Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A A TLHAMILWE?

Mafofa a Nonyane ya Emperor Penguin

Mafofa a Nonyane ya Emperor Penguin

NONYANE ya lewatle e e bidiwang emperor penguin e kgona go thuma mo metsing le go itatlhela mo godimo ga aese ka lobelo lo lo gakgamatsang. E kgona jang go dira jalo?

Lefofa la emperor penguin

Ela tlhoko: Emperor penguin e boloka mowa mo gare ga mafofa a yone. Seno ga se dire fela gore nonyane eno e nne e thuthafetse fa go le tsididi thata mme gape se dira gore e kgone go tsamaya ka lobelo lo logolo thata go feta kafa e neng e ka kgona ka gone fa e ka bo e sa boloke mowa jalo. Jang? Baithutatshelo ba ditshedi tsa lewatle ba akanya gore e dira jalo ka go ntsha dipudula tse dinnye tsa mowa fa gare ga mafofa a tsone. Fa dipudula tseno di ntse di tswa, di dira gore diphofa tsa penguin di nne borethe, mo go dirang gore lobelo lwa yone lo oketsege.

Se se kgatlhang ke gore baenjenere ba ntse ba ithuta ditsela tsa go dira gore dikepe di tsamaye ka lobelo lo lo oketsegileng ba dirisa dipudula go dira gore mebele ya dikepe e nne borethe. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba dumela gore go thata go dira dipatlisiso tse di oketsegileng ka gonne “go ka nna thata go dira sengwe se se tshwanang le mafofa a a raraaneng a penguin go dirisiwa sengwe se se itiretsweng ke motho se se marobana kgotsa se se jaaka sefo.”

O akanyang? A mafofa a emperor penguin a itiragaletse fela? A kgotsa a tlhamilwe?