Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A BO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa go Utlwa Jwa Serurubele sa Greater Wax Moth

Bokgoni Jwa go Utlwa Jwa Serurubele sa Greater Wax Moth

SERURUBELE sa greater wax moth se kgona go utlwa modumo o o kwa tlase thata go gaisa diphologolo tse dingwe mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ditsebe tsa sone ga di a raraana mme nngwe le nngwe ya tsone e lekana le tlhogwana ya nnale.

Akanya ka seno: Go setse go fetile dingwaga tse dintsi batho ba ithuta ka bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go utlwa jwa serurubele seno. Bosheng jaana, baitsesaense ba kwa Yunibesithing ya Strathclyde, kwa Scotland, ba ile ba dirisa medumo e e farologaneng go bona tsela e serurubele seno se utlwang ka yone. Ba ne ba lekanyetsa selekanyo se se utlwang ka sone mme ba fitlhela se kgona go utlwa go feta ditshedi di le dintsi tse di jaaka bommamathwane, di-dolphin tota le batho.

Babatlisisi ba batla go dirisa bokgoni jwa go utlwa jwa serurubele seno mo thekenolojing. Ba tla dira seo jang? Dr James Windmill wa kwa Yunibesithing ya Strathclyde a re: “Ka go dira dimaekerofouno tse dinnye tse di kgonang go tshwara modumo o o kwa tlase e bile o le kgakala. Di ka tsenngwa mo didirisiweng di le dintsi tse di jaaka difouno tsa selula le mo didirisiweng tsa batho ba ba sa kgoneng go utlwa.”

O akanyang? A bokgoni jwa go utlwa jwa serurubele sa greater wax moth bo nnile gone ka bojone fela? Kgotsa bo tlhamilwe?