Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ETSA TUMELO YA BONE ENOKE

‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’

‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’

ENOKE o tshetse lobaka lo loleele. Go ka tswa go le thata go dumela seno mme gone monna yono o tshetse dingwaga di ka nna 365, e leng lobaka lo loleele thata fa lo bapisiwa le dingwaga tse batho ba di tshelang gompieno! Mme ka nako eo motho wa dingwaga tseo o ne a sa tsewe a le mogolo go le kalo. Batho ba nako eo ba ne ba tshela lobaka lo loleele thata. Monna wa ntlha e bong Adame o ne a na le dingwaga di feta 600 fa Enoke a tsholwa mme o ne a tshela dingwaga tse dingwe gape di le 300. Ditlogolwana dingwe tsa ga Adame di ile tsa tshela lobaka lo loleele go mo feta. Ka jalo, fa Enoke a ne a na le dingwaga di le 365, o tshwanetse a bo a ne a sa ntse a le matlhagatlhaga e bile a lebega a ka tshela lobaka lo loleele. Mme ga go a ka ga nna jalo.

Botshelo jwa ga Enoke bo ka tswa bo ne bo le mo kotsing. Mmone jaaka a ntse a taboga, a tlhobaediwa ke tsela e batho ba a neng a ba boleletse molaetsa wa Modimo ba neng ba itshwara ka yone. Batho bano ba ne ba galefile thata. Ba ne ba sa batle go bona le mo a gatileng teng. Ba ne ba sa batle molaetsa wa gagwe e bile ba tlhoile Modimo yo a mo romileng. Ba ne ba sa kgone go bolaya Modimo wa ga Enoke e bong Jehofa mme ba ne ba ka kgona go bolaya monna yono! Gongwe Enoke o ne a ipotsa gore a o tla tsamaya a bona ba lelapa la gagwe gape. A o ne a akantse ka mosadi wa gagwe le bomorwadie kgotsa morwawe e bong Methusela kgotsa motlogoloagwe e bong Lameke? (Genesise 5:21-23, 25) A go ne go ile fela jalo ka ene?

Pego ya Baebele ya botshelo jwa ga Enoke e a gakgamatsa. Go na le dipego di le tharo fela tsa Baebele tse dikhutshwane tse di buang ka ene. (Genesise 5:21-24; Bahebera 11:5; Jude 14, 15) Mme gone, dipego tseo di re thusa go bona gore Enoke e ne e le monna yo o neng a na le tumelo e e nonofileng. A o tlhokomela lelapa? A o kile wa fitlhela go le thata go buelela selo se o itseng gore se siame? Fa go le jalo, o ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa ga Enoke.

“ENOKE A NNA A TSAMAYA LE MODIMO WA BOAMMAARURI”

Batho ba motlha wa ga Enoke ba ne ba le bosula thata. E ne e le kokomana ya bosupi go tswa mo go Adame. Le fa boleo bo ne bo le gone, batho ba ne ba sa ntse ba kgona go tshela lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, boitshwaro jwa bone bo ne bo bodile e bile ba sa rate Modimo. Go ne go tletse thubakanyo mme seo se ne se simologile mo kokomaneng ya bobedi fa Kaine a ne a bolaya monnawe e bong Abele. Go bonala mongwe wa ditlogolwana tsa ga Kaine a ne a ikgantsha ka gonne a ne a le bosula thata go feta Kaine! Mo kokomaneng ya boraro, go ne ga simologa bosula jo bongwe gape. Batho ba ne ba bitsa leina la ga Jehofa mme e se ka gonne ba batla go mo obamela. Ba ne ba dirisa leina la Modimo le le boitshepo go mo tlhapatsa le go mo tlontlolola.—Genesise 4:8, 23-26.

Go bonala tsela eo e e sa siamang ya go obamela Modimo e ne e tlwaelegile thata ka nako ya ga Enoke. Fa Enoke a ntse a gola, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso. A o ne a tla sala mmudubudu morago? Kgotsa a o ne a tla batla go itse Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa yo o bopileng magodimo le lefatshe? O tshwanetse a bo a ile a kgothadiwa ke go ithuta ka Abele yo o neng a bolawa ka ntlha ya tumelo ya gagwe le go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Enoke o ne a latela sekao sa ga Abele. Genesise 5:22 ya re: “Enoke a tswelela go tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” Mafoko ano a re bontsha gore Enoke o ne a rata Modimo le fa a ne a tshela le batho ba ba sa rateng Modimo. Ke motho wa ntlha yo Baebele e mo tlhalosang ka tsela eno.

Gape temane eo ya re Enoke o ne a tswelela a tsamaya le Jehofa fa Methusela a sena go tsholwa. Enoke o ne a nna le lelapa fa a ne a na le dingwaga di ka nna 65. O ne a na le mosadi yo Baebele e sa umakeng leina la gagwe le “bana ba basimane le ba basetsana” ba palo ya bone e sa umakiweng. Fa rre a tsamaya le Modimo mme a ntse a godisa bana le go tlhokomela lelapa, o tshwanetse go leka go dirisa kgakololo ya Modimo fa a dira jalo. Enoke o ne a itse gore Jehofa o lebeletse gore a ikanyege mo mosading wa gagwe. (Genesise 2:24) Mme ga go pelaelo gore o ile a leka ka thata go ruta bana ba gagwe ka Jehofa Modimo. Go ile ga nna le matswela afe?

Baebele ga e bue go le kalo ka kgang eo. Ga e bue sepe ka tumelo ya ga morwa Enoke e bong Methusela, yo o tshedileng lobaka lo loleele go gaisa batho botlhe ba mo Baebeleng mme a ile a swa ka ngwaga o Morwalela o mogolo o tlileng ka one. Methusela o ne a nna le morwa yo o bidiwang Lameke. Fa Lameke a ne a na le dingwaga di feta 100, rremogoloagwe e bong Enoke o ne a sa ntse a tshela. Mme Lameke o ne a nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong. Jehofa o ne a dira gore a porofete ka se se tla diregang ka morwa Lameke e bong Noa mme boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa morago ga Morwalela. Fela jaaka rraagwemogologolwane e bong Enoke, Noa le ene o ne a tsamaya le Modimo. Noa o ne a ise a tsamaye a kopane le Enoke. Mme Enoke o ne a mo tlogelela sekao se se molemo thata. Noa a ka tswa a ile a ithuta ka Enoke mo go rraagwe e bong Lameke, kgotsa rremogoloagwe e bong Methusela kgotsa gongwe mo go rraagwe Enoke e bong Jarede yo o neng a tlhokafala fa Noa a na le dingwaga di le 366.—Genesise 5:25-29; 6:9; 9:1.

Akanya fela kafa Enoke a neng a farologane ka gone le Adame. Le fa Adame a ne a se na boleo, ga a ka a reetsa Jehofa mme o ne a dira gore bana ba gagwe ba tsholelwe mo boleong le gore le bone ba dire se se tshwanang. Go farologana le ene, Enoke o ne a tsholetswe mo boleong mme o ne a tsamaya le Modimo le go tlhomela ditlogolwana tsa gagwe sekao sa go nna le tumelo. Adame o ne a tlhokafala fa Enoke a na le dingwaga di le 308. A ba lelapa la ga Adame ba ne ba hutsafadiwa ke loso lwa gagwe? Ga re itse. Mme gone, Enoke ene o ne a “nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.”—Genesise 5:24.

Go na le sengwe se o ka ithutang sone mo sekaong sa ga Enoke fa go tla mo kgannyeng ya go tlamela lelapa. Le fa go le botlhokwa go tlamela ba lelapa la gago ka dilo tse ba di tlhokang, go botlhokwa le go feta gore o ba rute go nna ditsala tsa Modimo. (1 Timotheo 5:8) O ka dira jalo e seng fela ka go bua mme gape le ka ditiro. Fa o tsamaya le Modimo jaaka Enoke, o tshela go ya ka melao ya gagwe, le wena o tla tlogelela ba lelapa la gago sengwe se se tlhwatlhwakgolo thata—sekao se se molemo se ba ka se latelang.

ENOKE ‘O NE A POROFETA KA BONE’

Enoke e ka tswa e ne e le ene fela motho yo o neng a na le tumelo mo Modimong ka nako eo. A Modimo wa gagwe e bong Jehofa o ne a bona tumelo ya monna yono? Ee. Letsatsi lengwe Jehofa o ne a bua le motlhanka yono wa gagwe yo o ikanyegang. Modimo o ne a naya Enoke molaetsa gore a o bolelele batho. Seo se raya gore Enoke o ne a nna moporofeti wa ntlha yo molaetsa wa gagwe o neng wa kwalwa mo Baebeleng. Re itse seno ka gonne Modimo o ne a dira gore monnawe Jesu e bong Jude a kwale mafoko ao a boporofeti dingwaga di le makgolokgolo morago ga moo. *

Boporofeti jwa ga Enoke bo ne bo reng? Bo ne bo re: “Bona! Jehofa o ne a tla le dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo, go tla go diragatsa katlholo mo go botlhe, le go supa baikepi botlhe ba le molato mabapi le ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng ka boikepo, le ka ga dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang tse baleofi ba e leng baikepi ba di buileng ka ene.” (Jude 14, 15) O tla lemoga gore Enoke o bua jaaka e kete Modimo o setse a dirile se a se porofetileng. Baporofeti ba le bantsi ba ile ba dirisa mokgwa oo fa ba porofeta. Ntlha ke gore: Moporofeti o tlhomamisegile thata ka sengwe mo a se tlhalosang jaaka e kete se setse se diragetse!—Isaia 46:10.

Enoke o ne a rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale

Enoke o ne a ikutlwa jang fa a tshwanelwa ke go isa molaetsa ono kwa bathong? Ela tlhoko kafa molaetsa ono o neng o le bokete ka gone—o umaka lefoko “baikepi le boikepo” go tlhalosa dilo tse batho ba neng ba di dira le tsela e ba neng ba di dira ka yone. Boporofeti jono bo ne bo tlhagisa batho gore lefatshe le ba neng ba nna mo go lone fa e sa le Adame le Efa ba lelekwa mo Edene, le ne le boikepo thata. Lefatshe leo le ne le tlile go lebana le masetlapelo a a botlhoko tota fa Jehofa a tla le “dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo,” e leng mophato wa gagwe wa baengele ba ba maatla, go tla go le senya. Enoke o ne a ntsha tlhagiso eo a le pelokgale mme a dira jalo a le nosi! Gongwe Lameke yo mmotlana o ne a jewa ke kgakge fa a bona bopelokgale jwa ga rremogoloagwe. Fa e le gore go jalo, re kgona go bona lebaka la go bo a ile a kgatlhwa ke seo.

Sekao sa ga Enoke se dira gore re ipotse gore a le rona re leba lefatshe leno ka tsela e Modimo a le lebang ka yone. Molaetsa wa katlholo o Enoke a neng a o itsise batho ba motlha wa gagwe ka bopelokgale, o a dira le gompieno. Jehofa o ne a dira fela jaaka Enoke a buile ka go tlisa Morwalela o mogolo o o ileng wa fedisa batho ba motlha wa ga Noa ba ba neng ba sa ikobele Modimo. Mme seo ke se se tlileng go direga mo nakong e e sa fediseng pelo. (Mathaio 24:38, 39; 2 Petere 2:4-6) Le gompieno, Modimo o eme sejaro le baengele ba gagwe ba ba boitshepo go tla go atlhola batho ba ba bosula. Rotlhe re tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso ya ga Enoke re bo re e bolelela ba bangwe. Ba losika le ditsala ba ka nna ba nna kgatlhanong le rona. Ka dinako tse dingwe re ka tswa re ikutlwa re le rosi. Jehofa ga a ka a latlha Enoke; mme le gompieno ga a kitla a latlha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang!

“O NE A FUDUSIWA GORE A SE KA A BONA LOSO”

Go ile ga diragalang ka Enoke? Loso lwa gagwe lo a gakgamatsa. Pego ya Genesise ya re: “Enoke a nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri. Morago ga moo a bo a sa tlhole a le gone, gonne Modimo o ne a mo tsaya.” (Genesise 5:24) Modimo o ne a tsaya Enoke jang? Moaposetoloi Paulo o a tlhalosa: “Ka tumelo Enoke o ne a fudusiwa gore a se ka a bona loso, mme o ne a se ka a fitlhelwa gope ka gonne Modimo o ne a mo fudusitse; gonne pele ga go fudusiwa ga gagwe o ne a na le bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle.” (Bahebera 11:5) Paulo o ne a kayang fa a re Enoke “o ne a fudusiwa gore a se ka a bona loso”? Dibaebele dingwe di a re Modimo o ne a tseela Enoke kwa legodimong. Mme seo ga se boammaaruri ka gonne Baebele ya re Jesu Keresete ke ene motho wa ntlha go tseelwa kwa legodimong fa a sena go tsosiwa mo baswing.—Johane 3:13.

Enoke ‘o ne a fudusiwa jang gore a se ka a bona loso’? Go bonala Jehofa a ile a dira gore Enoke a swe a sa utlwa botlhoko. Mme gone, Enoke o ne a na le “bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle.” Jang? Gongwe pele Enoke a swa, Modimo o ne a dira gore a bone ponatshegelo ya fa lefatshe le tla bo le fetogile paradaise. Fa Enoke a sena go bona pono eo e e bontshang gore o itumedisitse Jehofa, o ne a swa. Fa Paulo a ne a bua ka Enoke le ka banna le basadi ba ba ikanyegang, o ne a re: “Bano botlhe ba ne ba swa ba na le tumelo.” (Bahebera 11:13) Morago ga moo, baba ba ga Enoke ba ka tswa ba ile ba batla setopo sa gagwe mme ga ba a ka ba se ‘fitlhela gope,’ gongwe ka gonne Jehofa o ne a se fitlhile go ba thibela go se dirisa mo kobamelong ya maaka. *

Fa re ntse re akantse ka mabaka ao a a tswang mo Dikwalong, a jaanong re lekeng go akanya kafa Enoke a ka tswang a ile a swa ka gone. A re akanyeng ka seemo seno mme gone ga re re go diragetse jalo. Enoke o ne a sia, a setse a lapile. Baganetsi ba gagwe ba ne ba mo lelekisa ba galefisitswe ke molaetsa wa gagwe wa katlholo. Enoke o ne a bona lefelo le a ka iphitlhang le go ikhutsa mo go lone ka nakwana mme o ne a itse gore ba tlile go mo tshwara. O ne a tlile go swa loso lo lo setlhogo tota. Fa a ntse a ikhuditse, o ne a rapela. Go tswa foo, o ne a ikutlwa a imologile. Modimo o ne a dira gore a bone ponatshegelo e e neng e lebega e kete ke ya mmatota.

Enoke a ka tswa a ne a tlile go swa loso lo lo setlhogo fa Jehofa a ne a sa mo tsaya

Akanya ka se a ka tswang a ile a se bona—lefatshe le le neng le farologane gotlhelele le le a le itseng. E ne e kete o bona tshimo e ntle ya Edene mme go se na ditšheruba tse di e disitseng gore batho ba se ka ba tsena mo go yone. E ne e tletse ka banna le basadi ba ba itekanetseng ba ba matlhagatlhaga. Ba ne ba tshela ka kagiso. Batho ba ne ba ratana e bile go se ope yo o bogisang yo mongwe. Enoke o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o a mo rata e bile o a mo amogela. O ne a itse sentle gore leno e ne e tlile go nna legae la gagwe. Fa a ntse a ikutlwa a ritibetse jalo, matlho a gagwe a ne a tswalega mme a tlelwa ke boroko jo bo maatla thata.

Jehofa Modimo ga a kitla a mo lebala, o tlile go mo tsosa ka nako ya tsogo ya baswi! Fela jaaka Jesu a solofeditse, nako e e tla e mo go yone batho ba ba amogelwang ke Modimo ba tlileng go utlwa lentswe la ga Keresete mme ba tla tswa mo mabitleng, ba bula matlho go bona lefatshe le lesha le lentle le le renang kagiso.—Johane 5:28, 29.

A o ka rata go nna gone kwa lefatsheng leo? Ga go pelaelo gore o tla itumelela go kopana le Enoke. Akanya ka dilo tse di kgatlhang tse a tlileng go re bolelela tsone! O tla re bolelela se se ileng sa direga pele a swa mme re tla bona gore a se tsamaisana le tsela e re akanyang gore se diragetse ka yone. Mme go na le sengwe se re tlhokang go se ithuta mo go ene gone jaanong. Fa Paulo a sena go bua ka Enoke, o ne a re: ‘Kwantle ga tumelo ga re kgone go itumedisa Modimo sentle.’ (Bahebera 11:6) Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go etsa tumelo le bopelokgale jwa ga Enoke!

^ ser. 14 Baithuti bangwe ba Baebele ba re Jude o ne a nopola mafoko a buka nngwe ya ditlhamane e e bidiwang Book of Enoch. Le fa go sa itsiwe gore buka eo e tswa kae, bangwe ba re e kwadilwe ke Enoke. Buka eno e umaka boporofeti jwa ga Enoke jaaka bo ntse mme gone e ka tswa e bo tsere mo motsweding mongwe o o sa tlholeng o le teng gompieno, e ka tswa e le mekwalo ya bogologolo kgotsa ba utlwile mo bathong ba bogologolo. Jude a ka tswa a ile a dirisa one motswedi oo wa bogologolo kgotsa a ka tswa a ile a utlwa Jesu a bua ka Enoke e re ka Jesu a ne a le kwa legodimong fa Enoke a tshela.

^ ser. 20 Ka tsela e e tshwanang, Modimo a ka tswa a ile a tlhomamisa gore batho ga ba bone setopo sa ga Moshe le sa ga Jesu go thibela dilo tse di tshwanang le tseo.—Duteronome 34:5, 6; Luke 24:3-6; Jude 9.