Efangele ya ga Luke 22:1-71

  • Baperesiti ba loga leano la go bolaya Jesu (1-6)

  • Go rulaganngwa Tlolaganyo ya bofelo (7-13)

  • Go tlhomiwa ga Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa (14-20)

  • “Yo o nthekisang o na le nna mo tafoleng” (21-23)

  • Ba ganetsana ka gore ke mang yo mogolo (24-27)

  • Jesu o dira kgolagano ya Bogosi (28-30)

  • Jesu o bolelela pele gore Petere o tla mo itatola (31-34)

  • Botlhokwa jwa go ipaakanya; ditšhaka tse pedi (35-38)

  • Thapelo ya ga Jesu kwa Thabeng ya Lotlhware (39-46)

  • Jesu o a tshwarwa (47-53)

  • Petere o itatola Jesu (54-62)

  • Ba sotla Jesu (63-65)

  • O sekisiwa fa pele ga Sanehederine (66-71)

22  Jaanong Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso, o o bidiwang Tlolaganyo,+ o ne o atamela.+  E re ka baperesiti ba bagolo le bakwadi ba ne ba tshaba batho,+ ba ne ba batla tsela e e molemo ya gore ba bolaye Jesu.+  Foo Satane o ne a tsena mo go Judase Isekariota, yo e neng e le mongwe wa baaposetoloi ba ba 12,+  mme o ne a tswa a ya go bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba tempele ka kgang ya gore ba ka tshwara Jesu jang.+  Ba ne ba itumelela seo mme ba dumalana gore ba tla mo naya madi a selefera.+  Ka jalo, o ne a dumalana le bone mme a simolola go batla nako e e siameng ya gore a ba rekisetse Jesu go se na batho.  Jaanong letsatsi la Senkgwe Se se Se Nang Sebediso le ne la goroga, le go neng go tshwanetse ga ntshiwa setlhabelo sa Tlolaganyo mo go lone;+  ka jalo Jesu o ne a roma Petere le Johane a re: “Tsamayang lo ye go re baakanyetsa Tlolaganyo gore re je.”+  Ba ne ba mo raya ba re: “O batla gore re ye go e baakanyetsa kae?” 10  O ne a ba raya a re: “Fa lo tsena mo motseng lo tla kopana le monna mongwe a rwele nkgo ya metsi. Lo mo sale morago lo bo lo tsena mo ntlong e a tsenang mo go yone.+ 11  Mme lo reye mong wa ntlo eo lo re, ‘Moruti a re: “Phaposi ya baeng e nka jelang Tlolaganyo le barutwa ba me mo go yone e kae?”’ 12  Mme monna yoo o tla lo bontsha phaposi e kgolo e e kwa godimo e na le dilo tse di tlhokegang. Lo re baakanyetseng gone koo.” 13  Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba fitlhela go ntse fela jaaka a ne a ba boleletse, mme ba ne ba baakanyetsa Tlolaganyo. 14  Fa nako e fitlha, o ne a nna fa tafoleng le baaposetoloi ba gagwe.+ 15  Mme o ne a ba raya a re: “Ke eleditse thata go ja Tlolaganyo eno le lona pele ga ke boga; 16  gonne ke a lo bolelela, ga nkitla ke ja Tlolaganyo gape go fitlha e diragadiwa mo Bogosing Jwa Modimo.” 17  Mme o ne a tsaya senwelo se se nang le beine, a rapela a bo a re: “Tsayang, mme lo nwe lotlhe go tswa mo go sone, 18  gonne ke a lo bolelela, go tloga jaanong ga nkitla ke tlhola ke nwa sepe se se dirilweng ka morara* go fitlha Bogosi Jwa Modimo bo tla.” 19  Gape, o ne a tsaya senkgwe,+ a rapela, a se ngathoganya a bo a se ba naya a re: “Seno se kaya mmele wa me,+ o o tla ntshiwang mo boemong jwa lona.+ Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”+ 20  Gape, fa ba sena go ja dijo tsa maitseboa, o ne a dira se se tshwanang le ka senwelo se se nang le beine, a re: “Beine e e mo senwelong seno e kaya kgolagano e ntšha+ e e tla simololang fa ke tsholola madi a me,+ a a tla tshololelwang lona.+ 21  “Mme yo o nthekisang* o na le nna mo tafoleng.+ 22  Eleruri, sengwe le sengwe se se kwadilweng ka Morwa motho se tla mo diragalela;+ le fa go ntse jalo, ruri monna yoo yo o mo rekisang* o tla tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko!”+ 23  Ka jalo, ba ne ba simolola go buisana ka kgang ya gore tota ke mang mo go bone yo o tla tlogang a dira jalo.+ 24  Le fa go ntse jalo, ba ne ba ngangisana mo go botlhoko ka kgang ya gore ke mang yo mogolo mo go bone.+ 25  Mme o ne a ba raya a re: “Dikgosi tsa ditšhaba di busa batho ka tsela e ba batlang go ba busa ka yone, e bile balaodi ba bidiwa ka maina a a kgethegileng.*+ 26  Le fa go ntse jalo, lona ga lo a tshwanela go nna jalo.+ Mme a yo mogolo mo go lona a nne jaaka yo monnye,+ le yo o etelelang pele a nne jaaka yo o direlang ba bangwe. 27  Tota ke ofe yo mogolo, a ke yo o ntseng fa tafoleng a ja* kgotsa yo o mo fang dijo?* A ga se yo o ntseng fa tafoleng a ja?* Mme nna ke modiredi wa lona.+ 28  “Mme gone, lona ga lo ise lo ke lo ntatlhe+ le fa ke ne ke lebane le diteko;+ 29  mme ke dira kgolagano le lona gore lo tle lo buse le nna mo bogosing, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna,+ 30  gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo Bogosing jwa me,+ lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi+ gore lo atlhole ditso tse 12 tsa Iseraele.+ 31  “Simone, Simone, Satane o dirile ka natla gore a lo gape lotlhe mme a lo fefere jaaka korong.+ 32  Mme gone, ke go rapeletse ka tlhoafalo gore o se ka wa felelwa ke tumelo;+ mme le wena, fela fa o sena go boa, o nonotshe bakaulengwe ba gago.”+ 33  Foo Petere o ne a mo raya a re: “Morena, ke ikemiseditse go ya kgolegelong le wena le go swa le wena.”+ 34  Mme ene o ne a re: “Petere, ke a go bolelela, pele ga mokoko o lela gompieno, o tla bo o intatotse gararo.”+ 35  Gape o ne a ba raya a re: “A lo ne lwa tlhoka sengwe fa ke ne ke lo roma lo se na kgetsana ya madi le kgetsana ya dijo le ditlhako?”*+ Ba ne ba re: “Nnyaa!” 36  Foo o ne a ba raya a re: “Mme jaanong a yo o nang le kgetsana ya madi a e tseye, le yo o nang le kgetsana ya dijo a e tseye, mme a yo o se nang tšhaka a rekise seaparo sa gagwe sa ka fa ntle a e reke. 37  Ke a lo bolelela, lekwalo le le reng, ‘O ne a balelwa mo bathong ba ba bosula’+ le tshwanetse go diragadiwa mo go nna. Gonne dilo tse di kwadilweng ka nna di a diragala.”+ 38  Foo ba ne ba re: “Morena, bona ditšhaka tse pedi ke tseno.” O ne a ba raya a re: “Di lekane.” 39  Fa a tswa, o ne a ya kwa Thabeng ya Lotlhware jaaka a ne a tlwaetse, mme barutwa le bone ba ne ba mo sala morago.+ 40  Fa a fitlha kwa lefelong leo, o ne a ba raya a re: “Tswelelang lo rapela gore lo se ka lwa tsena mo thaelong.”+ 41  Mme o ne a ba katoga sekgalanyana,* a bo a khubama a simolola go rapela, 42  a re: “Rara, fa e le gore o a batla, tlosa senwelo seno mo go nna. Le fa go ntse jalo, a go diragale thato ya gago, e seng ya me.”+ 43  Foo moengele o ne a tswa kwa legodimong a tla kwa go ene a bo a mo nonotsha.+ 44  E re ka a ne a le mo kutlobotlhokong e e ngomolang pelo, o ne a tswelela a rapela ka pelo yotlhe;+ mme mofufutso wa gagwe o ne wa nna jaaka madi e bile o ne o rothela fa fatshe. 45  Fa a boela kwa barutweng ba gagwe a sena go rapela, o ne a ba fitlhela ba robetse ka gonne ba ne ba lapile ka ntlha ya khutsafalo.+ 46  O ne a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo robetse? Tsogang mme lo tswelele lo rapela, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong.”+ 47  Fa a sa ntse a bua, go ne ga tla boidiidi jwa batho ba eteletswe pele ke monna yo o bidiwang Judase, mongwe wa baaposetoloi ba ba 12, mme o ne a atamela Jesu a bo a mo suna.+ 48  Mme Jesu o ne a mo raya a re: “Judase, a o rekisa Morwa motho ka go mo suna?” 49  Fa ba ba neng ba le gaufi le ene ba bona se se neng se tlile go direga, ba ne ba re: “Morena, a re ka ba kgemetha ka tšhaka?” 50  Mongwe wa bone o ile a bo a kgaola tsebe ya moja+ ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo. 51  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “O se ka wa dira jalo.” Mme o ne a tshwara tsebe ya motlhanka yoo a bo a mo fodisa. 52  Go tswa foo, Jesu o ne a raya baperesiti ba bagolo le balaodi ba tempele le baeteledipele ba ba neng ba tlile go mo tshwara a re: “A lo tlile ka ditšhaka le melamu jaaka e kete lo tlile go tshwara sekebekwa?+ 53  Letsatsi le letsatsi ke ne ke na le lona mo tempeleng,+ mme ga lo a ka lwa ntshwara.+ Mme jaanong eno ke nako ya lona e bile ke nako ya gore lefifi le laole.”+ 54  Foo ba ne ba mo tshwara ba bo ba tsamaya ka ene,+ mme ba ne ba mo isa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo; le fa go ntse jalo, Petere o ne a ba setse morago a le kgakajana.+ 55  Fa ba sena go gotsa molelo mo gare ga lolwapa ba bo ba nna fa fatshe, Petere o ne a nna mo gare ga bone.+ 56  E rile mosetsana* mongwe a mmona a ntse fa molelong, o ne a mo leba ka kelotlhoko a bo a re: “Monna yono le ene o ne a na le ene.” 57  Mme o ne a itatola a re: “Ga ke mo itse.” 58  Morago ga nakonyana motho yo mongwe o ne a mmona a bo a re: “Le wena o mongwe wa bone.” Mme Petere o ne a re: “Monna, ga ke mongwe wa bone.”+ 59  Fa go sena go feta mo e ka nnang ura, monna yo mongwe o ne a bua a tiisitse a re: “Eleruri monna yono le ene o ne a na le ene, ka gonne tota e bile ke Mogalalea!” 60  Petere o ne a re: “Monna, ga ke itse gore o bua ka eng.” Mme ka yone nako eo, fa a sa ntse a bua, mokoko o ne wa lela. 61  Foo Morena o ne a retologa a bo a leba Petere, mme Petere o ne a gopola mafoko a Morena fa a ne a mo raya a re: “Pele ga mokoko o lela gompieno, o tla bo o intatotse gararo.”+ 62  Mme o ne a tswela kwa ntle a bo a lela mo go botlhoko. 63  Jaanong banna ba ba neng ba disitse Jesu ba ne ba simolola go mo sotla,+ ba mo itaya;+ 64  mme fa ba sena go mo khurumetsa sefatlhego, ba ne ba nna ba mmotsa ba re: “Fa e le gore o moporofeti, re bolelele! Ke mang yo o go iteileng?” 65  Mme ba ne ba bua dilo tse dingwe tse dintsi ba mo tlhapatsa. 66  E rile go nna motshegare, baeteledipele, e leng baperesiti ba bagolo le bakwadi, ba ne ba phuthega,+ mme ba ne ba mo isa kwa holong ya bone ya Sanehederine ba bo ba re: 67  “Fa e le gore o Keresete, re bolelele.”+ Mme o ne a ba raya a re: “Le fa ke ne ke lo boleletse, lo ne lo se kitla lo ntumela gotlhelele. 68  Mo godimo ga moo, fa ke ne nka lo botsa potso, lo ne lo se kitla lo nkaraba. 69  Le fa go ntse jalo, go tloga jaanong Morwa motho+ o tla bo a ntse ka fa seatleng sa moja sa Modimo.”+ 70  Foo botlhe ba ne ba re: “A mme o Morwa Modimo?” O ne a ba raya a re: “Lona ka bolona lwa re ke ene.” 71  Ba ne ba re: “Re sa ntse re batlelang bosupi jo bongwe? Gonne re bo ikutlwetse go tswa mo mafokong a gagwe.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “nkokang.”
Kgotsa “okang.”
Maina ano a a kgethegileng ke direto tsa go bontsha tlotlo tse batho ba bitsang batho ba ba direlang ba bangwe molemo ka tsone.
Kgotsa “yo o ntseng ka go sekama fa tafoleng.”
Kgotsa “yo o mo direlang.”
Kgotsa “yo o ntseng ka go sekama fa tafoleng.”
Seger., “bompaatšhane.”
Kgotsa “mo e ka nnang sekgala se o ka konopelang leje kwa go sone.”
Mosetsana yono e ne e le lelata.