Fetela kwa tshedimosetsong

A Baebele e a Ikganetsa?

A Baebele e a Ikganetsa?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, Baebele e a dumalana. Le fa ditemana dingwe tsa Baebele di ka lebega di ikganetsa, gantsi di ka tlhaloganngwa sentle fa go dirisiwa nngwe ya dintlha tse di latelang:

  1. Ela tlhoko se go buiwang ka sone. Go ka lebega e kete mokwadi o a ikganetsa fa kgang e a buang ka yone e sa tlhaloganngwe.

  2. Ela tlhoko tsela e mokwadi a lebang dilo ka yone. Basupi ba ba boneng tiragalo nngwe ba ka e tlhalosa ka nepo mme ba sa dirise mafoko a a tshwanang kgotsa ba sa bue dintlha tse di tshwanang.

  3. Akanya ka dilo tse di amanang le hisitori le dingwao.

  4. Dira pharologanyo fa gare ga mafoko a a tshwantshanyang le a a tlhalosang dilo jaaka di ntse.

  5. Ela tlhoko gore go ka twe motho o dirile tiro nngwe—tota le fa a sa e dira ka boene. *

  6. Dirisa thanolo e e nepileng ya Baebele.

  7. Tila go amanya se Baebele e se buang le dithuto kgotsa dikgopolo tse di seng boammaaruri tsa bodumedi.

Dikai tse di latelang di bontsha kafa dintlha tseno di ka tlhalosang ka gone ditemana dingwe tse di ka lebegang di ikganetsa.

Ntlha 1: Se go buiwang ka sone

Fa e le gore Modimo o ne a ikhutsa ka letsatsi la bosupa, goreng go twe o ntse a dira? Se go buiwang ka sone mo pegong ya popo e e mo go Genesise, se bontsha gore mafoko a a reng Modimo o ne a “ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya gagwe e a e dirileng,” a kaya tiro ya go bopa lefatshe. (Genesise 2:2-4) Jesu o ne a sa ganetse mafoko ao fa a ne a re Modimo “o ntse a dira go fitlha jaanong” ka gonne o ne a bua ka ditiro tse dingwe tsa Modimo. (Johane 5:17) Ditiro tsa Modimo di akaretsa go tlhotlheletsa go kwalwa ga Baebele, go kaela le go tlhokomela batho.—Pesalema 20:6; 105:5; 2 Petere 1:21.

Ntlha 2 le 3: Tsela e mokwadi a lebang dilo ka yone le hisitori

Jesu o ne a le kwa kae fa a ne a fodisa monna wa sefofu? Buka ya Luke ya re Jesu o ne a fodisa monna wa sefofu “fa a ne a fitlha gautshwane le Jeriko,” fa pego e e tshwanang le eno e e mo go Mathaio yone e bua ka banna ba babedi ba difofu mme e re tiragalo eno e diragetse fa Jesu a “tswa mo Jeriko.” (Luke 18:35-43; Mathaio 20:29-34) Dipego tseno tse pedi di kwadilwe ka tsela e e sa tshwaneng mme di a tlatsana. Fa re bua ka palo ya banna bao, Mathaio o ne a bua palo ya bone a re ba ne ba le babedi, fa Luke ene a tlhoma mogopolo mo monneng a le mongwe yo Jesu a neng a bua le ene. Fa go tliwa mo kgannyeng ya lefelo, baithutamarope ba re mo motlheng wa ga Jesu Jeriko e ne e le motse o o gabedi, mme motse wa bogologolo wa Sejuda o ne o le dikilometara di ka nna 1,5 go tswa kwa motseng o mosha wa Roma. Jesu a ka tswa a ne a le fa gare ga metse eno e mebedi fa a dira kgakgamatso eo.

Ntlha 4: Mafoko a a tshwantshetsang sengwe le a a tlhalosang dilo jaaka di ntse

A lefatshe le tla senngwa? Mo go Moreri 1:4, Baebele ya re “lefatshe le eme ka bosakhutleng,” e leng se batho ba tsayang gore se ganetsana le mafoko a yone a a reng “lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla lailwa ke molelo.” (2 Petere 3:10, Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng lefoko “lefatshe” le kgona go dirisiwa ka tsela ya mmatota fa go buiwa ka polanete, gape le dirisiwa go tshwantshetsa batho ba ba nnang mo go lone. (Genesise 1:1; 11:1) Go senngwa ga “lefatshe” mo go tlhalosiwang mo go 2 Petere 3:10 ga go kaye gore polanete ya rona e tla lailwa ka molelo mme go kaya “go senngwa ga baikepi.”—2 Petere 3:7.

Ntlha 5: Yo o dirileng tiro

Kwa Kaperenama, ke mang yo o neng a isa kopo ya modiredi wa masole kwa go Jesu? Mathaio 8:5, 6 ya re modiredi wa masole o ne a tla kwa go Jesu, fa Luke 7:3 yone e re o ne a romela banna ba bagolwane ba Bajuda go isa kopo eo. Pego eno ya Baebele e e lebegang e ikganetsa e ka kaya gore modiredi wa masole ke ene a neng a ntsha kopo mme a romela banna ba bagolwane gore e nne baemedi ba gagwe.

Ntlha 6: Thanolo e e nepileng

A rotlhe re a leofa? Baebele ya re rotlhe re ruile boleo mo mothong wa ntlha e bong Adame. (Baroma 5:12) Dithanolo tse dingwe di lebega di sa dumalane le seno ka gonne tsa re motho yo o siameng “ga a leofe” kgotsa “ga a dire boleo.” (1 Johane 3:6, Baebele e e Boitshepo; King James Version) Le fa go ntse jalo, mo puong ya ntlhantlha ya Segerika, lediri “boleo” le le dirisitsweng mo go 1 Johane 3:6 le mo pakajaanong, mme ka tlwaelo mo puong eno le kaya tiro e e tswelelang. Go na le pharologanyo fa gare ga boleo jo re bo ruileng, jo re sa kgoneng go bo tila le jwa ka boomo jwa go itlwaetsa go sa ikobele melao ya Modimo. Ka jalo, dithanolo dingwe di tlhalosa kgang eno sentle ka go dirisa mafoko a a jaaka “ga a tsamaye mo boleong” kgotsa “ga a itlwaetse go dira boleo.”—Thanolo ya Lefatshe le Lesha; Phillips.

Ntlha 7: Baebele, e seng dithuto tsa batho

A Jesu o lekana le Modimo kgotsa o monnye mo go Ene? Nako nngwe Jesu o ne a re: “Nna le Rara re mongwe fela,” mo go ka lebegang go ganetsana le se a ileng a se bua fa a re “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 10:30; 14:28) E le gore re tlhaloganye ditemana tseo sentle, re tshwanetse go sekaseka se Baebele e se buang ka Jehofa le Jesu go na le go leka go dira gore ditemana tseno di tsamaisane le thuto ya Tharonngwe e e sa tsweng mo Baebeleng. Baebele e bontsha gore Jehofa ke Rraagwe Jesu e bile ke Modimo wa ga Jesu, yo tota le ene Jesu a mo obamelang. (Mathaio 4:10; Mareko 15:34; Johane 17:3; 20:17; 2 Bakorintha 1:3) Jesu ga a lekane le Modimo.

Se Jesu a neng a se bua fa a re “Nna le Rara re mongwe fela” se bontsha gore o ne a tlhalosa kafa ene le Rraagwe, e bong Jehofa Modimo ba leng seoposengwe ka gone mo go se ba ikaelelang go se dira. Moragonyana Jesu o ne a re: “Rara o seoposengwe le nna le nna ke seoposengwe le Rara.” (Johane 10:38) Jesu o ne a rapelela balatedi ba gagwe gore le bone ba nne seoposengwe, fa a ne a re: “Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, gore ba tle ba nne mongwe fela jaaka rona re le mongwe fela. Nna ke le seoposengwe le bone mme wena o le seoposengwe le nna.”—Johane 17:22, 23.

^ ser. 6 Ka sekai, mo setlhogong se se buang ka Taj Mahal, Encyclopædia Britannica ya re “kago eo e agilwe ke mmusimogolo wa Mughal e bong Shah Jahān.” Le fa go ntse jalo, ga a e aga ka boene ka gonne setlhogo seno se tswelela ka go re, “go ne ga thapiwa batho ba feta 20 000” fa e agiwa.