Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

  A BO TLHAMILWE?

Bogolo Jwa Bobolokelo Jwa DNA

Bogolo Jwa Bobolokelo Jwa DNA

BATHO ba ba dirisang dikhomputara ba dira tshedimosetso e ntsi thata e e tshwanelwang ke go bolokwa gore e kgone go dirisiwa fa e tlhokega. Baitsesaense ba solofela gore ba tla kgona go fetola gotlhelele mekgwa ya gompieno ya go boloka tshedimosetso ka go tsaya malebela mo thulaganyong ya maemo a a kwa godimo thata ya go boloka tshedimosetso e e fitlhelwang mo dilong tsa tlholego—DNA.

Ela tlhoko: DNA e e fitlhelwang mo diseleng tsa setshedi e na le tshedimosetso e ntsintsi ka setshedi seo. Nick Goldman wa European Bioinformatics Institute a re: “Re ka e tsaya mo marapong a di-woolly mammoth . . . mme re bo re e tlhaloganya sentle. Gape e nnye fela thata e bile e kitlane mo e sa tlhokeng motlakase go boloka tshedimosetso, ka jalo go motlhofo go e romela kwa lefelong le lengwe le go e boloka.” A DNA e ka kgona go boloka tshedimosetso e e dirilweng ke batho? Babatlisisi ba re e ka kgona.

Baitsesaense ba kopantse DNA le mokwalo, ditshwantsho le difaele tse di reediwang tse di fetoletsweng mo dikhoutong, fela jaaka didirisiwa tse di bolokang tshedimosetso di dira. Moragonyana babatlisisi ba ile ba kgona go fetolela ka nepo tshedimosetso e e bolokilweng ka dikhouto gore e kgone go tlhaloganngwa. Baitsesaense ba dumela gore fa nako e ntse e ile, go ka dirisiwa mokgwa ono gore gerama e le nngwe ya DNA e e itiretsweng e kgone go boloka tshedimosetso ya di-CD di ka nna 3 000 000 mme tshedimosetso eno yotlhe e kgone go bolokwa dingwaga di le makgolokgolo kgotsa le e leng diketekete. Go ka direga gore mo isagweng mokgwa ono o boloke tshedimosetso yotlhe ya lefatshe e e mo mabolokelong a tshedimosetso ya khomputara. Ka jalo, DNA e ile ya bidiwa “the ultimate hard drive [sebolokatshedimosetso sa khomputara se se di gaisang tsotlhe].”

O akanyang? A bogolo jwa bobolokelo jwa DNA bo nnile gone ka bogone fela? A kgotsa bo tlhamilwe?