Bakorintha wa Ntlha 11:1-34

  • “Etsang sekao sa me” (1)

  • Botlhogo le go rwala mo tlhogong (2-16)

  • Go gopola Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa (17-34)

11  Etsang sekao sa me, fela jaaka le nna ke etsa sekao sa ga Keresete.+  Ke lebogela go bo lo nkgopola mo dilong tsotlhe e bile lo dira dilo tsotlhe tse ke di lo rutileng.  Mme ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete;+ mosadi ene tlhogo ya gagwe ke monna;+ mme Keresete ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.+  Monna mongwe le mongwe yo o rapelang kgotsa yo o porofetang a rwele sengwe mo tlhogong o tlontlolola yo e leng tlhogo ya gagwe;  mme mosadi mongwe le mongwe yo o rapelang kgotsa yo o porofetang+ a sa rwala o tlontlolola yo e leng tlhogo ya gagwe, ka gonne o tshwana fela le mosadi yo o beotseng tlhogo.  Fa e le gore mosadi ga a rwale, a a pome moriri; mme fa e le gore go tlhabisa ditlhong gore mosadi a pome kgotsa a beole, a a rwale.  Monna ga a tshwanela go rwala mo tlhogong, ka gonne e le setshwano sa Modimo+ le kgalalelo ya Modimo, mme mosadi ke kgalalelo ya monna.  Gonne monna ga a a tswa mo mosading, mme mosadi o ne a tswa mo monneng.+  Mo godimo ga moo, monna ga a a ka a bopelwa mosadi, mme mosadi ke ene a bopetsweng monna.+ 10  Ka ntlha ya seno le ka ntlha ya baengele, mosadi o tshwanetse go rwala mo tlhogong e le sesupo sa gore o ikobela monna wa gagwe.+ 11  Mo godimo ga moo, mo phuthegong ya Morena, mosadi ga a ka ke a nna teng kwantle ga monna, monna le ene ga a ka ke a nna teng kwantle ga mosadi. 12  Gonne fela jaaka mosadi a tswa mo monneng,+ monna le ene o teng ka mosadi; mme dilo tsotlhe di tswa kwa Modimong.+ 13  Itireleng tshwetso: A mosadi o tshwanetse go rapela Modimo a sa rwala mo tlhogong? 14  A tsela e batho ba bopilweng ka yone ga e lo rute gore fa monna a na le moriri o moleele o a itlontlolola, 15  mme fa mosadi a na le moriri o moleele, ke tlotlo mo go ene? Ka gonne mosadi o neilwe moriri ono gore e nne serwalo sa tlhogo ya gagwe. 16  Le fa go ntse jalo, motho mongwe a ka nna a se ka a dumalana le kgang eno, mme eo ga se tsela e rona kgotsa diphuthego tsa Modimo di dirang dilo ka yone. 17  Mme fa ke ntse ke lo naya ditaelo tseno, ga ke lo akgole ka gonne fa lo phuthega mmogo lo utlwisana botlhoko, ga lo thusane. 18  Sa ntlha, ke utlwa gore fa lo le mmogo mo phuthegong, ga lo utlwane; mme ke dumela gore seo se ka tswa se le boammaaruri. 19  Gonne mo maemong a a ntseng jalo ruri go tla nna le makoko mo phuthegong ya lona,+ mme go tla bonala gore ke bomang ba ba amogelwang ke Modimo. 20  Fa lo phuthega mmogo, ga lo je Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa ka tsela e e siameng.+ 21  Gonne fa go tla nako ya gore lo di je, mongwe le mongwe o ja dijo tsa gagwe tsa maitseboa go sa le pele, yo mongwe o tshwerwe ke tlala mme yo mongwe o tlhapetswe. 22  A ga go na matlo a lo ka jelang lwa bo lwa nwela kwa go one? Kgotsa a lo nyatsa phuthego ya Modimo e bile lo tlhabisa ba ba humanegileng ditlhong? Ke lo reye ke reng? A ke lo akgole? Ga nkake ka lo akgola. 23  Gonne ke lo ruta se Morena Jesu a se nthutileng, gore mo bosigong+ jo a neng a tlile go tshwarisiwa ka jone o ne a tsaya senkgwe, 24  mme fa a sena go leboga, o ne a se ngathoganya a bo a re: “Seno se kaya mmele wa me+ o o ntshitsweng mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”+ 25  Fa ba sena go ja dijo tsa maitseboa, o ne a dira se se tshwanang le ka senwelo se se nang le beine+ a re: “Beine e e mo senwelong seno e kaya kgolagano e ntšha+ e e tla simololang fa ke tsholola madi a me.+ Nnang lo dire seno nako le nako fa lo se nwa, e le go nkgopola.”+ 26  Gonne nako le nako fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno, lo nna lo bolelela batho ka loso lwa Morena, go fitlha a tla. 27  Ka jalo, ope fela yo o jang senkgwe kgotsa yo o nwang senwelo sa Morena a sa tshwanela o tla nna le molato wa go sa tlotle mmele wa Morena le madi a gagwe. 28  Sa ntlha, a motho a itshekatsheke a bo a netefatse gore o a tshwanelega,+ mme morago ga moo ke gone a ka jang senkgwe a bo a nwa senwelo. 29  Gonne fa motho a sa lemoge gore dilo tseno di emela mmele wa Morena wa rona, o a ikatlhola fa a ja le fa a nwa. 30  Ke gone ka moo go nang le ba le bantsi mo go lona ba ba bokoa le ba ba lwalang, mme ba le bantsi ba sule.*+ 31  Mme fa re ne re ka itshekatsheka gore a re tshwanelega go ja, re ne re ka se atlholwe. 32  Le fa go ntse jalo, fa re atlholwa, Jehofa*+ o a re kgalemela, gore lefatshe le se ka la re bona molato.+ 33  Ka gone, bakaulengwe ba me, fa lo phuthega mmogo go tla go ja sejo seno, emelang botlhe gore ba nne teng. 34  Fa mongwe a tshwerwe ke tlala, a a je kwa gae, gore fa lo phuthega mmogo lo se ka lwa atlholwa.+ Mme dikgang tse dingwe, ke tla di baakanya fa ke fitlha koo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Ga go buiwe ka loso lwa mmatota, mme go buiwa ka gore batho bano ga ba tlhole ba atamalane le Modimo.