Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Dipotso Tse Tharo di Fetotse Botshelo Jwa Me

Dipotso Tse Tharo di Fetotse Botshelo Jwa Me
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1949

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: UNITED STATES

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A BATLA GO ITSE GORE O TSHELELA ENG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse kwa Ancram, motsana o o kwa bokone jwa New York, U.S.A. Motse ono o na le dipolase tse dintsi. Tota e bile, dikgomo di ne di le dintsi go feta batho.

Lelapa la gaetsho le ne le tsena kereke e e neng e le yone fela mo motseng. Moso mongwe le mongwe ka Sontaga, Rremogolo o ne a phatsimisa ditlhako tsa me ke bo ke ya sekolong sa Sontaga, ke tshwere Baebele ya me e nnye e ke neng ka e newa ke mmèmogolo. Nna le bonnake re rutilwe go bereka ka natla, go tlotla baagelani, go ba thusa le go kgotsofalela dilo tse re nang le tsone.

Fa ke gola, ke ne ka tswa kwa gae mme ka nna morutabana. Ke ne ke ipotsa dipotso tse dintsi ka Modimo le ka botshelo. Bangwe ba baithuti ba me ba ne ba na le bokgoni bongwe mme ba bangwe ba se na jone mme gone ba dira ka natla. Bangwe ba ne ba golafetse fa ba bangwe bone ba ne ba itekanetse sentle. Ke ne ke akanya gore dilo ga di a tshwanela go nna jaana. Ka dinako tse dingwe batsadi bangwe ba bana ba bone ba se nang bokgoni jo bo kalo, ba ne ba tle ba bue jaana ka bana ba bone, “Ke thato ya Modimo go bo a ntse jaana.” Ke ne ke ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla bana bangwe gore ba tsholwe ba golafetse. Tota bana bano ga ba a dira sepe se se phoso.

Gape ke ne ke ipotsa gore, ‘Nka dirang gore ke thuse batho ba bangwe?’ E ne e kete nako e tsamaya ka bonako. Ke goletse mo lelapeng le le siameng, ka tsena sekolo sa maemo mme jaanong ke ne ke dira tiro e ke e ratang. Mme gone, ke ne ke sa itse gore ke tshelela eng. Ke ne ke batla go nyalwa, ke nne le ntlo e ntle le bana, ke bereke go fitlha ke tlogela tiro, go tswa foo ke fudugele kwa lefelong le go tlhokomelwang batsofe kwa go lone. Ke ne ke ipotsa gore a go sengwe gape se nka se dirang.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Nako nngwe ka selemo, nna le barutabana ba bangwe re ne ra etela Yuropa. Re ne ra ya kwa Westminster Abbey, Notre-Dame de Paris, kwa Vatican le kwa dikerekeng tse dintsi tse dinnye. Gongwe le gongwe kwa ke neng ke ya gone, ke ne ke botsa dipotso. Fa re boela gae kwa Sloatsburg, kwa New York, ke ne ka etela dikereke di le mmalwa. Mme go ne go se ope yo o neng a kgona go araba dipotso tsa me.

Letsatsi lengwe, moithuti mongwe wa dingwaga di le 12 o ne a mpotsa dipotso tse tharo. Sa ntlha, o ne a mpotsa gore a ke ne ke itse gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka re, ee. Sa bobedi, o ne a mpotsa gore a ke batla go itse mo go oketsegileng ka Basupi ba ga Jehofa. Le fano ka re, ee. Sa boraro, a mpotsa gore ke nna kae. Fa ke mmolelela aterese ya me, re ne ra lemoga gore ga ke nne kgakala le kwa gabone. Ke ne ke sa lemoge gore dipotso tseo tse tharo di tla fetola botshelo jwa me go ya go ile.

Go ise go ye kae, o ne a tla ka baesekele kwa go nna go tla go ntshwarela thuto ya Baebele. Ke ne ka mmotsa dipotso tse ke neng ke tle ke di botse baruti ba bantsi. Go farologana le bone, o ne a mpontsha dikarabo tse di utlwalang le tse di kgotsofatsang go tswa mo Baebeleng—dikarabo tse ke iseng ke tsamaye ke di bone!

Ke ne ke itumela e bile ke kgotsofadiwa ke se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng. Johane wa ntlha, kgaolo 5:19 e e reng: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo” e ne ya nkama pelo thata fa ke e bala. Ke ne ka lemoga gore Satane ke ene a bakang kutlobotlhoko yotlhe e re e bonang e seng Modimo, le gore Modimo o tla baakanya dilo tseno tsotlhe. (Tshenolo 21:3, 4) Ke lemogile gore Baebele e a utlwala fa motho a e tlhalosediwa sentle. Le fa Mosupi yo o neng a nthuta Baebele a ne a le dingwaga di le 12 fela, ke ne ka ipolelela gore boammaaruri ke boammaaruri go sa kgathalesege gore bo buiwa ke mang.

Mme ke ne ke batla go bona gore a Basupi ba dira se ba se buang. Ka sekai, mosetsanyana yono o ne a gatelela gore Bakeresete ba boammaaruri ba pelotelele e bile ba pelontle. (Bagalatia 5:22, 23) Ke ne ke batla go bona gore a ene o ntse jalo. Letsatsi lengwe, ke ne ka goroga thari ka boomo kwa lapeng. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘A ke tla mo fitlhela a ntetile? Fa go le jalo, a o tla nkgalefela ka go bo ke gorogile thari?’ Fa ke tsena mo jarateng, ke ne ka fitlhela a ntse mo ditepising tsa ntlo. O ne a taboga a tla mo koloing, a bo a re: “Ke batlile ke ya gae go ya go kopa mama gore a founele maokelo le mapodise go tlhomamisa gore a o siame ka gonne ga nke o nna thari. Ke ne ke tshwenyegile tota ka wena!”

Nako nngwe ke ne ka mmotsa potso e ke neng ke akanya gore ngwana wa dingwaga tse 12 a ka se kgone go e araba. Ke ne ke batla go bona gore a o tla itlhamela karabo. Fa ke sena go mmotsa, o ne a nteba a bo a re: “O mpoditse potso e e thata tota. Ke tla e kwala mme ke botse batsadi ba me.” Fa a boa gape, o ne a tla ka Tora ya Tebelo e e neng e araba potso eo. Ke sone se ke neng ke se rata ka Basupi—dikgatiso tsa bone di ne di na le dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tsa me tsotlhe. Ke ne ka tswelela ke ithuta le mosetsanyana yono, mme ngwaga morago ga foo ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. *

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Fa ke sena go bona dikarabo tsa dipotso tsa me, ke ne ke batla go bolelela ba bangwe ka tsone. (Mathaio 12:35) Kwa tshimologong, ba lelapa la gaetsho ba ne ba le kgatlhanong le dilo tse disha tse ke neng di dumela. Mme fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba fetoga. Pele mmè a tlhokafala, o ne a setse a simolotse go ithuta Baebele. Le fa gone a ile a tlhokafala pele a kolobediwa, ke a itse gore o ne a batla go direla Jehofa.

Ka 1978, ke ne ka nyalwa ke Mosupi mongwe e bong Elias Kazan. Ka 1981, nna le Elias re ne ra lalediwa go nna maloko a lelapa la Bethele ya United States. * Ka maswabi, morago ga dingwaga di le nnè re direla koo Elias o ne a tlhokafala. Le fa ke ne ke le motlholagadi, ke ne ka tswelela ke direla kwa Bethele mme seo sa nthusa gore ke tlhome mogopolo mo tirong e ke neng ke e dira sa bo sa dira gore ke kgotsofale.

Ka 2006, ke ne ka nyalwa ke Richard Eldred yo le ene a neng a le kwa Bethele. Nna le Richard re ntse re itumelela go direla Jehofa mo Bethele. Go itse boammaaruri ka Modimo go dirile gore ke bone dikarabo tsa dipotso tsa me ke bo ke itse gore ke tshelela eng—mme seno se simologile fa mosetsanyana yo mmotlana a ne a mpotsa dipotso tse tharo.

^ ser. 16 Mosetsana yono le bomogoloe ba thusitse barutabana ba bone ba batlhano go simolola go ithuta Baebele le go direla Jehofa.

^ ser. 18 Lefoko “Bethele,” le le kayang “Ntlo ya Modimo” le dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa fa ba bua ka dikago tsa bone tsa makala tse di mo lefatsheng lotlhe. (Genesise 28:17, 19) Batho ba ba nnang kwa Bethele ba dira ditiro tse di farologaneng tse di thusang mo tirong ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa.