Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DEA/G. Dagli Orti/De Agostini via Getty Images

Huldrych Zwingli O Batla Boammaaruri

Huldrych Zwingli O Batla Boammaaruri

 Gompieno go bonolo gore batho ba lemoge gore a se ba se dumelang se dumalana le se Baebele e se rutang. Go ne go sa nna jalo ka dingwaga tsa bo1500. Goreng? Ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba se na Baebele ka dipuo tsa bone. Seo se ne sa dira gore ba se ka kgona go bapisa se Kereke e se rutang le se se mo Baebeleng. Tota le baeteledipele ba bodumedi ba ne ba sa ba thuse. Buka ya History of the Christian Church e a re: “Kereke ya Switzerland e ne e tletse bonweenwee. Baeteledipele ba yone ba ne ba itlhokomolosa dilo, ba dumela mo masaitseweng e bile ba dira boitsholo jo bo sa siamang.”

 Mo nakong eo, Huldrych Zwingli o ne a simolola go batla boammaaruri jo bo mo Baebeleng. O bone eng? O ile a abelana jang le ba bangwe se a se ithutileng? Mme re ithuta eng mo botshelong jwa gagwe le mo go se a neng a se dumela?

Zwingli O Simolola go Batla Boammaaruri

 Mo dingwageng tsa gagwe tsa bosha, Zwingli o ne a batla go nna moruti wa Katoliki. Fela jaaka mongwe le mongwe yo o neng a batla go nna moruti, Zwingli o ne a tshwanetse go ithuta filosofi, dingwao tsa kereke le “Dibuka tsa Boruti” mme gone kwa sekolong seo go ne go sa rutiwe se se mo Baebeleng.

 Zwingli o ne a simolola go bona boammaaruri jwa Baebele jang? Fa a ntse a le kwa yunibesithing ya Basel kwa Switzerland, o ne a tsena ditlelase tsa ga Thomas Wyttenbach. Thomas Wyttenbach o ne a kgala thulaganyo ya kereke ya gore batho ba duele baruti madi e le gore ba se ka ba bogisiwa kwa pakatoring morago ga gore ba tlhokafale. Go ya ka mokwadi mongwe, Zwingli “o ne a ithuta go tswa mo go [Wyttenbach] gore Keresete o ne a re swela gangwe fela gore re itshwarelwe maleo.” (1 Petere 3:18) Morago ga gore Zwingli a tlhaloganye gore go itshwarelwa maleo go ikaegile ka thekololo ya ga Jesu, o ile a gana thuto ya gore baeteledipele ba bodumedi ba tshwanetse go newa madi e le gore batho ba itshwarelwe maleo. (Ditiro 8:20) Le fa go ntse jalo, Zwingli o ne a tswelela ka dithuto tsa gagwe mme a nna moruti wa Katoliki a na le dingwaga di le 22.

 Mo dingwageng tsa gagwe tsa bo20, Zwingli o ile a ithuta Segerika e le gore a kgone go tlhaloganya Tesetamente e e Ntšha. O ile a tlhatlhoba mekwalo ya ga Erasmus mme a ithuta gore Jesu ke ene fela Motsereganyi magareng ga Modimo le batho, fela jaaka Baebele e ruta. (1 Timotheo 2:5) Ka ntlha ya seo, Zwingli o ile a simolola go belaela thuto ya gore go tshwanetse ga dirisiwa baitshepi go bua le Modimo.

 Fa Zwingli a le mo dingwageng tsa bo30, o ile a simolola go batla boammaaruri ka tlhoafalo. Le fa go ntse jalo, ka nako eo e ne e le moruti wa sesole fa Europe e ne e lwela go laola Italy. Ka 1515 ka ntwa ya Marignano, o ile a bona fa Bakatoliki ba ganyaola Bakatoliki ba bangwe. Morago ga dingwaga di le mmalwa, Zwingli o ne a kopolola le go tshwarelela bontsi jwa Dikwalo Tsa Segerika ka tlhogo. Ka 1519, o ne a nna kwa Zurich, lefelo le le neng le na le maatla mo go tsa sepolotiki kwa Switzerland. Fa a le koo, o ne a simolola go dumela gore Dikereke tse di rutang dithuto tse di seyong mo Baebeleng di tshwanetse go tlosiwa. Mme gone, o ne a tla thusa jang ba bangwe go dumela se a se dumela?

“Ga re Ise Re ko Re Utlwe Thero e e Tshwanang le Eno”

 Zwingli o ne a dumela gore fa batho ba ka utlwa boammaaruri jwa Baebele, ba ne ba tla gana maaka a a rutiwang ke bodumedi. Morago ga gore a tlhomiwe go nna moruti kwa kerekeng ya Grossmünster kwa Zurich, o ile a simolola go rera a sa dirise buka ya lectionary a ya Se-Latin e e neng e na le dingwagangwaga e dirisiwa ke baeteledipele ba kereke. Go na le moo, o ne a rera a dirisa Baebele. Go na le go dirisa dikgopolo tsa baeteledipele ba kereke go tlhalosa dikwalo, o ne a letla gore Baebele e itlhalose. O ne a dirisa makwalo a a motlhofo go tlhaloganyesega go tlhalosa a a thata.—2 Timotheo 3:16.

Sergio Azenha/Alamy Stock Photo

Kereke ya Grossmünster kwa Zurich

 Fa a ntse a rera o ne a bontsha batho gore go botlhokwa go dirisa Baebele mo botshelong. O ne a ruta gore Baebele ya re batho ba tshwanetse go itshwara jang, gore go phoso go obamela Marea mmaagwe Jesu, go rapela baitshepi, go duela baeteledipele ba kereke e le gore maleo a bone a itshwarelwe le gore baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang. Batho ba ne ba itshwara jang? Morago ga thero ya gagwe ya ntlha, batho ba ne ba re: “Ga re ise re ko re utlwe thero e e tshwanang le eno.” Rahisitori mongwe o ne a bua jaana ka batho ba ba neng ba reeditse Zwingli: “Batho botlhe ba ba neng ba tlogetse kerekeng ka ntlha mekgwa e e ferosang sebete ya baruti, ba ne ba simolola go boela kerekeng.”

 Ka 1522, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dira gore boradipolotiki ba Zurich ba nne kgatlhanong le batho ba ba sa direng dilo go ya ka tumelo ya kereke. Ka ntlha ya seo, go ne gatwe Zwingli ke mokgelogi. E re ka a ne a sa batle go fetola se a neng a se dumela, o ne a tlogela go nna moruti wa Katoliki.

Zwingli O ne A Dira Eng?

 Le fa gone Zwingli e ne e sa tlhole e le moruti, o ne a tswelela a rera le go leka go thusa batho go dumela se a se dumelang. O ile a simolola go itsege thata ka ntlha ya go rera mme seo se ne sa dira gore a nne le tlhotlheletso e kgolo mo dipolotiking tsa kwa Zurich. O ne a e dirisa tlhotlheletso ya gagwe go leka go dira gore tsela e bodumedi kwa Zurich bo dirang dilo ka yone e fetoge. Ka sekai, ka 1523 o ne a tlhotlheletsa baeteledipele ba tsa semolao gore ba thibele bodumedi bope fela jo bo rutang dithuto tse di sa dumalaneng le se Baebele e se rutang. Ka 1524, o ile a tlhotlheletsa baeteledipele bao gore ba dire gore go dirisa ditshwantsho mo kobamelong go nne kgatlhanong le molao. Bomagiseterata ba toropo, bareri bangwe mo motseng le batho ba bangwe ba ile ba etelelapele tiro ya go senya dibeso, medingwana, ditshwantsho le ditshwantsho tse di emelang baitshepi. Buka ya Zwingli—God’s Armed Prophet e a re: “Ga go ise go ke go nne le tshenyo e e kana kana ntle le e e bakilweng ke batsamaya ka dikepe ba ba neng ba utswa mo dikagong tsa bodumedi.” Ka 1525, Zwingli o ile a tlhotlheletsa balaodi go fetola dikago tsa dikereke go nna dipetlele le go dira gore batho ba ba neng ba sa letlelelwa go tsena mo lenyalong go ya ka molao wa kereke ba letlelelwe go dira jalo. O ile a re moletlo wa Mmisa o emisediwe ka moletlo o o theilweng mo Baebele. (1 Bakorintha 11:23-25) Baitsehisitori ba re se Zwingli a se dirileng se ile sa dira gore baeteledipele ba bodumedi le ba dipolotiki ba kwa Zurich ba dire mmogo, mme seo se ne sa thusa gore go nne le phetogo mo tseleng e bodumedi bo dirang dilo ka yone le gore go nne le kereke e ntšha ya Porotesetanta.

Babele ya kwa Zurich ya thanolo ya 1536 kwa Ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warwick, New York

 Tiro e e botlhokwa thata e Zwingli a ileng a e dira ke go ranola Baebele. Ka bo1520 o ne a dira mmogo le setlhopha sengwe sa baithuti ba dirisa mekwalo ya ntlhantlha ya Sehebera le Segerika, gape ba ne ba dirisa Septuagint ya Segerika le thanolo ya Latin Vulgate. Mokgwa o ba neng ba o dirisa o ne o le motlhofo. Ba ne ba bala temana mo mekwalong ya puo ya ntlhantlha le mo dithanolong tse di ikanyegang go tswa foo, ba ne ba tlotla ka bokao jwa temana ba bo ba kwala se ba se fitlheletseng. Ba ne ba tlhalosa le go ranola Baebele mme seo se ne sa thusa gore go nne le bolumo e le nngwe ya Baebele ya kwa Zurich ka 1531.

 Le fa Zwingli a ne a na le maikaelelo a a siameng, o ne a sa tlotle dikgopolo tsa batho ba bangwe e bile a le dikgoka. Ka sekai, ka 1525 o ne a ya kgotlatshekelong le batho ba ba neng ba sa dumalane le kgopolo ya gagwe ya gore masea a kolobediwe. Fa kgotlatshekelo e ntsha molao wa gore ope fela yo o sa dumalaneng le go kolobediwa ga masea a bolawe, o ne a tshegetsa molao oo. Gape o ne a tlhotlheletsa boradipolotiki gore ba dirise masole go pateletsa batho go amogela tumelo eo e ntšha. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba neng ba nna kwa mafelong a a neng a tletse ka Bakatoliki kwa Switzerland ba ne ba gana go amogela tumelo eo. Mme seo se ne sa dira gore go nne le ntwa ya selegae. Zwingli o ne a ya ntweng le masole a kwa Zurich mme o ne a bolaelwa koo a na le dingwaga di le 47.

Boswa Jwa ga Zwingli

 Le fa gone Huldrych Zwingli a sa itsege thata jaaka baeteledipele bangwe ba Baporotesetanta ba ba neng ba na le tlhotlheletso e kgolo ba ba jaaka, Martin Luther le John Calvin, Zwingli o ile a dira diphetogo tse dikgolo tse di sa lebalesegeng. O ile a ganetsana le dithuto tsa Bakatoliki go feta ka fa Luther a ileng a ganetsana le tsone ka gone mme se Zwingli a ileng a se dira se ile sa dira gore go nne bonolo gore batho ba amogele dithuto tsa ga Calvin. Ka ntlha ya seo, o ile a bidiwa Monna wa Boraro o o Ileng a Dira Diphetogo Tse Dikgolo.

 Zwingli o ile a dira dilo tse di molemo le tse di bosula. E le gore a anamise dithuto tsa gagwe, o ile a nna le seabe mo dipolotiking le mo ntweng. O ile a palelwa ke go etsa sekao sa ga Jesu Keresete sa go gana go tsenelela mo dipolotiking le go ruta batho go rata baba ba bone, e seng go ba bolaya.—Mathaio 5:43, 44; Johane 6:14, 15.

 Le fa go ntse jalo, Zwingli o itsege e le moithuti yo o tlhagafetseng wa Baebele yo o neng a batla go abela ba bangwe se a se ithutileng. O ile a ithuta boammaaruri bo le bontsi go tswa mo Baebeleng mme a thusa batho ba bangwe go dira se se tshwanang.

a Lectionary ke buka e e nang le ditemana dingwe tsa Baebele tse di tlhophilweng gore di balwe kwa kerekeng mo ngwageng.