Petere wa Ntlha 4:1-19

  • Tshelela go dira thato ya Modimo fela jaaka Keresete (1-6)

  • Bokhutlo jwa dilo bo atametse (7-11)

  • Go boga ka gonne re le Bakeresete (12-19)

4  E re ka Keresete a ne a boga fa e ne e le motho,+ le lona ikemisetseng go akanya jaaka Keresete; ka gonne ope fela yo o bogang ga a tlhole a leofa,+  gore mo nakong ya gagwe e e setseng, a se ka a tlhola a tshelela dikeletso tsa batho,+ mme a tshelele go dira thato ya Modimo.+  Gonne nako e e fetileng e lekane gore lo bo lo dirile se ditšhaba di se ratang+ fa lo ne lo tswelela mo ditirong tsa boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale,* mo dikeletsong tse di sa laolesegeng, lo nwa beine mo go feteletseng, lo dira meletlo ya botlhapelwa, mekete ya go nwa le kobamelo ya medingwana e e makgapha.*+  Ba a gakgamala ka gonne ga lo tlhole lo dira dilo tse di bosula le bone,* ka jalo ba a lo kgoba.+  Mme batho bano ba tla atlholwa go ya ka ditiro tsa bone ke yo o ipaakanyeditseng go atlhola batshedi le baswi.+  Tota e bile, ke gone ka moo dikgang tse di molemo di neng tsa bolelelwa le baswi,*+ gore le fa ba atlhotswe ka tsela e batho ba atlholang ka yone, ba tshele ba kaelwa ke moya wa Modimo.  Mme bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Ka jalo, dirang ditshwetso tse di botlhale+ mme lo gopole go rapela ka metlha.+  Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang thata,+ ka gonne motho yo o nang le lorato o iketleeleditse go itshwarela ba bangwe ka metlha.+  Amogelang baeng lo sa ngongorege.+ 10  E re ka lo le balebedi ba ba amogetseng bopelonomi jo bogolo* jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng, e bile mongwe le mongwe wa lona a amogetse mpho, e diriseng go direlana.+ 11  Fa mongwe a bua, a a bue jaaka e kete o bua ditaelo tse di tswang kwa Modimong; fa mongwe a direla, a a direle a ikaegile ka nonofo e Modimo a e mo nayang;+ gore mo dilong tsotlhe Modimo a galalediwe+ ka Jesu Keresete. Kgalalelo le maatla ke tsa gagwe ka bosakhutleng le go ya go ile. Amen. 12  Baratwa, lo se ka lwa gakgamadiwa ke diteko tse di tshwanang le molelo tse lo lebanang le tsone,+ jaaka e kete lo diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang. 13  Go na le moo, e re ka lo boga ka ntlha ya mabaka a a tshwanang le a Keresete+ a neng a boga ka one, tswelelang lo itumela,+ gore ka nako ya fa kgalalelo ya gagwe e tla bo e senolwa, lo tle lo phophome ka boitumelo.+ 14  Fa lo kgobelwa* leina la ga Keresete, lo tla itumela,+ ka gonne lo na le moya wa kgalalelo, e leng moya wa Modimo. 15  Le fa go ntse jalo, a ope wa lona a se ka a boga ka gonne e le mmolai kgotsa legodu kgotsa motho yo o dirang dilo tse di bosula kgotsa yo o itshunyang nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe.+ 16  Mme fa mongwe a boga ka gonne e le Mokeresete, a a se ka a tlhabiwa ke ditlhong,+ mme a a tswelele a galaletsa Modimo ka go tshela ka tsela e e bontshang gore ke Mokeresete. 17  Gonne eno ke nako e e tlhomilweng ya gore katlholo e simolole ka batho ba* Modimo.+ Jaanong fa e simolola ka rona pele,+ go tla direga eng ka ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo tsa Modimo?+ 18  “Mme fa e le gore motho yo o siameng o tshwanetse go dira ka natla gore a bolokwe, go tla direga eng tota ka moleofi le motho yo o sa ikobeleng Modimo?”+ 19  Ka jalo, a ba ba bogang ka gonne ba dira thato ya Modimo ba tswelele ba dira molemo e bile ba ipaya mo diatleng tsa Mmopi yo o ikanyegang.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Ka Segerika, a·sel′gei·a. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “e e sa amogelesegeng.”
Seger., “lo sa tswelele lo siana le bone mo tseleng e e leswe e ba tshelang ka yone.”
Go lebega go tewa batho ba e keteng ba sule ka ntlha ya maleo a bone.
Kgotsa “lo tlhapadiwa ka ntlha ya.”
Seger., “ka ntlo ya.”