Fetela kwa tshedimosetsong

A Marea ke Mmaagwe Modimo?

A Marea ke Mmaagwe Modimo?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, Baebele ga e re Marea ke mmaagwe Modimo e bile ga e kgothaletse Bakeresete gore ba mo obamele kgotsa ba mo tseele kwa godimo. * Seo ke ka gonne:

  • Marea ga a ise a tsamaye a re ke mmaagwe Modimo. Baebele ya re Marea o ile a tshola “Morwa Mogodimodimo” e seng Modimo ka sebele.—Mareko 1:1; Luke 1:32.

  • Jesu Keresete ga a ise a tsamaye a re Marea ke mmaagwe Modimo kgotsa gore o ne a tshwanetse go tlotlomadiwa ka tsela nngwe. Nako nngwe mosadi mongwe o ne a tlotlomatsa Marea go bo e le mmaagwe Jesu mme Jesu o ile a raya mosadi yoo a re: “Nnyaa, go na le moo, go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:27, 28.

  • Mafoko a a reng “Mmaagwe Modimo” le “Theotokos” ga a yo mo Baebeleng.

  • Mafoko a a reng “Kgosigadi ya Magodimo” a a mo Baebeleng ga a bue ka Marea go na le moo a bua ka modimo wa maaka o Baiseraele ba neng ba mo obamela. (Jeremia 44:15-19) Mafoko ano a ka tswa a ne a bua ka modimo wa mosadi wa kwa Babelona yo o bidiwang Ishtar (Astarte).

  • Bakeresete ba ntlhantlha ba ne ba sa obamele Marea e bile ba ne ba sa mo tseele kwa godimo. Rahisitori mongwe a re Bakeresete “ba ne ba ka se ka ba tseela Marea kwa godimo kgotsa go mo tlotlomatsa ka gonne seo se ne se tla tshwana le go obamela modimo wa maaka.”—In Quest of the Jewish Mary.

  • Baebele ya re Modimo ga a na tshimologo le fa e le bokhutlo. (Pesalema 90:1, 2; Isaia 40:28) Seo se raya gore ga a na mama. Gape Marea o ne a ka se kgone go tshola Modimo mo popelong ya gagwe ka gonne Baebele ya re le magodimo ka boone ga a lekane Modimo.—1 Dikgosi 8:27.

Marea e ne e le Mmaagwe Jesu e seng “Mmaagwe Modimo”

Marea e ne e le Mojuda e bile o ne a tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Luke 3:23-31) Modimo o ne a mo rata ka gonne o ne a na le tumelo e bile a ineetse mo Modimong. (Luke 1:28) Modimo o ile a mo tlhopha gore a nne mmaagwe Jesu. (Luke 1:31, 35) Marea le Josefa ba ile ba nna le bana ba bangwe.—Mareko 6:3.

Le fa Baebele e re Marea o ile a nna mongwe wa balatedi ba ga Jesu, ga e tlhalose tshedimosetso e nngwe gape ka ene.—Ditiro 1:14.

^ ser. 1 Dikereke tse dintsi di ruta batho gore Marea ke mmaagwe Modimo. Di mmitsa “Kgosigadi ya kwa Legodimong” kgotsa di dirisa lefoko la Segerika Theotokos le le kayang “Mmaagwe Modimo.”