Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A e Ne e Tlhamilwe?

Haltere ya Ntsi

Haltere ya Ntsi

Ke eng fa ntsi e e tlwaelegileng e kgona go fofa ka tsela e e raraaneng? Fa tshenekegi eno e phailwa ke phefo e e tsubutlang, ke eng fa e kgona go boa e ipaakanya ka bonako e bo e tswelela pele e ya kwa e neng e ya gone? E thusiwa ke dikarolo tse pedi tse dinnyennye tse di bidiwang di-haltere mme e le nngwe e kafa morago ga lefuka lengwe le lengwe. *

Ela tlhoko: Haltere e bopegile jaaka thobanyane e e nang le kgolokwe kwa tlhogong. Fa ntsi e fofa di-haltere di ya kwa godimo le kwa tlase ka lobelo lo lo tsamaelanang le lwa diphuka mme tsone di ya kwa ntlheng e sele. Baitsesaense ba lemogile gore di-haltere di thusa dintsi gore di se ka tsa wa fa di ntse di fofa.

Fa ntsi eno e e tlwaelegileng (kafa molemeng) le “crane fly” di ka bo di se na di-“haltere,” di ne di tla itaagana fa fatshe

Encyclopedia of Adaptations in the Natural World ya re di-haltere di dirisa dintlha tsa tsone tse di kgolokwe “go iteela kwa ntlheng e e rileng, fela jaaka tshipi e e akgegang (pendulum) mo gare ga tleloko.” Buka eno ya tshedimosetso ya re fa e ka re ntsi eno e ntse e fofa e bo e retologa ka bonako, e ka ne e batla go dira jalo kgotsa e le ka ntlha ya setsuatsue sa phefo, “thobane ya haltere e tla sokega. Go sokega gono go lemogiwa ke dintlha tsa ditshikana tse di golaganeng le haltere, mme tshedimosetso eo e bo e romelwa kwa bobokong gore ntsi e kgone go dira se se tlhokegang . . . gore e se ka ya tswa mo tseleng.” Seo se dira gore dintsi di nne majato mme go nne thata gore motho a ka di tshwara.

Baenjenere ba bona dilo di le dintsintsi tsa botegeniki jo bo tlhotlheleditsweng ke haltere mo dilong tse di jaaka diroboto, ditshenekegi tse di fofang tse di itiretsweng le dipalangwa tse di tsamayang kwa lefaufaung. Mmatlisisi wa dilo tse di yang kwa lefaufaung e bong, Rafal Zbikowski o ne a kwala jaana: “Ke mang yo o neng a ka akanya gore setshedi se se sa rategeng se se jaaka ntsi se ka re ruta go le gontsi jaana?”

O akanya eng? A haltere ya ntsi e itiragaletse fela? A kgotsa e ne e tlhamilwe?

^ ser. 3 Di-haltere di fitlhelwa mo ditshenekeging tse di nang le diphuka tse pedi, tse di jaaka dintsi le mentsane.