Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A LO TLHAMILWE?

Lotlhaa Lwa Kwena

Lotlhaa Lwa Kwena

KWENA e na le meno a a bogale fa e bapisiwa le diphologolo tse dingwe. Ka sekai, kwena e e nnang mo metsing a a letswai e e bonweng gaufi le Australia, e loma botlhoko go feta tau le nkwe ka makgetlo a le mararo. Le fa go ntse jalo, lotlhaa lwa kwena lo tsiboga ka bonako go gaisa kafa dintlha tsa menwana ya motho di tsibogang ka gone. Seo se ka direga jang e re ka letlalo la kwena le le thata?

Lotlhaa lwa kwena lo na le ditemosi di le diketekete. Fa mmatlisisi Duncan Leitch a sena go ithuta ka tsone, o ne a re: “Tshika nngwe le nngwe e tswa mo phatlheng e e mo logateng lwa yone.” Ditemosi tseno di sireletsa ditshika tse di mo lotlhaeng e bile di dira gore e kgone go tsiboga ka bonako ka tsela e e ka se kang ya lekanngwa le epe. Seo se dira gore e kgone go lemoga gore a se se tsenang mo leganong la yone ke dijo kgotsa ke leswe. Ke sone se gape se dirang gore kwena e e namagadi e kgone go tshwara ngwana wa yone ka lotlhaa e sa mo lome. Lotlhaa lo lo gakgamatsang lwa kwena lo bontsha maatla le bokgoni jwa yone jwa go tsiboga.

O akanyang? A lotlhaa lwa kwena lo itlhagetse ka bolone fela? Kgotsa a lo tlhamilwe?