Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A BO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa go Kotama Jwa Notshi ya Mamepe

Bokgoni Jwa go Kotama Jwa Notshi ya Mamepe

DINOTSHI tsa mamepe di kgona go kotama mo selong se se lebileng gongwe le gongwe. Di dira seo jang?

Akanya ka seno: Gore notshi eno e kgone go kotama sentle, e tlhoka go fokotsa lobelo lwa yone thata. E dira seno ka go bona gore e bokgakala jo bo kae le selo se e batlang go kotama mo go sone le gore e fofa ka lobelo lo lo kae. Go tswa foo, e bo e fofa ka lobelo lo lo lekaneng. Le fa go ntse jalo, ditshenekegi tse dingwe ga di kgone go dira seno ka gonne matlho a tsone a bapile thata e bile a leba fela kwa di yang gone, ka jalo, ga di kgone go itse sentle gore di bokgakala jo bo kae le selo se di batlang go kotama mo go sone.

Notshi eno e bona dilo botoka thata go gaisa motho yo o dirisang sedirisiwa se se mo thusang go bona dilo tse di kgakala. Matlho a yone a dira gore dilo di nne dikgolo fa e di atamela. Fa e ntse e atamela selo se e yang kwa go sone, bogolo jwa selo seo bo oketsega ka bonako. Diteko tse di dirilweng kwa Australian National University di bontsha gore dinotshi tseno di fokotsa lobelo lo di fofang ka lone gore bogolo jwa selo se di batlang go kotama mo go sone bo se ka jwa oketsega. Fa notshi eno e fitlha mo selong seo, e a bo e setse e kgonne go fokotsa lobelo lwa yone thata mme seo se dira gore e kotame sentle.

Lokwalodikgang lwa Proceedings of the National Academy of Sciences lwa re: “Mokgwa ono wa go kotama le tsela e di dirang seno motlhofo ka yone . . . o dirisiwa fa go dirwa diroboto tse di fofang.”

O akanyang? A bokgoni jwa go kotama jwa notshi ya mamepe bo itlhagetse fela? Kgotsa a bo tlhamilwe?