Fetela kwa tshedimosetsong

Setlhabelo sa ga Jesu ke “Thekololo ya Batho ba le Bantsi” ka Tsela Efe?

Setlhabelo sa ga Jesu ke “Thekololo ya Batho ba le Bantsi” ka Tsela Efe?

Karabo ya Baebele

Modimo o dirisa setlhabelo sa ga Jesu go golola batho mo boleong le mo losong. Baebele e bitsa madi a ga Jesu e re ke thekololo. (Baefeso 1:7; 1 Petere 1:18, 19) Ke ka moo Jesu a ileng a re o tlile mo lefatsheng go tla go ntsha botshelo jwa gagwe e le “thekololo ya batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28, Baebele e e Boitshepo.

Goreng go ne go tlhokega “thekololo ya batho ba le bantsi”?

Motho wa ntlha e bong Adame o ne a bopiwa a itekanetse kgotsa a se na boleo. O ne a na le tshono ya go tshelela ruri mme o ne a tlhopha go tlola taelo ya Modimo. (Genesise 3:17-19) Adame o ne a fetisetsa boleo joo mo baneng ba gagwe. (Baroma 5:12) Ke gone ka moo Baebele e reng Adame o ne a ‘rekisa’ ene le bana ba gagwe mo boleong le mo losong. (Baroma 7:14) Go ne go se ope wa bana ba gagwe yo o neng a ka kgona go rekolola se Adame a neng a se latlhile.—Pesalema 49:7, 8.

Modimo o ne a utlwela ditlogolwana tsa ga Adame botlhoko ka ntlha boemo jo ba neng ba le mo go jone. (Johane 3:16) Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa e le Modimo wa tshiamiso, o ne a tshwanelwa ke go dira sengwe go golola ditlogolwana tsa ga Adame mo boleong le mo losong. (Pesalema 89:14; Baroma 3:23-26) Modimo o rata batho, ka jalo o ne a rulaganya gore batho ba itshwarelwe maleo a bone le gore a phimolwe. (Baroma 5:6-8) Modimo o ne a dirisa thekololo go dira jalo.

Thekololo e bereka jang?

Mo Baebeleng, lereo “thekololo” le kaya dilo tseno tse tharo:

  1. Ke tuelo.Dipalo 3:46, 47.

  2. E a golola.Ekesodo 21:30.

  3. E na le tlhwatlhwa e e tsamaisanang le selo se se duelelwang. *

Ela tlhoko kafa dilo tseno di amanang ka gone le setlhabelo sa ga Jesu Keresete.

  1. Tuelo. Baebele ya re Bakeresete ba ‘rekilwe ka tlhwatlhwa.’ (1 Bakorintha 6:20; 7:23) Tlhwatlhwa eo ke madi a ga Jesu, a a ileng a dirisiwa go ‘rekela Modimo batho go tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.’​—Tshenolo 5:8, 9.

  2. Go golola. Setlhabelo sa ga Jesu se re leretse “thekololo,” ka go re golola mo boleong—1 Bakorintha 1:30; Bakolosa 1:14; Bahebera 9:15.

  3. Tlhwatlhwa e e tsamaisanang le sengwe. Botshelo jwa ga Jesu bo ne bo tshwana le jo Adame a bo latlhileng—Adame o ne a sena boleo pele a leofa. (1 Bakorintha 15:21, 22, 45, 46) Baebele ya re: “Fela jaaka ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi ka botlhokakutlo jwa motho a le mongwe [e bong Adame], ka tsela e e tshwanang ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng ka go utlwa ga motho a le mongwe [e bong Jesu Keresete].” (Baroma 5:19) Seno se bontsha kafa loso lwa motho a le mongwe lo ka rekololang baleofi ba le bantsi ka gone. Tota e bile, setlhabelo sa ga Jesu ke tuelo e e gololang batho ba ba lekang ka natla go solegelwa molemo ke setlhabelo seo.—1 Timotheo 2:5, 6.

^ ser. 7 Mo Baebeleng, lefoko le le ranotsweng e le “thekololo” le kaya tlhwatlhwa e e duelelwang go reka sengwe. Ka sekai, lediri la Sehebera ka·phar′ le kaya go ‘bipa.’ (Genesise 6:14) Gantsi lefoko leno le kaya go bipa boleo. (Pesalema 65:3) Lekaelagongwe la lefoko leo e leng ko′pher le kaya tlhwatlhwa e e duelwang go bipa boleo joo. (Ekesodo 21:30) Ka tsela e e tshwanang, lereo la Segerika ly′tron le gantsi le ranolwang e le “thekololo” gape le ka ranolwa e le “kgololo.” (Mathaio 20:28; Tswana Central) Bakwadi ba Bagerika ba ne ba dirisa lereo leno fa ba bua ka go golola motho yo o tshwerweng ka nako ya ntwa kgotsa go golola lekgoba.