlha wa ga Noa: “Ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.”—Mathaio 24:39.

Akanya gore Noa le ba lelapa la gagwe ba ka tswa ba ne ba ikutlwa jang mo malatsing a ntlha a le 40 morago ga gore Jehofa a tswale kgoro ya araka. Fa pula e ntse e tsweletse ka go na letsatsi le letsatsi, ka borobedi jwa bone ba ne ba tswelela pele ba dira tiro ya letsatsi le letsatsi—ba tlhokomelana, ba tlhokometse legae la bone e bile ba tlhokometse le diphologolo. Le fa go ntse jalo, nako nngwe araka yotlhe e ne ya tshikinyega le go reketla. E ne e tsamaya! Araka e ne ya tsholetsega mo godimo ga metsi a a ntseng a oketsega, ya nna ya ya kwa godimo, go fitlhela ‘e kokobala kwa godimodimo ga lefatshe.’ (Genesise 7:17) Ruri ke bosupi jo bo gakgamatsang jwa maatla a Modimo Mothatayotlhe, Jehofa!

Noa o tshwanetse a bo a ile a leboga—e seng fela go bo ene le lelapa la gagwe ba babalesegile, mme e le ka go bo Jehofa yo o kutlwelobotlhoko a ile a ba dirisa go tlhagisa batho ba ba neng ba swela kwa ntle ga araka. Dingwaga tseo tsa go dira ka natla di ne di lebega di se botlhokwa ka nako eo. Batho ba ne ba sa tseye tsia! Akanya—pele Morwalela o tla, Noa o tshwanetse a bo a ne a na le bomorwarraagwe, bokgaitsadie, le ditlogolo; le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o neng a reetsa fa e se ba lelapa la gagwe fela. (Genesise 5:30) Jaanong, fa meya e e robedi eo e ntse e tsena mo teng ga araka, ba ka tswa ba ne ba gomodiwa ke go akanya ka nako e ba e feditseng ba naya batho tshono ya go falola.

Jehofa ga a ise a fetoge fa e sa le ka motlha wa ga Noa. (Malaki 3:6) Jesu Keresete o ne a tlhalosa gore malatsi a re tshelang mo go one a tshwana le “malatsi a ga Noa.” (Mathaio 24:37) Malatsi a re tshelang mo go one ke motlha o o tshwailweng, nako ya matshwenyego a magolo e e tlogang e fela, fa go senngwa lefatshe leno le le bosula la tsamaiso ya dilo. Gompieno, batho ba Modimo le bone ba anamisa molaetsa wa tlhagiso mo bathong botlhe ba ba tla reetsang. A o tla reetsa molaetsa oo? Fa e le gore o setse o amogetse boammaaruri jwa molaetsa oo o o bolokang matshelo, a o tla nna le seabe mo go o fetisetseng mo go ba bangwe? Noa le ba lelapa la gagwe ba re tlhometse sekao se se molemo.

“BA RWALWA KA PABALESEGO GO RALALA METSI”

Fa araka e ntse e ya kwa le kwa mo godimo ga metsi a mantsi ao, ba ba mo teng ga yone ba tshwanetse ba bo ba ne ba utlwa modumo o mogolo o o bakiwang ke go thulana ga dikgong tse dikima. A Noa o ne a tshwenyegile ka bogolo jwa makhubu kgotsa a o ne a tshwenyegile ka gore a araka e tla phutlhama? Nnyaa. Go tshwenyega goo, go ka nna teng mo bathong ba gompieno ba ba nang le dipelaelo, mme Noa o ne a se na dipelaelo. Baebele ya re: ‘Ka tumelo Noa o ne a aga araka.’ (Bahebera 11:7) Tumelo mo go eng? Jehofa o ne a dirile kgolagano, e leng tumalano ya semolao, ya go boloka Noa le ba lelapa la gagwe ba babalesegile ka nako ya Morwalela. (Genesise 6:18, 19) A yo o dirileng lobopo lotlhe, lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang mo go lone o ne a ka se sireletse mokoro oo gore o se ka wa senyega? O ne a ka kgona! Noa o ne a ikanya Jehofa gore o tla dira fela jaaka a solofeditse. Mme ene le ba lelapa la gagwe ba ne “ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.”—1 Petere 3:20.

Morago ga malatsi a le 40 le masigo a le 40, kgabagare pula e ne ya kgaotsa. Go ya ka khalendara ya rona, e ne e ka nna ka Sedimonthole ka ngwaga wa 2370 B.C.E. Mme loeto lwa lelapa ka araka lo ne lo le kgakala le go fela. Mokoro oo o o tletseng ditshedi o ne o tsamaya o le nosi mo godimo ga lewatle, le e leng kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba. (Genesise 7:19, 20) Re ka akanya Noa a rulaganya tiro e e boima gore ene le bomorwawe—Sheme, Hame le Jafethe—ba fepe diphologolo tsotlhe, ba dire gore di nne phepa le gore di nne di itekanetse. Ke boammaaruri gore Modimo yo o neng a dira gore diphologolo tseo tsotlhe tsa naga di nne bokgwabo gore di kgone go tsena mo arakeng, o ne a ka kgona go dira gore di nne jalo ka nako ya Morwalela. *

Ga go pelaelo gore Noa o ne a kwala rekoto ya ditiragalo tseo. Rekoto eo e re bolelela gore pula e ne ya simolola leng le gore e ne ya kgaotsa leng. Gape e re bolelela gore metsi a ne a khurumetsa lefatshe ka malatsi a le 150. Kgabagare, metsi a ne a simolola go fokotsega. Ka letsatsi lengwe, araka e ne ya nna sentle mo godimo “dithaba tsa Ararata,” tse di kwa Turkey wa motlha wa gompieno. Seo se tshwanetse sa bo se diragetse ka Moranang ka ngwaga wa 2369 B.C.E. Dithaba di ne tsa simolola go tlhagelela ka Seetebosigo, morago ga malatsi a le 73. Ka Lwetse, dikgwedi di le tharo morago ga moo, Noa o ne a swetsa ka gore a ntshe karolo nngwe ya borulelo jwa araka. Ga go pelaelo gore tiro eo e e boima e ne ya dira gore go nne le lesedi le pheswana e e monate. Pelenyana ga moo, Noa o ne simolola ka go tlhola gore a lefatshe le ne le siametse go ka nniwa. O ne a romela mohukubu, o o neng o boa o bo o tsamaya ka lobakanyana, gongwe o ntse o tla o kotama mo godimo ga araka; morago ga moo, Noa o ne a romela lephoi, le le neng la nna le boela mo go ene go fitlha le bona lefelo le le ka nnang mo go lone.—Genesise 7:24–8:13.

Ga go pelaelo gore Noa o ne a etelela pele ka go tshwara kobamelo ya lelapa le e leng ka dinako tse di thata

Dilo tsa semoya di ne di le botlhokwa thata mo go Noa go feta ditiro tsa letsatsi le letsatsi tse di umakilweng pelenyana. Re ka akanya ka lelapa le kopana mmogo ka metlha gore le rapele mmogo le go tlotla ka Rraabone yo o ba sireletsang yo o kwa legodimong. Noa o ne a ikaegile ka Jehofa fa a dira ditshwetso tsotlhe tse di botlhokwa. Tota le e leng fa Noa a ne a bona gore lefatshe le “omeletse”—morago ga go fetsa ngwaga mo teng ga araka—ga a ka a bula kgoro le go ntsha ditshedi tsotlhe mo arakeng. (Genesise 8:14) Go na le moo, o ne a letela lefoko la ga Jehofa!

Gompieno ditlhogo tsa malapa di ka ithuta thuto ya botlhokwa go tswa mo monneng yono yo o ikanyegang. O ne dira dilo ka thulaganyo, a dira ka natla, a le pelotelele e bile a tlhokometse ba lelapa la gagwe botlhe. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga dilo tsotlhe, pele ga a dira sepe fela o ne sekaseka se e leng thato ya ga Jehofa Modimo. Fa re etsa tumelo ya ga Noa ka ditsela tseno, re tla dira gore batho botlhe ba re ba ratang ba segofadiwe.

“TSWA MO ARAKENG”

Kgabagare, Jehofa o ne a ntsha taelo. O ne a laela Noa jaana: “Tswa mo arakeng, wena le mosadi wa gago le bomorwao le basadi ba bomorwao ba na le wena.” Ka boikokobetso, lelapa le ne la tswa mme diphologolo di ne tsa latela. Jang? A di ne tsa tswa ka tsela e e sa laolesegeng? Nnyaa! Baebele e bolela jaana: “Di ne tsa tswa mo arakeng kafa ditshikeng tsa tsone.” (Genesise 8:15-19) Fa Noa le ba lelapa la gagwe ba setse ba le kwa ntle, ba hema moya o o phepa o o tswang mo thabeng le go leba thaba ya Ararata, ba ne ba bona lefatshe le le phepa. Banefelime ba ne ba sa tlhole ba le teng, thubakanyo, baengele ba batsuolodi le setshaba sotlhe sa batho ba ba boikepo se ne se sa tlhole se le teng! * Batho ba ne ba na le tshono ya go boa ba tshela ka tsela e e siameng.

Noa o ne a itse gore o tshwanetse go dira eng. O ne a simolola ka kobamelo. O ne a aga sebeso mme a dirisa diphologolo tse Modimo a neng a di leba di le phepa—tse ba neng ba di tsenya ka “bosupa” mo arakeng—mme a isetsa Jehofa setlhabelo se se fisiwang. (Genesise 7:2; 8:20) A kobamelo eo e ne ya itumedisa Jehofa?

Baebele e re tlhomamisetsa ka go araba jaana: “Jehofa a simolola go dupa lonko lo lo ritibatsang.” Kutlobotlhoko e Modimo a neng a na le yone fa batho ba ne ba tladitse lefatshe ka thubakanyo jaanong e ne e emiseditswe ke kagiso, le boikutlo jo bo molemo jwa go bona lelapa la baobamedi ba ba ikanyegang mo lefatsheng le le neng le iketleeditse go dira thato ya gagwe. Jehofa o ne a sa lebelela gore ba itekanele. Temana eno e tswelela ka gore: “Pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Ela tlhoko kafa Jehofa a neng a tswelela a bontsha batho kutlwelobotlhoko ka teng.

Modimo o ne a tlosa phutso mo lefatsheng. Mo metlheng ya botsuolodi jwa ga Adame le Efa, Modimo o ne a ntsha phutso eo, e e neng ya dira gore go nne thata go lema. Rraagwe Noa e bong Lameke, o ne a raya morwawe leina a re ke Noa—le gongwe le rayang “Boikhutso” kgotsa “Kgomotso”—e bile o ne a bolelela pele gore morwawe o tla tlisetsa batho nako ya boikhutso a ba ntsha mo phutsong eo. Noa a ka tswa a ne a itumela fa a lemoga gore o tlile go bona boporofeti joo bo diragadiwa le lefatshe le ungwa sentle morago ga go tsaya matsapa a go lema. Ga go gakgamatse go bo moragonyana Noa a ne a simolola go lema!—Genesise 3:17, 18; 5:28, 29; 9:20.

Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng ba nna mo lefatsheng le le phepa

Ka nako eo, Jehofa o ne a naya bana botlhe ba ga Noa melao e e utlwalang le e e motlhofo gore e ba kaele mo botshelong—go akaretsa le wa gore ba se ka ba bolaya le gore ba se ka ba dirisa madi. Gape Modimo o ne a dira kgolagano le batho, a ba solofetsa gore ga a kitla a dirisa morwalela go fedisa dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng. Go bontsha gore Jehofa o ne a tlile go diragatsa ditsholofetso ya gagwe, o ne a naya batho sesupo sa ntlha sa kgakgamatso e e kgatlhang ya tlhago—motshe wa godimo. Le gompieno, motshe wa godimo mongwe le mongwe o re o bonang o re gopotsa tsholofetso e e gomotsang e e bontshang lorato lwa ga Jehofa.—Genesise 9:1-17.

Fa e le gore pego ya ga Noa e ne e le tlhamane fela, e ka bo e ile ya felela le motshe oo wa godimo. Mme Noa o kile a tshela e bile botshelo jwa gagwe bo ne bo se motlhofo. E re ka batho ba nako eo ba ne ba tshela lobaka lo loleele, monna yoo yo o ikanyegang o ne a tshwanelwa ke go itshoka dingwaga tse dingwe gape di le 350 mme makgolo ao a dingwaga a ne a mo leretse botlhoko jo bogolo. O ne a dira phoso nako nngwe ka go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, mme phoso eo e ne ya oketsega fa morwa wa ngwana wa gagwe e bong Kanana a ne a dira boleo jo bo masisi—boleo jo bo neng jwa lere diphelelo tse di botlhoko mo losikeng lwa ga Kanana. Noa o ne a tshela lobaka lo loleele thata mo a neng a bona ditlogolwana tsa gagwe di dira boleo ka go obamela medingwana le go bona thubakanyo mo metlheng ya ga Nimerode. Le fa go ntse jalo, ka fa letlhakoreng le lengwe, Noa o ne a bona morwawe e bong Sheme a tlhomela lelapa la gagwe sekao se se molemo sa tumelo.—Genesise 9:21-28; 10:8-11; 11:1-11.

Fela jaaka Noa, re tshwanetse go nna re ikanyega le fa re lebana le mathata. Fa batho ba ba re dikologileng ba sa batle go reetsa Modimo wa boammaaruri kgotsa le e leng go tlogela go mo direla, re tshwanetse go nna re tlhomile mogopolo fela jaaka Noa a ile a dira. Jehofa o anaanela thata fa re itshoka ka boikanyegi. Jesu Keresete o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 24:13.

^ ser. 17 Bangwe ba ile ba re Modimo o ne a tshereanya diphologolo gore di kgone go iphitlha, mo go neng ga dira gore di se ka tsa tlhoka dijo. Le fa a ka tswa a dirile jalo kgotsa a sa dira jalo, boammaaruri ke gore o ne a dira jaaka a solofeditse, a tlhomamisa gore di sireletsegile le gore di kgone go tshela mo teng ga araka.

^ ser. 22 Gape Tshimo ya Edene, e e ka tswang e ne e nyeleditswe ke morwalela e ne e sa tlhole e le teng mo lefatsheng. Fa go le jalo, ditšheruba tse di neng di disitse kgoro e e tsenang mo tshimong di ne di gololesegile go ka boela kwa legodimong ka gonne kabelo ya tsone ya dingwaga di le 1600 e ne e fedile.—Genesise 3:22-24.