Ditiro Tsa Baaposetoloi 8:1-40

  • Saulo yo o bogisang Bakeresete (1-3)

  • Bodiredi jwa ga Filipo jo bo nang le diphelelo tse di molemo kwa Samarea (4-13)

  • Petere le Johane ba romelwa kwa Samarea (14-17)

  • Simone o leka go reka moya o o boitshepo (18-25)

  • Moopafadiwa wa Moethiopia (26-40)

8  Mme Saulo o ne a dumelela gore Setefane a bolawe.+ Go tloga ka letsatsi leo, phuthego e e mo Jerusalema e ne ya simolola go bogisiwa thata; batho botlhe ba ne ba gasamela mo dikgaolong tsotlhe tsa Judea le Samarea kwantle ga baaposetoloi.+  Le fa go ntse jalo, banna ba ba ikanyegang mo Modimong ba ne ba tsaya Setefane ba ya go mo fitlha, mme ba ne ba mo lelela tota.  Mme Saulo o ne a simolola go bogisa phuthego. O ne a tlhasela matlo ka go latelana, a gogagoga banna le basadi a bo a ba isa kwa kgolegelong.+  Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba gasame ba ne ba tsamaya ba rera dikgang tse di molemo tsa lefoko la Modimo mo kgaolong eo yotlhe.+  Jaanong Filipo o ne a ya kwa motseng* wa Samarea+ a bo a simolola go ba rerela ka Keresete.  Batho ba bantsintsi ba ne ba tlhwaetse tsebe dilo tse Filipo a neng a di bua fa ba ntse ba mo reeditse e bile ba bona ditshupo tse a neng a di dira.  Gonne ba le bantsi ba ne ba na le madimona,* mme madimona ao a ne a goa ka lentswe le le kwa godimo a bo a tswa.+ Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba ba neng ba sa kgone go tsamaya ka ntlha ya bolwetse le ba ba tlhotsang, ba ne ba fodisiwa.  Ka jalo, batho ba motse oo ba ne ba itumela fela thata.  Jaanong mo motseng oo go ne go na le monna mongwe a bidiwa Simone, yo pele ga moo a neng a tlhola a dira ditiro tsa maselamose e bile a gakgamatsa setšhaba sa Samarea, mme a re ene ka boene ke motho wa botlhokwa. 10  Batho botlhe, go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo, ba ne ba tlhola ba mo reetsa ka kelotlhoko ba bo ba re: “Monna yono o na le maatla a magolo a a tswang kwa Modimong.” 11  Ka jalo, ba ne ba tlhola ba mo reetsa ka kelotlhoko ka gonne go ne go fetile lobaka lo loleele thata a ba gakgamatsa ka ditiro tsa gagwe tsa maselamose. 12  Mme e rile ba dumela Filipo, yo o neng a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo+ le tse di ka ga leina la ga Jesu Keresete, banna mmogo le basadi ba ne ba kolobediwa.+ 13  Simone le ene o ne a nna modumedi, mme fa a sena go kolobediwa, o ne a tswelela a na le Filipo;+ mme o ne a gakgamaditswe ke go bona ditshupo le dikgakgamatso tse dikgolo tse Filipo a neng a di dira. 14  Fa baaposetoloi kwa Jerusalema ba utlwa gore batho ba Samarea ba ne ba amogetse lefoko la Modimo,+ ba ne ba romela Petere le Johane kwa go bone; 15  mme ba ne ba ya teng ba bo ba ba rapelela gore ba amogele moya o o boitshepo.+ 16  Ka gonne go ne go se na ope wa bone yo o o amogetseng, mme ba ne ba kolobeditswe fela mo leineng la Morena Jesu.+ 17  Foo ba ne ba ba baya diatla,+ mme ba ne ba simolola go amogela moya o o boitshepo. 18  Jaanong fa Simone a bona gore batho ba ne ba amogela moya fa baaposetoloi ba ba baya diatla, o ne a ba naya madi, 19  mme a re: “Le nna nneyeng taolo eno, gore motho ope yo ke mmayang diatla a amogele moya o o boitshepo.” 20  Le fa go ntse jalo, Petere o ne a mo raya a re: “E kete selefera ya gago e ka nyelela le wena, ka gonne o ne o akanya gore o ka reka mpho ya Modimo ya mahala ka madi.+ 21  Ga o na karolo kgotsa kabelo epe mo kgannyeng eno, ka gonne pelo ya gago ga e a tlhamalala mo matlhong a Modimo. 22  Ka jalo, ikwatlhaele bosula jono jwa gago, mme o rapele Jehofa* ka tlhoafalo gore fa go kgonega, a go itshwarele ka ntlha ya maitlhomo a a bosula a pelo ya gago; 23  ka gonne ke a bona gore o botlhole jo bo galakang* e bile o lekgoba la go dira se se sa siamang.” 24  Simone o ne a ba raya a re: “Ke kopa gore lo nthapeleleng ka tlhoafalo mo go Jehofa* gore sepe sa dilo tse lo di buileng se se ka sa ntiragalela.” 25  Ka jalo, fa ba sena go rerela batho ka botlalo le go bua lefoko la ga Jehofa,* ba ne ba boela kwa Jerusalema, mme ba ne ba tsamaya ba rera dikgang tse di molemo mo metsaneng e le mentsi ya Basamarea.+ 26  Le fa go ntse jalo, moengele wa ga Jehofa*+ o ne a bua le Filipo a re: “Tsamaya o ye kwa borwa kwa tseleng e e tswang kwa Jerusalema e ya kwa Gasa.” (Eno ke tsela ya sekaka.) 27  Foo o ne a tsamaya, mme o ne a bona moopafadiwa* wa Moethiopia, monna yo o neng a na le taolo mo pusong ya ga Kandase, kgosigadi ya Baethiopia, e bile o ne a tlhokometse letlotlo lotlhe la gagwe. O ne a ile go obamela kwa Jerusalema,+ 28  mme jaanong o ne a boela gae a le mo kareng ya gagwe, a balela mekwalo ya ga moporofeti Isaia kwa godimo. 29  Ka jalo, moya o ne wa raya Filipo o re: “Tsamaya o ye kwa kareng eno.” 30  Filipo o ne a taboga go bapa le yone mme a mo utlwa a balela mekwalo ya ga moporofeti Isaia kwa godimo, mme o ne a mo raya a re: “A tota o tlhaloganya* se o se balang?” 31  O ne a re: “Tota nka tlhaloganya jang go se na mongwe yo o ntlhalosetsang?” Ka jalo, o ne a kopa Filipo gore a palame kara mme a nne le ene. 32  Jaanong eno ke temana ya Lokwalo lo a neng a lo balela kwa godimo: “O ne a tlisiwa kwa tlhabong jaaka nku, e bile ga a bule molomo jaaka kwanyana e e didimetseng fa pele ga motho yo o e beolang.+ 33  Ka nako ya fa a ntse a tlontlololwa, ga a ka a atlholwa ka tshiamiso.+ Ke mang yo o tla bolelang dintlha tsotlhe tsa kokomana ya gagwe? Ka gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.”+ 34  Foo moopafadiwa o ne a raya Filipo a re: “Ke kopa gore o mpolelele, fano moporofeti o bua ka mang? A o bua ka ga gagwe kgotsa ka mongwe o sele?” 35  Filipo o ne a simolola go bua, mme o ne a mmolelela dikgang tse di molemo ka Jesu, go simolola ka lokwalo loo. 36  Jaanong fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng, ba ne ba fitlha fa go neng go na le metsi gone, mme moopafadiwa o ne a re: “Bona! Metsi ke ano; ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” 37  *—— 38  Foo o ne a laela gore kara e eme, mme Filipo le moopafadiwa yoo ba ne ba tsena mo teng ga metsi, Filipo a bo a mo kolobetsa. 39  Fa ba tswa mo metsing, moya wa ga Jehofa* o ne wa tlosa Filipo ka bonako, mme moopafadiwa o ne a se ka a tlhola a mmona, le fa go ntse jalo, o ne a tsamaya a itumetse thata. 40  Mme Filipo o ne a iphitlhela a le kwa Ashedoda, mme o ne a tsamaya mo kgaolong eo yotlhe e bile a tswelela a bolela dikgang tse di molemo mo metseng yotlhe go fitlha a goroga kwa Kaesarea.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “kwa motseng mongwe.”
Seger., “meya e e seng phepa.”
Seger., “o santlhoko e e nang le botlhole.”
Kgotsa “modiredimogolo.”
Seger., “itse.”