Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO YA BOSOMEAMABEDITHARO

O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe

O ne A Ithuta go Itshwarela mo go Mong wa Gagwe

1. Nako e e utlwisang botlhoko go gaisa mo botshelong jwa ga Petere e ka tswa e ne e le efe?

PETERE o ne a se kitla a lebala nako eo e e utlwisang botlhoko ya fa ene le Jesu ba ne ba lebanya difatlhego. A tsela e Jesu a neng a mo lebile ka yone e ne e bontsha gore o swabile kgotsa o mo galefetse? Ga re a tlhomamisega ka seo; pego e e tlhotlheleditsweng e re bolelela fela gore “Morena a retologa a leba Petere.” (Luke 22:61) Mme tsela e Jesu a ileng a mo gebenya ka yone e ne ya bontsha Petere bomasisi jwa se a se dirileng. O ne a lemoga gore o dirile se Jesu a ileng a se bolelela pele, sone se a neng a ikana gore a ka se se dire—o ne a itatotse Mong wa gagwe yo o rategang. Petere o ne a welwa ke khutsafalo e kgolo, gongwe e ne ya nna letsatsi le le bosula go a gaisa otlhe mo botshelong jwa gagwe.

2. Ke thuto efe e Petere a neng a tshwanetse go ithuta yone, mme kgang ya gagwe e ka re solegela molemo jang?

2 Le fa go ntse jalo, boemo jo Petere a neng a le mo go jone bo ne bo ka baakanngwa. E re ka Petere a ne a na le tumelo e e nonofileng, o ne a sa ntse a na le tshono ya go baakanya diphoso tsa gagwe le go ithuta nngwe ya dithuto tse dikgolo tsa ga Jesu. Thuto eo e ne e amana le go itshwarela. Rotlhe re tlhoka go ithuta thuto eno, ka jalo a re boneng kafa Petere a ileng a e ithuta ka gone.

Monna yo o Neng a Tshwanetse go Ithuta go le Gontsi

3, 4. (a) Petere o ne a botsa Jesu potso efe, mme a ka tswa a ne a akantse eng? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore Petere o tlhotlheleditswe ke moya o o neng o aname mo motlheng oo?

3 Mo e ka nnang dikgwedi di le thataro pelenyana kwa motseng wa gaabo Petere wa Kaperenama, Petere o ne a tla kwa go Jesu mme a mmotsa jaana: “Morena, morwarre o tshwanetse go nteofela makgetlo a le kae gore ke mo itshwarele? Go fitlha go makgetlo a le supa?” Gongwe Petere o ne a akanya gore o pelotshweu. Tota e bile baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo ba ne ba ruta gore motho o tshwanetse go itshwarela yo mongwe makgetlo a le mararo fela! Jesu o ne a mo araba a re: “E seng, go fitlha go makgetlo a le supa, mme, go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.”—Math. 18:21, 22.

4 A Jesu o ne a raya gore Petere o tshwanetse go bala diphoso tsotlhe tse motho a mo diretseng tsone? Nnyaa, go na le moo, fa a fetola makgetlo a le supa a ga Petere go nna makgetlo a le 77, o ne a raya gore lorato lo dira gore re se ka ra baya palo e re tshwanetseng go itshwarela ba bangwe ka yone. (1 Bakor. 13:4, 5) Jesu o ne a bontsha Petere gore o ne a tlhotlheleditswe ke moya wa go nna peloethata le wa go sa itshwarele o o neng o aname mo motlheng oo, wa go bala gore o itshwarela motho ga kae jaaka e kete o kwala molato wa gagwe mo bukeng ya dikoloto. Le fa go ntse jalo, ba ba batlang go etsa Modimo ba tshwanetse go iketleeletsa go itshwarela ba bangwe gantsi ka mo go ka kgonegang ka gone.—Bala 1 Johane 1:7-9.

5. Gantsi ke leng re bonang botlhokwa jwa go itshwarela?

5 Petere ga a ka a ngangisana le Jesu. A mme gone thuto ya ga Jesu e ile ya mo ama? Ka dinako tse dingwe re bona botlhokwa jwa go itshwarela fa le rona re tlhoka gore ba bangwe ba re itshwarele. Jaanong a re tlotleng ka ditiragalo tse di neng tsa direga pele ga loso lwa ga Jesu. Mo diureng tseo tse di thata, Petere o ne a dira diphoso di le dintsi tse Mong wa gagwe a neng a tlhoka go mo itshwarela tsone.

Jesu O ne A Itshwarela Petere ka Makgetlo a le Mantsi

6. Petere o ne a dira eng fa Jesu a ne a ba ruta go nna boikokobetso, mme Jesu o ne a mo tshwara jang?

6 E ne e le maitseboa a a sa lebalesegeng—bosigo jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng. Jesu o ne a sa ntse a na le dilo di le dintsi go di ruta baaposetoloi ba gagwe—ka sekai, thuto ka ga boikokobetso. O ne a ba tlhomela sekao sa go nna boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao, e leng tiro e e neng e dirwa ke batlhanka ba maemo a a kwa tlase. Kwa tshimologong Petere o ne a botsa Jesu gore a o tlile go mo tlhapisa dinao. Go tswa foo, o ne a gana gore Jesu a mo tlhapise dinao. Morago ga moo, Petere o ne a pateletsa Jesu gore a se ka a mo tlhapisa dinao fela mme a mo tlhapise diatla le tlhogo! Jesu ga a ka a mo felela pelo, go na le moo, o ne a bua le ene a ritibetse mme a mo tlhalosetsa botlhokwa le bokao jwa se a neng a se dira.—Joh. 13:1-17.

7, 8. (a) Petere o ile a leka bopelotelele jwa ga Jesu ka ditsela dife tse dingwe? (b) Jesu o ne a tswelela a bontsha jang bopelonomi le moya wa go itshwarela?

7 Moragonyana fela ga foo, Petere o ne a leka bopelotelele jwa ga Jesu gape. Baaposetoloi ba ne ba simolola go ngangisana ka gore ke mang mo go bone yo mogolo mme Petere o ne a nna le seabe mo tiragalong eo e e tlhabisang ditlhong e e bontshang boikgogomoso. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba kgalemela ka bopelonomi mme a ba akgolela dilo tse di molemo tse ba ileng ba di dira; ba ile ba bontsha go ikanyega mo go Mong wa bone. Mme gone, o ne a bolelela pele gore botlhe ba ne ba tla mo tlogela. Petere o ne a re ene ga a kitla a tlogela Jesu, tota le fa a ka lebana le loso. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela pele gore mo go jone bosigo joo, pele mokoko o lela gabedi, Petere o tla bo a itatotse Mong wa gagwe makgetlo a le mararo. Petere ga a ka a ganetsa fela se Jesu a neng a se bua mme gape o ile a bo a ipelafatsa ka gore o tla ikanyega go feta baaposetoloi ba bangwe botlhe!—Math. 26:31-35; Mar. 14:27-31; Luke 22:24-28; Joh. 13:36-38.

8 A jaanong Jesu o ne a le gaufi le go felela Petere pelo? Tota le mo nakong eo e e thata, Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa baaposetoloi ba gagwe ba ba sa itekanelang. O ne a itse gore Petere o tla mo itatola, mme gone Jesu o ne a re: “Ke go diretse mokokotlelo gore o se ka wa felelwa ke tumelo; le wena, fa fela o sena go boa, nonotsha bakaulengwe ba gago.” (Luke 22:32) Mafoko ano a bontsha gore Jesu o ne a tlhomamisegile gore Petere o tla ikwatlhaela phoso ya gagwe mme a boe a dire kabelo ya gagwe ka boikanyegi. Ruri o ne a le pelonomi e bile a na le moya wa go itshwarela!

9, 10. (a) Petere o ne a tlhoka go kgalemelelwa eng fa ba le kwa tshimong ya Gethesemane? (b) Diphoso tsa ga Petere di re gopotsa eng?

9 Moragonyana kwa tshimong ya Gethesemane, Petere o ne a tshwanelwa ke go kgalemelwa makgetlo a le mmalwa. Jesu o ne a kopa gore Petere, Jakobe le Johane ba nne ba disitse fa ene a ntse a rapela. O ne a hutsafetse thata mme a tlhoka go engwa nokeng, le fa go ntse jalo, Petere le ba bangwe ba ne ba nnela go robala. Jesu o ne a tlhaloganya lebaka la go bo ba robetse mme a ba itshwarela, ke gone ka moo a ileng a re: “Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Mar. 14:32-41.

10 Go ise go ye kae, go ne ga goroga segopa sa batho, ba tshotse dirumola mme ba tlhometse ka ditšhaka le melamu. Jaanong eno e ne e le nako ya go nna kelotlhoko le go dira dilo ka botlhale. Le fa go ntse jalo, Petere ga a ka a senya nako, o ne a kgatikanya tšhaka gaufi le tlhogo ya ga Maleko, mongwe wa batlhanka ba moperesiti yo mogolo mme a mo kgaola tsebe. Jesu o ne a kgalemela Petere a ritibetse, a fodisa tsebe ya ga Maleko, mme a tlhalosa molaomotheo o o sa ntseng o kaela balatedi ba gagwe le gompieno wa go se dire thubakanyo. (Math. 26:47-55; Luke 22:47-51; Joh. 18:10, 11) Petere o ne a setse a dirile diphoso di le dintsi tse di neng di tlhoka gore Mong wa gagwe a mo itshwarele. Diphoso tsa gagwe di re gopotsa gore rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. (Bala Jakobe 3:2.) Ke mang mo go rona yo letsatsi le letsatsi a sa tlhokeng gore Modimo a mo itshwarele? Le fa go ntse jalo, Petere o ne a tlile go nna le bosigo jo boleele. O ne a sa ntse a tlile go dira diphoso tse dingwe gape tse di masisi.

Phoso e Kgolo e Petere a Ileng a e Dira

11, 12. (a) Petere o ne a bontsha jang gore o pelokgale fa Jesu a sena go tshwarwa? (b) Ke ka tsela efe Petere a ileng a palelwa ke go dira se a neng a ipolela gore o tla se dira?

11 Jesu o ne a bolelela segopa seo sa batho gore fa e le gore ba batla ene, ba tlogele baaposetoloi ba gagwe ba tsamaye. Petere o ne a lebile a sa kgone go dira sepe fa segopa seo se tshwara Jesu. Morago ga moo, o ne a tshaba fela jaaka baaposetoloi ba bangwe.

12 Petere le Johane ba ka tswa ba ile ba ema gaufi le ntlo ya ga Anase, yo e kileng ya bo e le Moperesiti yo Mogolo, e leng ntlo e Jesu a neng a isiwa kwa go yone pele gore a ye go botsolodiwa. Fa ba isa Jesu kwa lefelong le lengwe, Petere le Johane ba ne ba ba sala morago ba tsamaela “kgakajana.” (Math. 26:58; Joh. 18:12, 13) Petere e ne e se legatlapa. Ruri go ne ga tlhokega bopelokgale jo bo seng kana ka sepe gore a sale segopa seo morago. Segopa seo se ne se tlhometse mme Petere o ne a setse a gobaditse mongwe wa bone. Le fa go ntse jalo, fano Petere ga a bontshe lorato lo lo ikanyegang lo a neng a ipolela gore o na le lone—go ikemisetsa go swa le Mong wa gagwe fa go tlhokega.—Mar. 14:31.

13. Tsela e le nngwe fela ya go latela Keresete ka botlalo ke efe?

13 Fela jaaka Petere, gompieno batho ba le bantsi ba batla go latela Keresete ba le “kgakajana”—ka tsela e e ka se kang ya lemogiwa ke ope. Mme fela jaaka Petere a ile a kwala moragonyana, tsela e le nngwe fela ya go latela Keresete ka botlalo ke ka go nna gaufiufi le ene ka mo re ka kgonang ka gone, re etsa sekao sa gagwe mo dilong tsotlhe, go sa kgathalasege ditlamorago tsa seo.—Bala 1 Petere 2:21.

14. Petere o ne a tsamaisa nako jang mo bosigong jo Jesu a neng a sekisiwa mo go jone?

14 Petere o ne a sala Jesu morago a le kelotlhoko go fitlha ba goroga kwa kgorong ya ntlo nngwe e kgolo kwa Jerusalema. E ne e le ntlo ya ga Kaiafase, moperesiti yo mogolo yo o neng a humile thata e bile a na le tlhotlheletso e kgolo mo setšhabeng. Gantsi matlo a a ntseng jalo a ne a agiwa go dikologa lolwapa, mme kgoro e le kwa pele. Petere o ne a goroga fa kgorong mme ga a ka a letlelelwa go tsena. Johane, yo o neng a setse a tsene mo teng mme a itse moperesiti yo mogolo, o ne a tla go kopa motlhokomedi gore a bulele Petere. Go bonala Petere a sa ka a tsamaya le Johane; e bile ga a ka a leka go tsena mo ntlong gore a eme go bapa le Mong wa gagwe. O ne a nna mo lolwapeng, kwa batlhanka le badiredi bangwe ba neng ba ntse ba tsamaisa nako mo bosigong joo jo bo tsididi ka go ikomosa mo molelong o mogolo, a ntse a lebile fa basupi ba maaka ba ba supang kgatlhanong le Jesu ba ntse ba tsena ba tswa fa tsheko e ntse e tsweletse mo teng.—Mar. 14:54-57; Joh. 18:15, 16, 18.

15, 16. Tlhalosa gore boporofeti jwa ga Jesu jwa gore Petere o tla mo itatola gararo bo ne jwa diragadiwa jang.

15 E re ka molelo oo o ne o dira gore go nne lesedi, mosetsana yo o neng a buletse Petere kgoro o ne a kgona go mmona sentle. O ne a mo lemoga. Mme a bua jaana a mo latofatsa: “Le wena o ne o na le Jesu wa Mogalalea!” E re ka Petere a ne a sa lebelela seo, o ne a itatola a re ene ga a itse Jesu—le gore ga a tlhaloganye se mosetsana yoo a buang ka sone. O ne a ya go ema gaufi le kgoro, a leka go iphitlha gore batho ba se ka ba mmona, le fa go ntse jalo, mosetsana yo mongwe o ne a mo lemoga mme a re: “Monna yono o ne a na le Jesu wa Monasaretha.” Petere o ne a ikana a re: “Ga ke itse monna yono!” (Math. 26:69-72; Mar. 14:66-68) Gongwe fa Petere a sena go itatola Jesu lekgetlo la bobedi o ne a utlwa mokoko o lela, mme o ne a iteegile tsebe jaana mo a neng a sa gopole boporofeti jo Jesu a neng a bo buile diura di le mmalwa pele ga foo.

16 Nakwana morago ga moo, Petere o ne a ntse a leka ka natla gore batho ba se ka ba mo lemoga. Mme setlhopha sa batho ba ba neng ba eme go dikologa lolwapa se ne sa atamela. Mongwe wa bone e ne e le wa losika lwa ga Maleko, motlhanka yo Petere a ileng a mo gobatsa. O ne a raya Petere a re: “Ke go bone kwa tshingwaneng le ene, a ga go jalo?” Petere o ne a ikutlwa a patelesega go ba tlhomamisetsa gore ba fositse. Ka jalo, o ne a ikana, a bua phatlalatsa gore a hutsiwe fa e le gore o bua maaka. Leo e ne e le lekgetlo la boraro a itatola Jesu. Fela fa a sena go bua, ke fa mokoko o lela—e le lekgetlo la bobedi Petere a o utlwa mo bosigong joo.—Joh. 18:26, 27; Mar. 14:71, 72.

“Morena a retologa a leba Petere”

17, 18. (a) Petere o ne a itshwara jang fa a lemoga kafa a utlwisitseng Mong wa gagwe botlhoko thata ka gone? (b) Petere a ka tswa a ne a akanya eng?

17 Jesu o ne a sa tswa go ema mo mathuding a a lebaganeng le lolwapa. Jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya kgaolo eno, ka yone nako eo, ene le Petere ba ne ba lebanya difatlhego. Petere o ne a lemoga kafa a utlwisitseng Mong wa gagwe botlhoko thata ka gone. Mme a tswa mo lolwapeng, pelo ya gagwe e rotha madi fa a akanya se a se dirileng Mong wa gagwe. O ne a leba kwa mebileng ya motse, a boneseditswe tsela ke ngwedi o o tletseng o o neng o tloga o kotlomela. O ne a itshekile dikeledi. A sa bone le fa a tsamayang teng. Mme o ne a thubega ka selelo.—Mar. 14:72; Luke 22:61, 62.

18 Fa motho a sena go lemoga bomasisi jwa phoso e a e dirileng, go motlhofo go akanya gore boleo jo a bo dirileng bo maswe thata mo a ka se kang a itshwarelwa. Gongwe Petere o ne a akanya gore Jesu ga a kitla a mo itshwarela. A go ne go ntse jalo?

A Petere O ne A ka Se Itshwarelwe?

19. Petere o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa jang ka phoso e a e dirileng, mme gone re itse jang gore ga a ka itlhoboga?

19 Petere o tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko le go feta mo letsatsing le le latelang fa a bona se se diragaletseng Jesu. Ruri o tshwanetse a bo a ile a ikgalefela tota fa mo thapameng eo Jesu a swa a sena go tlhokofadiwa ka diura di le dintsi! Petere o tshwanetse a bo a ile a hutsafala fa a ntse a gopola kafa a ileng a okeletsa Mong wa gagwe kutlobotlhoko ka gone mo letsatsing leo la gagwe la bofelo mo lefatsheng. Le fa gone Petere a ne a hutsafetse thata jalo, ga a ka a itlhoboga. Re itse seno ka gonne Baebele ya re go ise go ye kae o ne a kopane gape le barutwa ba bangwe. (Luke 24:33) Ga go pelaelo gore baaposetoloi botlhe ba ne ba ikwatlhaela tsela e ba neng ba itshwara ka yone mo bosigong joo jo bo thata, ka jalo ba ne ba gomotsana.

20. Re ka ithuta eng mo go Petere ka nako ya fa a ne a dira tshwetso e e botlhale?

20 Jaanong re bona Petere a dira nngwe ya ditshwetso tse di botlhale. Fa motlhanka wa ga Jehofa a dira sotlhe se a ka se kgonang go baakanya phoso e a e dirileng, Modimo a ka mo itshwarela, go sa kgathalesege gore phoso eo e masisi go le kana kang. (Bala Diane 24:16.) Petere o ne a bontsha gore tota o na le tumelo ka go ya go kopana le bakaulengwe ba gagwe le fa a ne a tshwenyegile mo maikutlong. Fa motho a kgobegile marapo kgotsa a ikwatlhaela sengwe, a ka nna a batla go nna a le nosi, mme go dira jalo go kotsi. (Dia. 18:1) Go ka nna molemo gore o atamalane le badumedikawena gore o nne gape le nonofo e o e tlhokang go direla Modimo.—Baheb. 10:24, 25.

21. E re ka Petere a ne a na le barutwa ba bangwe, o ne a utlwa dikgang dife?

21 E re ka Petere a ne a na le bakaulengwe ba gagwe, o ne a utlwa pego e e tshosang ya gore mmele wa ga Jesu ga o yo mo lebitleng. Petere le Johane ba ne ba tabogela kwa lebitleng le Jesu a neng a fitlhilwe mo go lone le ba neng ba itse kgoro ya lone e tswetswe. Johane, yo go bonalang e ne e le ene yo mmotlana, o ne a goroga pele. Fa a bona kgoro ya lebitla e butswe, o ne a etsaetsega. Petere ene ga a ka a dira jalo. Le fa a ne a fegetswe ka gonne a ne a tla a tabogile, o ne a tlhamalalela kwa lebitleng. Le ne le le lolea!—Joh. 20:3-9.

22. Ke eng se se neng sa nyeletsa khutsafalo le dipelaelo tsotlhe tsa ga Petere?

22 A Petere o ne a dumela gore Jesu o tsositswe mo baswing? E seng kwa tshimologong, tota le fa basadi ba ba ikanyegang ba ne ba mmegela gore baengele ba ne ba bonala kwa go bone go ba itsise gore Jesu o tsositswe mo baswing. (Luke 23:55–24:11) Mme kwa bofelong jwa letsatsi leo, khutsafalo ya ga Petere le dipelaelo tsa gagwe di ne di fedile. Jesu o ne a tshela mme jaanong e le sebopiwa se se maatla sa moya! O ne a iponatsa mo baaposetoloing botlhe ba gagwe. Le fa go ntse jalo, pele ga moo o ne a iponatsa kwa go Petere a le nosi. Mo letsatsing leo baaposetoloi ba ne ba re: “Ammaaruri Morena o tsositswe mme o bonetse kwa go Simone!” (Luke 24:34) Moragonyana moaposetoloi Paulo le ene o ne a kwala ka letsatsi leo le le gakgamatsang le Jesu ‘a neng a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi.’ (1 Bakor. 15:5) Maina a mangwe a ga Petere ke Kefase le Simone. Jesu o ne a bonala kwa go ene mo letsatsing leo—ka nako eo Petere o ne a le nosi.

Petere o ne a dira diphoso di le dintsi tse Mong wa gagwe a neng a tlhoka go mo itshwarela tsone, mme ke mang mo go rona yo o sa tlhokeng go itshwarelwa letsatsi le letsatsi?

23. Ke eng fa gompieno Bakeresete ba ba welang mo boleong ba tshwanetse go gopola kgang ya ga Petere?

23 Baebele ga e bue sepe ka nako eo e e amang maikutlo ya fa Jesu le Petere ba kopana gape. Ke Jesu le Petere fela ba ba itseng. Akanya kafa Petere a neng a amegile maikutlo ka gone fa a bona Morena wa gagwe yo o rategang a tshela gape mme a nna le tshono ya go mo tlhalosetsa kafa a utlwileng botlhoko le kafa a ikwatlhayang ka gone. Se a neng a se tlhoka go feta le fa e le eng, e ne e le gore a itshwarelwe. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a mo itshwarela a gololesegile. Gompieno Bakeresete ba ba welang mo boleong ba tshwanetse go gakologelwa se se neng sa diragalela Petere. Le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore Modimo ga a ka ke a re itshwarela. Jesu o ne a etsa Rraagwe, yo ‘o tla itshwarelang ka tsela e kgolo.’—Isa. 55:7.

Bosupi jo bo Oketsegileng Jwa Gore o Itshwaretswe

24, 25. (a) Tlhalosa gore go ne go ntse jang mo bosigong jo Petere a neng a ile go tshwara ditlhapi mo Lewatleng la Galalela. (b) Petere o ne a itshwara jang fa Jesu a dira kgakgamatso mo mosong wa letsatsi le le latelang?

24 Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe gore ba ye kwa Galalea kwa a neng a tla kopana gape le bone gone. Fa ba goroga, Petere o ne a ya go tshwara ditlhapi mo Lewatleng la Galalea. Ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba tsamaya le ene. Petere o ne a iphitlhela gape a le mo letsheng le a neng a tle a fetse nako e ntsi a le mo go lone pele a nna molatedi wa ga Jesu. E re ka e kile ya bo e le motshwaraditlhapi, dilo tse a neng a di bona le tse di neng di direga fa a ile go tshwara ditlhapi kwa letsheng, e tshwanetse ya bo e ne e le tse a di itseng e bile di mo gomotsa. Banna bano ga ba a ka ba tshwara sepe bosigo joo jotlhe.—Math. 26:32; Joh. 21:1-3.

Petere o ne a tlola mo mokorong mme a thuma a ya kwa lotshitshing

25 Mme ka masa ba ne ba utlwa mongwe a ba bitsa a le kwa lotshitshing mme a ba raya a re ba latlhele matloa a bone ka fa letlhakoreng le lengwe la mokoro. Ba ne ba mo reetsa mme ba kgona go tshwara ditlhapi di le 153! Petere o ne a itse gore motho yoo ke mang. O ne a tlola mo mokorong mme a thuma a ya kwa lotshitshing. Fa ba le kwa lotshitshing, Jesu o ne a naya ditsala tseno tsa gagwe tse di ikanyegang tlhapi e e besitsweng mo magaleng. O ne a tlhoma mogopolo mo go Petere.—Joh. 21:4-14.

26, 27. (a) Ke tshono efe e Jesu a neng a e naya Petere makgetlo a le mararo? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore o itshwaretse Petere ka botlalo?

26 Jesu o ne a botsa Petere gore a o rata Morena wa gagwe “go feta tseno”—go bonala a ne a supile ditlhapi tse dintsintsi tse ba neng ba di tshwere. A Petere o ne a tla rata kgwebo ya go tshwara ditlhapi go feta tsela e a neng a rata Jesu ka yone? Fela jaaka Petere a ile a itatola Morena wa gagwe gararo, jaanong Jesu o ne a mo naya tshono ya go tlhomamisa ka makgetlo a le mararo gore o a mo rata mme a bua fa pele ga ditsala tsa gagwe. Fa Petere a sena go dira jalo, Jesu o ne a mmolelela kafa a tshwanetseng go bontsha lorato loo ka gone: ka go dira gore tirelo e e boitshepo e tle pele ga dilo tsotlhe tse dingwe, a fudise, a nonotshe le go disa letsomane la ga Keresete, e leng balatedi ba Gagwe ba ba ikanyegang.—Luke 22:32; Joh. 21:15-17.

27 Ka jalo Jesu o ne a tlhomamisa gore ene le Rraagwe ba ne ba sa ntse ba tla dirisa Petere. O ne a tlile go nna le seabe sa botlhokwa mo phuthegong a kaelwa ke Keresete. Ruri jono ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jesu o itshwarela ka botlalo! Ga go pelaelo gore Petere o ne a lebogela go bo Jesu a mo itshwaretse mme a ithuta mo phosong ya gagwe.

28. Ke ka tsela efe Petere a ileng a tshela go dumalana le leina la gagwe?

28 Petere o ne a dira kabelo ya gagwe ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi. O ne a nonotsha bakaulengwe ba gagwe fela jaaka Jesu a ne a mo laetse pele ga loso lwa Gagwe. Petere o ne a dira ka bopelotelele le bopelonomi fa a disa le go fudisa balatedi ba ga Keresete. Simone o ne a tshela go dumalana le leina le Jesu a neng a mo neile lone—Petere kgotsa Lefika—ka go nna le tumelo e e nonofileng, go ikanyega le go nna le tlhotlheletso e e molemo mo phuthegong. Bosupi jwa seo bo bonala mo makwalong a mabedi a a kgothatsang a Petere a neng a a kwala, a a neng a nna dibuka tsa botlhokwa tsa Baebele. Makwalo ao le one a bontsha gore Petere ga a ka a lebala thuto e a neng a e ithutile mo go Jesu ka go itshwarela.—Bala 1 Petere 3:8, 9; 4:8.

29. Re ka etsa jang tumelo ya ga Petere le boutlwelobotlhoko jwa Mong wa gagwe?

29 E kete le rona re ka ithuta thuto eo. A letsatsi le letsatsi re kopa Modimo gore a re itshwarele diphoso tse dintsi tse re di dirang? A re dumela gore Modimo o tla re itshwarela le gore boitshwarelo jwa gagwe bo na le maatla a go phimola maleo a rona? A le rona re itshwarela batho ba bangwe? Fa re dira jalo, re tla bo re etsa tumelo ya ga Petere—le boutlwelobotlhoko jwa Mong wa gagwe.