Fetela kwa tshedimosetsong

A di Dirilwe ke Mongwe?

Mmele wa Motho

Bokgoni Jwa Mmele Jwa go Alafa Dintho

Baitsesaense ba etsa jang bokgoni jono go dira dipolasetiki tse disha?

Diphologolo

Boboa Jwa Otter ya Lewatle

Diphologolo tse dintsi tsa mo metsing di na le mafura a mantsi mo teng ga letlalo, a a di thusang go nna di thuthafetse. Otter ya mo lewatleng yone e dirisa mokgwa o o farologaneng.

Ditedu Tsa Katse

Goreng baitsesaense ba dirile diroboto tse di nang le disensara tse di tshwanang le tsa ditedu tsa katse?

Leoto la Pitse

Ke ka ntlha yang fa baenjenere ba paletswe ke go etsa popego ya lone?

Ditshedi Tsa mo Metsing

Lefuka la Leruarua la Humpback

Bona tsela e lefuka la phologolo eno e kgolo le dirang ka yone le kafa e tlhotlheleditseng dikarolo dingwe tsa botshelo jwa gago ka gone.

Letlalo le le Kgonang go Iphepafatsa la Leruarua

Ke eng fa Baitsesaense ba ba batla go itse gore le iphepafatsa jang?

Tsela e Tlhapi Nngwe e Bonang Dilo ka Yone mo Metsing

Baitsesaense ba kopisa mokgwa wa tlhapi ya bottlenose dolphin go leka go tokafatsa didirisiwa tse ba di dirisang go itse gore go na le eng mo lewatleng.

Glue e e Dirwang ke Barnacle

Glue ya barnacle e kgona go kgomarela go feta glue epe fela e e dirilweng ke batho. Mme ke gone baitsesaense ba lemogang gore setshedi seno se dira jang gore se kgone go kgomarela mo dilong tse di metsi kgotsa tse di kolobileng.

Ditlhale Tse Ditshesane Tsa Setshedi se se Nnang mo Kgapetleng

Di-mussel di ingangatlela di dirisa ditlhale tsa tsone. Go tlhaloganya seno go ka re thusa go itse mokgwa o mosha o re ka o dirisang go kgomaretsa dilo mo dikagong kgotsa go kopanya mesifa le marapo.

Popego ya Dikgapetla Tsa mo Lewatleng

Tsela e dikgapetla tsa mo lewatleng di bopegileng ka yone, e sireletsa ditshedi tse di nnang mo go tsone.

Bokgoni Jwa Cuttlefish Jwa go Fetola Mmala

Baenjenere ba leka go etsa bokgoni jono ka go dira diaparo tse di kgonang go fetola mmala ka motsotswana.

Lesedi la Bobtail Squid ya Hawaii

Phologotswana eno e itirela lesedi gore e se ka ya bonwa.

Setshedi sa Metsi se se Nang le Matsogo a a Makatsang

Batlhami ba dirile motšhine o o kgatlhang.

Mokgwa wa go Bona wa Mmele wa Brittle Star

Ithute dilo tse di kgatlhang ka setshedi seno se se nnang mo lekekemeng la lewatle.

Go Tsamaya ka Setlhopha ga Ditlhapi

Ditlhapi di ka re ruta eng malebana le go fokotsa go thulana ga dikoloi?

Tsela e Manta Ray e Sefang Dijo ka Yone​—A di Dirilwe ke Mongwe?

Manta ray e sefa jang ditshedi tse dinnye thata go feta a maroba a tsone?

Dinonyane

Mafuka a a Tsholetsegang a Dinonyane

Baenjenere ba bolokile dilitara di ka nna dimilione di le 7 600 tsa lookwane lwa difofane tsa jet mo ngwageng o le mongwe fela.

Mafofa a Nonyane ya Emperor Penguin

Baithutatshelo ba ditshedi tsa lewatle ba lemogile eng ka mafofa a nonyane eno?

Go Fofa ga Nonyane ya Wandering Albatross e sa Dirise Maatla Thata

Utlwa kafa nonyane eno e ka fofang lobaka lo loleele ka gone e sa iteye diphuka tsa yone le fa e le gangwe fela!

Mokgwa wa go Bona Tsela wa Nonyane ya Bar-Tailed Godwit

Utlwa ka loeto lo lo gakgamatsang thata lwa nonyane eno lwa malatsi a le robedi.

Ditshedi Tsa mo Lefatsheng le mo Metsing

Letlalo le le Monyang Metsi la Mokgantitswane wa Thorny Devil

Mokgantitswane ono o kgona jang go fetisa metsi go tswa mo maotong a ya kwa molomong?

Mogatla wa Mokgantitswane wa Agama

Mokgantitswane ono o kgona jang go tlola go tswa fa fatshe o ya mo leboteng?

Lotlhaa Lwa Kwena

E loma botlhoko go feta tau le nkwe ka makgetlo a le mararo. Le fa go ntse jalo, lo tsiboga ka bonako go gaisa menwana ya motho. Jang?

Letlalo la Noga

Ke eng se se dirang gore letlalo la noga le nne thata mo e ka palamang dikutu tse di magwata tsa ditlhare kgotsa go epa mesima mo metlhabeng e e gotlhang?

Mokgwa wa go Tsala wa Segwagwa se se Beelang Mae mo Mpeng

Ke ka ntlha yang fa motho yo o dumelang gore dilo di iphetogetse ka botsone fela go nna tse dingwe a ne a re go thata go dumela gore tsela e mmele wa sone o dirang ka yone e ne e ka fetoga ka bonya, kgato ka kgato?

Ditshenekegi

Bokgoni Jwa go Kotama Jwa Notshi ya Mamepe

Goreng mokgwa ono wa go kotama o dirisiwa fa go dirwa diroboto tse di fofang?

Lekhaha la Dinotshe

Ke eng se se itsegeng ka dinotshe malebana le go sa dirise lefelo le legolo se baitsedipalo ba neng ba sa se itse go fitlha ka 1999?

Thamo ya Tshoswane

Tshoswane e kgona jang go tsholetsa dilo tse di bokete go feta mmele wa yone?

Tsela e Tshoswane Nngwe e Iphimolang Leswe ka Yone

Tshoswane eno e tlhoka go nna e le phepa gore e kgone go tshela. E dira seo jang?

Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara

Tshenekegi eno ke nngwe ya diphologolo tse di kgonang go itshokela mogote. Ke eng se se dirang gore e kgone go itshokela mogote o montsi jaana?

Modikologo wa Botshelo Jwa Tsie ya Cicada

Modikologo wa botshelo jwa ditshedi tseno tse di kgatlhang o bontsha gore di tlhagelela dibeke di le mmalwa fela morago ga dingwaga di le 13 kgotsa 17.

Maotwana a a Lomaganang a Tsie ya Issus

A thusa tshenekegi eno gore e kgone go tlolela kwa godimo.

Dinyurone Tse di Tsibosang Tsie fa e Fofa

Go tla jang gore segopa sa ditsie se fofe se sa thulane?

Go Utlwa ka Tsela e e Tlhomologileng ga Katydid

Ditsebe tsa tshenekegi eno e nnyennye di bereka fela jaaka tsa motho. Go batlisisa ka tsela eno e e tlhomologileng ya go utlwa go ka thusa jang mo go tsa saense le boenjenere jwa gompieno?

Lefuka la Serurubele

Lefuka la Blue Morpho le ka lebega le le borethe mme le na le dikarolo tse di ka bonwang fela ka maekorosekopo. Di thusa ka eng?

Lefuka la Serurubele le le Monyang Lesedi

Mmala o o bontsho jo bo tseneletseng ga se one fela o thuthafatsang lefuka la serurubele.

Bokgoni Jwa go Utlwa Jwa Serurubele sa Greater Wax Moth

Ka tsebe ya sone e e sa raraanang, se na le bokgoni jwa go utlwa go gaisa diphologolo tse dingwe.

Disensara Tsa Khukhwane ya Black Fire

Baenjenere le babatlisisi ba ka ithuta eng mo khukhwaneng eno e e tlhomologileng?

Bokgoni Jwa go Bona Tsela Jwa Khukhwane ya Boloko

Khukhwane ya boloko e dirisa thulaganyo efe ya go bona tsela? Mme batho ba ka ithuta eng mo go yone?

Lobone Lwa Sebonesanawa sa Photuris

Tshenekegi eno e nnyennye e tlhotlheleditse borasaense jang go dira di-LED tse di bonesang botoka, tse di dirisiwang go dira didirisiwa tse dintsi tsa eleketeroniki?

Haltere ya Ntsi

A o kile wa ipotsa gore ke eng fa go le thata go tshwara ntsi? Utlwa ka se baitsesaense ba se lemogileng.

Ntshi e e Fofang ka Ponyo ya Leitlho

Ntshi eno e tsapoga ka lobelo lo lo makatsang

Digokgo

Go Bona Dilo Letobo ga Segokgo se se Tlolang

Segokgo se se tlolang se dirisa jang go bona dilo letobo go lekanya sekgala se se tlhokang go se tlola? Ke eng fa babatlisisi ba batla go tsaya malebela mo mokgweng wa sone?

Bokgoni Jwa Segokgo Jwa go Dira Sekgomaretsi

Bobi jwa segokgo bo a nonofa fa go tlhokega gape ga bo nonofe fa go sa tlhokege. Utlwa gore jang mme ka ntlha yang.

Dimela

Bobududu jo bo Tsabakelang Jwa Pollia Berry

Pollia berry e na le mmala o o bobududu (blue) jo bo tseneletseng go gaisa dimela tsotlhe. Mme gone, ga e na seedi se se pududu se se dirang gore e nne le mmala. Ke eng se se dirang gore e nne le mmala o o tsabakelang jaana?

Dijalo Tse di Itseng Dipalo

Babatlisisi ba lemogile gore semela sa mosedara se na le bokgoni jo bo kgatlhang.

Microscopic World

Bogolo Jwa Bobolokelo Jwa DNA

DNA e ile ya bidiwa “ultimate hard drive.” Utlwa gore ka ntlha yang.

Ditshedi Tse Dinnye Tse di Nyeletsang Oli

Di kgona jang go phepafatsa oli e e tshologetseng mo metsing fa di bapisiwa le mekgwa ya batho?