Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiro Tsa Baaposetoloi

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • E kwaletswe Theofilo (1-5)

    • Basupi go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe (6-8)

    • Jesu o tlhatlogela kwa legodimong (9-11)

    • Barutwa ba kopana ba le seoposengwe (12-14)

    • Go tlhophiwa Mathiase gore a tseye maemo a ga Judase (15-26)

  • 2

    • Ba tshololelwa moya o o boitshepo ka Pentekosete (1-13)

    • Puo ya ga Petere (14-36)

    • Batho ba le bantsi ba itumelela puo ya ga Petere (37-41)

      • Batho ba le 3 000 ba a kolobediwa (41)

    • Bakeresete ba kopana mmogo (42-47)

  • 3

    • Petere o fodisa motlhoki yo o golafetseng maoto (1-10)

    • Puo ya ga Petere kwa Mathuding a ga Solomone (11-26)

      • “Dilo tsotlhe di dirwa disha” (21)

      • Moporofeti yo o tshwanang le Moshe (22)

  • 4

    • Petere le Johane ba a tshwarwa (1-4)

      • Banna ba ba dumelang ba 5 000 (4)

    • Ba sekisiwa fa pele ga Sanehederine (5-22)

      • “Ga re ka ke ra tlogela go bua” (20)

    • Ba rapelela go nna pelokgale (23-31)

    • Barutwa ba abelana dilo tse ba nang le tsone (32-37)

  • 5

    • Ananiase le Safira (1-11)

    • Baaposetoloi ba dira ditshupo di le dintsi (12-16)

    • Ba tsenngwa mo kgolegelong mme ba a gololwa (17-21a)

    • Ba tlisiwa fa pele ga Sanehederine gape (21b-32)

      • ‘Go ikobela Modimo go na le go ikobela batho’ (29)

    • Kgakololo ya ga Gamaliele (33-40)

    • Go rera ka ntlo le ntlo (41, 42)

  • 6

    • Go tlhophiwa banna ba le supa gore ba direle (1-7)

    • Setefane o latofadiwa ka gore o a tlhapatsa (8-15)

  • 7

    • Puo ya ga Setefane fa pele ga Sanehederine (1-53)

      • Motlha wa ditlhogo tsa malapa tsa bogologolo (2-16)

      • Boeteledipele jwa ga Moshe; Baiseraele ba obamela medingwana (17-43)

      • Modimo ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla (44-50)

    • Setefane o kgobotlediwa ka maje (54-60)

  • 8

    • Saulo yo o bogisang Bakeresete (1-3)

    • Bodiredi jwa ga Filipo jo bo nang le diphelelo tse di molemo kwa Samarea (4-13)

    • Petere le Johane ba romelwa kwa Samarea (14-17)

    • Simone o leka go reka moya o o boitshepo (18-25)

    • Moopafadiwa wa Moethiopia (26-40)

  • 9

    • Saulo o ya kwa Damaseko (1-9)

    • Ananiase o romelwa gore a ye go thusa Saulo (10-19a)

    • Saulo o rera ka ga Jesu kwa Damaseko (19b-25)

    • Saulo o etela kwa Jerusalema (26-31)

    • Petere o fodisa Aenease (32-35)

    • Dorekase yo o pelotshweu o tsosiwa mo baswing (36-43)

  • 10

    • Ponatshegelo ya ga Korenelio (1-8)

    • Ponatshegelo ya ga Petere ya diphologolo tse di ntlafaditsweng (9-16)

    • Petere o etela Korenelio (17-33)

    • Petere o bolelela batho ba e seng Bajuda dikgang tse di molemo (34-43)

      • “Modimo ga a na tlhaolele” (34, 35)

    • Batho ba e seng Bajuda ba amogela moya o o boitshepo ba bo ba kolobediwa (44-48)

  • 11

    • Petere o begela baaposetoloi se se diregileng (1-18)

    • Barenabase le Saulo kwa Antioka kwa Siria (19-26)

      • Lekgetlo la ntlha barutwa ba bidiwa Bakeresete (26)

    • Agabuse o bolelelapele gore go tla nna le leuba (27-30)

  • 12

    • Jakobe o a bolawa; Petere o tsenngwa mo kgolegelong (1-5)

    • Petere o gololwa ka kgakgamatso (6-19)

    • Moengele o dira gore Herode a lwale (20-25)

  • 13

    • Barenabase le Saulo e nna barongwa (1-3)

    • Bodiredi kwa Kupero (4-12)

    • Puo ya ga Paulo kwa Antioka kwa Pisidia (13-41)

    • Taelo ya boporofeti ya gore go rerelwe ditšhaba tse dingwe (42-52)

  • 14

    • Barutwa ba a oketsega kwa Ikonio e bile ba a ganediwa (1-7)

    • Barenabase le Paulo ba tshwantshiwa le medimo kwa Lisetera (8-18)

    • Paulo o a tshela le fa a sena go kgobotlediwa ka maje (19, 20)

    • Ba nonotsha diphuthego (21-23)

    • Ba boela kwa Antioka kwa Siria (24-28)

  • 15

    • Kganetsano kwa Antioka ka kgang ya go rupa (1, 2)

    • Kgang eo e isiwa kwa Jerusalema (3-5)

    • Bagolwane le baaposetoloi ba a kopana (6-21)

    • Lekwalo le le tswang kwa setlhopheng se se laolang (22-29)

      • Go ithiba mo mading (28, 29)

    • Diphuthego di kgothadiwa ke lekwalo (30-35)

    • Paulo le Barenabase ba a kgaogana (36-41)

  • 16

    • Paulo o tlhopha Timotheo (1-5)

    • Ponatshegelo ya monna wa kwa Makedonia (6-10)

    • Lidia o a sokologa kwa Filipi (11-15)

    • Paulo le Silase ba tsenngwa mo kgolegelong (16-24)

    • Modisa wa kgolegelo le ba lelapa la gagwe ba a kolobediwa (25-34)

    • Paulo o batla gore balaodi ba kope maitshwarelo (35-40)

  • 17

    • Paulo le Silase kwa Thesalonika (1-9)

    • Paulo le Silase kwa Berea (10-15)

    • Paulo kwa Athena (16-22a)

    • Puo ya ga Paulo kwa Areopago (22b-34)

  • 18

    • Bodiredi jwa ga Paulo kwa Korintha (1-17)

    • O boela kwa Antioka kwa Siria (18-22)

    • Paulo o ya kwa Galatia le Feregia (23)

    • Apolose yo o setswerere mo puong o a thusiwa (24-28)

  • 19

    • Paulo kwa Efeso; bangwe ba kolobediwa gape (1-7)

    • Tiro ya ga Paulo ya go ruta (8-10)

    • O a atlega le fa go na le bodimona (11-20)

    • Dikhuduego kwa Efeso (21-41)

  • 20

    • Paulo kwa Makedonia le Gerika (1-6)

    • Yutiko o tsosiwa mo baswing kwa Teroase (7-12)

    • Go tswa kwa Teroase go ya kwa Mileto (13-16)

    • Paulo o kopana le bagolwane ba kwa Efeso (17-38)

      • Go rera ka ntlo le ntlo (20)

      • “Go aba go itumedisa thata” (35)

  • 21

    • Ba ya kwa Jerusalema (1-14)

    • Ba goroga kwa Jerusalema (15-19)

    • Paulo o reetsa kgakololo ya bagolwane (20-26)

    • Khuduego mo tempeleng; Paulo o a tshwarwa (27-36)

    • Paulo o letlwa gore a bue le batho (37-40)

  • 22

    • Paulo o iphemela fa pele ga batho (1-21)

    • Paulo o dirisa tshwanelo ya gagwe ya go nna Moroma (22-29)

    • Maloko a Sanehederine a a kopana (30)

  • 23

    • Paulo o bua fa pele ga Sanehederine (1-10)

    • Paulo o nonotshiwa ke Morena (11)

    • Leano la boferefere la go bolaya Paulo (12-22)

    • Paulo o fudusediwa kwa Kaesarea (23-35)

  • 24

    • Paulo o a latofadiwa (1-9)

    • Paulo o iphemela fa pele ga ga Felise (10-21)

    • Kgang ya ga Paulo e emisiwa dingwaga di le pedi (22-27)

  • 25

    • Paulo o sekisiwa fa pele ga ga Feseto (1-12)

      • “Ke ikuela kwa go Kaesara!” (11)

    • Feseto o buisana le Kgosi Ageripa (13-22)

    • Paulo fa pele ga ga Ageripa (23-27)

  • 26

    • Paulo o iphemela fa pele ga ga Ageripa (1-11)

    • Paulo o tlhalosa gore o sokologile jang (12-23)

    • Tsela e Feseto le Ageripa ba arabang ka yone (24-32)

  • 27

    • Paulo o ya kwa Roma ka sekepe (1-12)

    • Setsuatsue se kgokgweetsa sekepe (13-38)

    • Sekepe se a thubega (39-44)

  • 28

    • Mo lotshitshing kwa Maleta (1-6)

    • Rraagwe Pubelio o a fodisiwa (7-10)

    • Ba ya kwa Roma (11-16)

    • Paulo o bua le Bajuda kwa Roma (17-29)

    • Paulo o rera ka bopelokgale dingwaga di le pedi (30, 31)