Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO YA BORARO

“Rre wa Botlhe ba ba Nang le Tumelo”

“Rre wa Botlhe ba ba Nang le Tumelo”

1, 2. Lefatshe le ile la fetoga jang go tloga ka motlha wa ga Noa, mme Aberame o ne a ikutlwa jang ka seo?

ABERAME o ne a ntse a lebile kwa godimo, mme a leba ntlheng ya tempele nngwe e e goletseng kwa godimo ya mo motseng wa gaabo wa Ure. * Go ne go tsogile modumo koo, e bile go na le mosi o ntseng o tlhatloga. Baperesiti ba modimo wa ngwedi ba ne ba ntsha ditlhabelo gape. A ko o bone ka leitlho la mogopolo Aberame a retologa a bo a tshikinya tlhogo, a sosobantse sefatlhego. Fa a le mo tseleng a ya gae a raletse batho ba bantsintsi mo mebileng, o tshwanetse a bo a ne a akanya ka kobamelo ya medingwana e e anameng mo Ure. Ruri kobamelo eo e e makgapha e e simologileng mo motlheng wa ga Noa e ne e aname tota!

2 Noa o ne a swa dingwaga di le pedi fela pele Aberame a tsholwa. Fa Noa a ne a tswa mo arakeng le ba lelapa la gagwe morago ga Morwalela o mogolo, tlhogo eo ya lotso e ne ya ntshetsa Jehofa Modimo setlhabelo, mme Jehofa a dira gore go nne le motshe wa godimo. (Gen. 8:20; 9:12-14) Ka nako eo, kobamelo e e itshekileng e ne e le yone fela mo lefatsheng. Mme jaanong, ka nako e go neng go tshela kokomana ya bolesome go tswa kwa go Noa, baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba le mmalwa fela. Batho gongwe le gongwe ba ne ba obamela medimo ya boheitane. Tota le rraagwe Aberame e bong Tera, o ne a obamela medingwana, gongwe e bile a dira medingwana eo.—Josh. 24:2.

Ke ka tsela efe Aberame a ileng a nna sekao se se tlhomologileng sa tumelo?

3. Fa Aberame a ntse a gola, o ne a nna le nonofo efe e e tlhomologileng, mme re ka ithuta eng mo go seo?

3 Aberame o ne a farologane thata le batho ba a neng a tshela le bone ka ntlha ya tumelo ya gagwe mo Modimong. Tota e bile, moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go mmitsa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo”! (Bala Baroma 4:11.) Mma re bone gore ke eng se se neng sa thusa Aberame gore tumelo ya gagwe e nonofe. Le rona re ka ithuta go le gontsi malebana le kafa tumelo ya rona e ka nonofang ka gone.

Go Direla Jehofa Morago ga Morwalela

4, 5. Aberame a ka tswa a ithutile ka Jehofa mo go mang, mme ke eng fa re ka rialo?

4 Go tlile jang gore Aberame a ithute ka Jehofa Modimo? Re itse gore Jehofa o ne a na le batlhanka ba ba ikanyegang mo lefatsheng mo motlheng oo. Sheme e ne e le mongwe wa bone. Le fa gone e se ene leitibolo mo go bomorwa Noa ba bararo, gantsi go umakiwa ene pele. Gongwe ke ka gonne a ne a na le tumelo e e tlhomologileng. * Nako nngwe morago ga Morwalela, Noa o ne a bitsa Jehofa a re ke “Modimo wa ga Sheme.” (Gen. 9:26) Sheme o ne a tlotla Jehofa le kobamelo e e itshekileng.

5 A Aberame o ne a itse Sheme? Go bonala jalo. Akanya ka Aberame e le mosimanyana. O tshwanetse a bo a ne a itumelela go itse gore o na le mogologolwane yo o neng a tshela dingwaga tse di fetang 400! Sheme o ne a bone bosula jo bo neng bo le gone mo lefatsheng pele ga Morwalela, a bona Morwalela o o neng wa fedisa batho ba ba boikepo, a bona fa batho ba ntsifala mo lefatsheng e bile o ne a bona le nako e e sa itumediseng ya botsuolodi jwa ga Nimerode kwa Toreng ya Babele. Sheme yo o ikanyegang ga a ka a nna le seabe mo botsuoloding joo, ka jalo fa Jehofa a ne a tlhakatlhakanya puo ya batho ba ba neng ba aga tora, Sheme le ba lelapa la gagwe ba ne ba tswelela ba bua puo ya ntlhantlha e batho ba neng ba e bua, puo e e neng e buiwa ke Noa. Lelapa leo le ne le akaretsa le Aberame. Ga go pelaelo gore Aberame o godile a tlotla Sheme. Mo godimo ga moo, Aberame o ne a tshela lobaka lo loleele Sheme a sa ntse a tshela. Ka jalo, Aberame o tshwanetse a bo a ne a ithutile ka Jehofa mo go Sheme.

Aberame o ile a gana kobamelo ya medingwana e e neng e aname mo Ure

6. (a) Aberame o ile a bontsha jang gore o tlhalogantse lebaka la go bo Jehofa a ile a tlisa Morwalela o mogolo? (b) Aberame le Sarai ba ne ba tshela botshelo jo bo ntseng jang?

6 Aberame o ne a tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a ile a tlisa Morwalela o mogolo. Mme seo se ile sa mo tlhotlheletsa gore a batle go tsamaya le Modimo fela jaaka Noa. Ke gone ka moo Aberame a ileng a gana kobamelo ya medingwana mme seo sa dira gore a farologane le batho ba bangwe mo Ure, gongwe le ba lelapa la gaabo tota. Le fa go ntse jalo, o ne a nna le tsala e e molemo. O ne a nyala Sarai, mosadi yo a neng a le montle thata mme sa botlhokwa le go feta a na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. * Le fa gone banyalani bao ba ne ba se na bana, ga go pelaelo gore ba ne ba itumelela go direla Jehofa mmogo. Gape ba ne ba nna le setlogolo sa ga Aberame e bong Lote, yo e neng e le khutsana.

7. Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go etsa Aberame ka tsela efe?

7 Aberame ga a ise a ko a tlogele Jehofa mme a obamela medingwana ya Ure. Ene le Sarai ba ne ba ikemiseditse go nna ba farologane le batho ba motse wa gaabo ba ba neng ba obamela medingwana. Fa re batla go nna le tumelo e e nonofileng, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa bone. Le rona re tshwanetse go ikemisetsa go nna re farologane le batho ba bangwe. Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba ne ba se kitla ‘ba nna karolo ya lefatshe,’ mme ka ntlha ya seo lefatshe le ne le tla ba tlhoa. (Bala Johane 15:19.) Fa e le gore o a tle o utlwisiwe botlhoko ke go bo ba lelapa kgotsa batho ba mo motseng wa gaeno ba go kgaphela kwa thoko ka gonne o dirile tshwetso ya go direla Jehofa, se lebale gore ga o nosi. O etsa sekao se se molemo sa ga Aberame le Sarai, ba le bone ba ileng ba direla Modimo ka boikanyegi.

“Tswa mo Lefatsheng la Gaeno”

8, 9. (a) Aberame o ne a diragalelwa ke eng se se sa lebalegeng? (b) Ke molaetsa ofe o Jehofa a neng a o bolelela Aberame?

8 Letsatsi lengwe Aberame o ne a diragalelwa ke sengwe se se sa lebalegeng. O ne a amogela molaetsa o o tswang kwa go Jehofa Modimo! Baebele ga e tlhalose ka botlalo gore Aberame o ne a amogela molaetsa oo jang, mme gone e tlhalosa gore “Modimo wa kgalalelo” o ne a bonala kwa monneng yoo yo o ikanyegang. (Bala Ditiro 7:2, 3.) Gongwe Modimo o ne a dirisa moengele go bontsha Aberame maoko fela a kgalalelo e e gakgamatsang ya Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. Akanya kafa Aberame a ka tswang a ne a itumetse ka gone fa a bona pharologano fa gare ga Modimo yo o tshelang le ditshwantsho tse di sa tsheleng tse di neng di obamelwa ke batho ba a neng a tshela le bone.

9 Ke molaetsa ofe o Jehofa a neng a o bolelela Aberame? “Tswa mo lefatsheng la gaeno le mo go ba losika lwa gago mme o tle mo lefatsheng le ke tla le go bontshang.” Jehofa ga a ka a bolelela Aberame gore ke lefelo lefe le a akantseng ka lone—o ne a mmolelela fela gore o tla le mmontsha. Le fa go ntse jalo, Aberame o ne a tshwanetse go tlogela motse wa gaabo le ba losika lwa gagwe. Mo dingwaong tsa kwa Botlhabagare jwa bogologolo, lelapa le ne le tsewa le le botlhokwa thata. Go ne go tsewa e le phutso gore monna a tlogele ba losika lwa gagwe a ye kwa nageng e e kgakala; ba bangwe e bile ba ne ba bona go le botoka fa motho yoo a ka bo a sule!

10. Ke eng fa re ka re Aberame le Sarai ba ile ba ithontsha dilo dingwe gore ba tswe kwa Ure?

10 Aberame o ne a tshwanetse go ithontsha dilo dingwe gore a tswe mo motseng wa gaabo. Go banala Ure e ne e le motse o o tlhanaselang, o o humileng. (Bona lebokose le le reng, “ Motse o Aberame le Sarai ba Ileng ba o Tlogela.”) Baribolodi ba ne ba lemoga gore go ne go na le matlo a manobonobo thata kwa Ure ya bogologolo; mangwe a one a ne a na le dikamore di le somepedi kgotsa go feta tse di neng di dirisiwa ke maloko a lelapa le batlhanka, otlhe a agilwe go dikologa lolwapa lo lo adilweng matlapa. Go ne go na le dilo dingwe tse di jaaka metswedi ya metsi, matlwana a boithomelo le thulaganyo ya go tsamaisa leswe. Gape se lebale gore Aberame le Sarai ba ne ba tsofetse; o tshwanetse a bo a ne a le mo dingwageng tsa bo70, mme mosadi wa gagwe ene a le mo go tsa bo60. Ga go pelaelo gore o ne a batla gore mosadi wa gagwe a tshele sentle le go bona tlhokomelo e e tshwanetseng—sengwe se monna mongwe le mongwe a ka se batlelang mosadi wa gagwe. Akanya fela ka metlotlo e ba ileng ba nna le yone ka kabelo ya bone, ba tshwanetse ba bo ba ne ba ipotsa dipotso e bile ba tshwenyegile. Aberame o tshwanetse a bo a ne a itumetse thata fa Sarai a amogela kabelo eo! Fela jaaka monna wa gagwe, le ene o ne a iketleeleditse go tlogela manobonobo a gaabo.

11, 12. (a) Aberame le Sarai ba ne ba tshwanetse go dira dithulaganyo le ditshwetso dife pele ba tswa mo Ure? (b) O ka tlhalosa jang se se neng sa direga mo letsatsing le ba neng ba tsamaya ka lone?

11 Fa Aberame le Sarai ba sena go dira tshwetso, ba ne ba na le tiro e ntsi e ba neng ba tshwanetse go e dira. Ba ne ba tshwanetse go phutha le go rulaganya dilo tsa bone sentle. Ba ne ba tla tsaya eng, mme ba ne ba tla tlogela eng fa ba tsaya loeto loo lwa bone? Le fa go ntse jalo, selo se ba neng ba akantse thata ka sone e ne e le ba lelapa. Ba ne ba tla dira jang ka Tera yo a neng a setse a tsofetse? Ba ne ba swetsa ka gore ba tsamaye le ene gore ba tswelele ba mo tlhokomela. Tera o tshwanetse a bo a ile a dumela go tsamaya le bone, ka gonne pego eno e mo tlhalosa e le tlhogo ya lotso, yo o ileng a tsaya ba lelapa la gagwe mme a tswa mo Ure. Ga go pelaelo gore o ne a tlogetse kobamelo ya medingwana. Setlogolo sa ga Aberame e bong Lote le ene o ne a tshwanetse go tsamaya le bone.—Gen. 11:31.

12 Kgabagare letsatsi la go tsamaya le ne la goroga. Bona ka leitlho la mogopolo mokoloko wa batho o phuthegile kwa ntle ga dipota tsa motse le mosele wa Ure. Ba belesitse dikamela le ditonki, ba phuthile matsomane a bone, maloko a lelapa le batlhanka ba eme sentle, mme botlhe ba ipaakanyeditse go tsamaya. * Gongwe botlhe ba ne ba lebile Aberame, ba letetse gore a ba neye taelo ya go tsamaya. La bofelo nako eo e ne ya goroga mme ba tswa mo Ure, ba itse gore ga ba kitla ba tlhola ba boela teng gape.

13. Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi gompieno ba bontsha jang moya o o tshwanang le wa ga Aberame le Sarai?

13 Le gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba swetsa ka gore ba fudugele kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi gone. Ba bangwe ba ithuta puo e sele gore ba oketse bodiredi jwa bone. Mme ba bangwe bone ba leka mefuta e mengwe ya tirelo e ba sa e tlwaelang. Gantsi go dira ditshwetso tse di ntseng jalo go tlhoka gore motho a intshe setlhabelo—go iketleeletsa go latlhegelwa ke dilo dingwe tse motho a itshedisang ka tsone. Ruri re anaanela bakaulengwe ba ba bontshang moya oo, e bile ba bontsha moya o o tshwanang le wa ga Aberame le Sarai! Fa le rona re na le tumelo e e ntseng jalo, re ka tlhomamisega gore ka metlha Jehofa o tla re naya dilo tse dintsi go feta tse re ithontshitseng tsone ka ntlha ya gagwe. Ka metlha o segofatsa batho ba ba nang le tumelo mo go ene. (Baheb. 6:10; 11:6) A o ne a segofatsa Aberame?

Ba Kgabaganya Euferatese

14, 15. Loeto lwa go tswa kwa Ure go ya Harana lo ne lo ntse jang, mme ke eng fa Aberame a ka tswa a ile a swetsa ka gore ba thibelele kwa Harana ka nakwana?

14 Ka bonya ka bonya mokoloko ono wa batho o ne wa simolola go tlwaela thulaganyo ya mosepele wa bone. Akanya fela Aberame le Sarai ba ntse ba refosana go palama diphologolo le go tsamaya ka dinao, mme mantswe a bone fa ba ntse ba tlotla a kopane le medumo ya ditleloko tse di akgegang mo melaleng ya diphologolo. Tota le ba ba neng ba se na maitemogelo ba ne ba simolola go tlwaelana le thulaganyo ya go aga le go rutlolola bothibelelo, le ya go thusa Tera yo o tsofetseng go palama le go nna mo godimo ga kamela kgotsa tonki. Ba ne ba ya ntlheng ya bokone bophirima, ba tsamaya fa thoko ga Noka ya Euferatese. Go ne ga feta malatsi le dibeke ba ntse ba tsamaya.

15 Kgabagare, morago ga go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 960, ba ne ba goroga kwa Harana, motse o o humileng o o mo marakanelong a ditsela tsa kgwebo tse di yang kwa Botlhaba le kwa Bophirima. Lelapa leno le ne la ema koo, mme ba thibelela teng ka nakwana. Gongwe Tera o ne a setse a le bokoa thata mo a neng a sa kgone go tswelela ka loeto.

16, 17. (a) Aberame o ne a itumelela kgolagano efe? (b) Jehofa o ile a segofatsa Aberame jang fa a ntse a le kwa Harana?

16 Fa nako e ntse e ya, Tera o ne a swa a le dingwaga di 205. (Gen. 11:32) Aberame o ne a bona kgomotso mo nakong eo ya tatlhegelo, ka gonne Jehofa o ne a bua le ene gape. Jehofa o ne a boeletsa ditaelo tse a neng a mo neile tsone kwa Ure, mme a mo solofetsa dilo tse dingwe gape. Aberame o ne a tla nna “setšhaba se segolo” mme malapa otlhe a lefatshe a ne a tla itshegofatsa ka ntlha ya gagwe. (Bala Genesise 12:2, 3.) E re ka Aberame a ile a itumelela kgolagano eno e Modimo a e dirileng le ene, o ne a kgothala mme a tswelela ka loeto.

17 Le fa go ntse jalo mo lekgetlong leno, Aberame o ne a na le dilo tse dintsi thata tse a tshwanetseng go di phutha, ka gonne Jehofa o ne a mo segofaditse fa a ntse a le kwa Harana. Pego eno e umaka “dithoto tsotlhe tse ba neng ba di kokoantse le meya e ba neng ba e bapetse mo Harana.” (Gen. 12:5) Gore Aberame a nne setšhaba, o ne a tla tlhoka dithoto tse dintsi le batlhanka—lelapa le legolo. Ga se ka metlha Jehofa a humisang batlhanka ba gagwe, mme o ba naya sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore ba kgone go dira thato ya gagwe. E re ka Aberame a ne a nonotshitswe, o ne a tswelela ka loeto a ya kwa lefatsheng le a sa le itseng.

Aberame le Sarai ba ile ba lebana le dikgwetlho ka ntlha ya go bo ba ile ba tlogela botshelo jwa manobonobo kwa Ure

18. (a) Aberame o ne a bona leng tiragalo ya botlhokwa mo hisitoring ya go dirisana ga Modimo le batho ba Gagwe? (b) Ke ditiragalo dife tse dingwe tsa botlhokwa tse di neng tsa direga ka Nisane 14 mo dingwageng tse di neng tsa latela? (Bona lebokose le le reng, “ Letlha la Botlhokwa Thata mo Hisitoring ya Baebele.”)

18 Fa ba sena go tsamaya malatsi a le mmalwa go tswa kwa Harana, ba ne ba goroga kwa Karakemishe, motse o gantsi ditlhopha tsa baeti di neng di kgabaganya Euferatese kwa go one. Gongwe Aberame o ne a bona tiragalo nngwe ya botlhokwa mo hisitoring ya go dirisana ga Modimo le batho ba Gagwe a le kwa motseng ono. O ne a kgabaganya noka le mokoloko wa batho ba a neng a na le bone mo letsatsing la bo14 la kgwedi e moragonyana e neng ya bidiwa Nisane, ka 1943 B.C.E. (Ekes. 12:40-43) Lefatshe le Jehofa a neng a solofeditse go le bontsha Aberame le ne le le kwa borwa. Kgolagano e Jehofa a e dirileng le Aberame e ne ya simolola ka lone letsatsi leo.

19. Tsholofetso ya ga Jehofa e ne e akaretsa eng, mme Aberame a ka tswa a ile a gopola eng?

19 Aberame o ne a tsamaela ntlheng ya borwa a ralala lefatshe, mme batho ba a neng a na le bone ba ema fa ditlhareng tse dikgolo tsa More, gaufi le Shekema. Fa a le koo, Jehofa o ne a bua le ene gape. Mo tsholofetsong e Modimo a neng a e dira mo lekgetlong leno, o ne a umaka losika lwa ga Aberame kgotsa ditlogolwana tse di neng di tla rua lefatshe. A Aberame o ne a gopola boporofeti jo Jehofa a neng a bo buile kwa Edene, jo bo ka ga “losika” kgotsa ngwana, yo letsatsi lengwe a neng a tla golola batho? (Gen. 3:15; 12:7) Gongwe. A ka tswa a ile a simolola go tlhaloganya gore ke karolo ya boikaelelo jo bogolo jo Jehofa a ikaeletseng go bo diragatsa.

20. Aberame o ile a bontsha jang gore o anaanela tshiamelo e Jehofa a mo neileng yone?

20 Aberame o ile a anaanela tshiamelo e Jehofa a mo e neileng fela thata. Fa a ntse a raletse lefatshe—ga go pelaelo gore o ne a le kelotlhoko ka gonne Bakanana ba ne ba sa ntse ba nna mo go lone—o ne a ema mme a agela Jehofa dibeso, sa ntlha o ne a se aga gaufi le ditlhare tse dikgolo tsa More, mme se sengwe gaufi le Bethele. O ne a bitsa leina la ga Jehofa, gongwe a leboga Modimo wa gagwe fa a ntse a akanya ka isagwe ya ditlogolwana tsa gagwe. Gape a ka tswa a ile a rerela baagelani ba gagwe ba Bakanana. (Bala Genesise 12:7, 8.) Ke boammaaruri gore Aberame o ne a sa ntse a tla lebana le dilo tse di tla gwetlhang tumelo ya gagwe. Mme gone, ga a ka a tlhoma mogopolo mo dilong tse a di tlogetseng kwa Ure. O ne a o tlhomile mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. Fa Bahebera 11:10 e bua ka Aberame ya re: “O ne a letetse motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.”

21. Kitso ya rona ka Bogosi jwa Modimo e kana kang fa e bapisiwa le ya ga Aberame, mme o tlhotlheletsegile go dira eng?

21 Rona ba re direlang Jehofa gompieno, re itse go le gontsi ka motse oo wa tshwantshetso—Bogosi jwa Modimo—go gaisa Aberame. Re itse gore gone jaanong Bogosi joo bo a busa kwa legodimong le gore go ise go ye kae bo tla fedisa tsamaiso eno ya dilo, e bile re itse gore Losika lwa ga Aberame lo lo sa bolong go solofediwa e bong Jesu Keresete, gone jaanong ke kgosi ya Bogosi joo. Ruri e tla bo e le tshiamelo go bona nako ya fa Aberame a tla bo a tshela gape mme jaanong a tlhaloganya ka botlalo kafa boikaelelo jwa Modimo bo ileng jwa diragadiwa ka gone! A o ka itumelela go bona Jehofa a diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe? Fa go le jalo, tswelela o dira se Aberame a ileng a se dira. Bontsha moya wa go intsha setlhabelo, o nne kutlo e bile o lebogele ditshiamelo tse Jehofa a go nayang tsone. Fa o ntse o etsa tumelo ya ga Aberame, “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo,” le wena ka tsela nngwe o tla nna rraago!

^ ser. 1 Dingwaga moragonyana, Modimo o ne a fetola leina la ga Aberame go nna Aborahame, mo go kayang “Rra boidiidi jwa ditšhaba.”—Gen. 17:5.

^ ser. 4 Ka tsela e e tshwanang, gantsi Aberame le ene o umakiwa pele mo go bomorwa Tera, le fa gone e ne e se leitibolo.

^ ser. 6 Moragonyana, Modimo o ne a fetola leina la ga Sarai go nna Sara, mo go kayang “Morwadiakgosi.”—Gen. 17:15.

^ ser. 12 Bakanoki bangwe ba belaela gore dikamela e ne e le diruiwa tsa mo gae mo motlheng wa ga Aberame. Le fa go ntse jalo, ga ba na bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa seo. Baebele e umaka dikamela makgetlo a le mmalwa fa e bua ka diruiwa tsa ga Aberame.—Gen. 12:16; 24:35.