Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne ke Akanya Gore ke Tshela Monate

Ke ne ke Akanya Gore ke Tshela Monate
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1982

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: POLAND

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA NTWA, A DIRISA DIRITIBATSI E BILE A NA LE TIRO YA MAEMO A A KWA GODIMO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa toropong nngwe e nnye kwa Poland, e e gaufi le molelwane wa Jeremane. Ke ne ke tshela ka kagiso ka gonne ke ne ke dikologilwe ke masimo le dikgwa. Batsadi ba me ba ba lorato ba ne ba nkgothaletsa go nna motho yo o siameng, yo o dirang sentle kwa sekolong le go nna le tiro ya maemo a a kwa godimo.

Ke ne ka simolola go nna le mathata fa ke ya go ithutela molao kwa yunibesithing e e kwa toropong ya Wroclaw. Fa ke sena go tswa mo lapeng, ke ne ka itsalanya le batho ba ba sa siamang. Ga ke bolo go rata kgwele ya dinao, mme ditsala tsa me tse disha di ne tsa ntlhotlheletsa go e rata ka pelo yotlhe. Setlhopha se ke neng ke se rata e ne e le sa kwa Warsaw e bile ka mafelobeke ke ne ke ya kwa se neng se ya go tshameka gone, go sa kgathalesege gore ke kae. Maeto ao a ne a akaretsa go nwa bojalwa thata, go dirisa diritibatsi le go lwa le balatedi ba setlhopha se sengwe. Ke ne ke dira dilo tseno go itebatsa dilo tse di ngomolang pelo tsa botshelo, le fa ke ne ke itse gore go tshwarwa ke mapodise go ne go ka ntshenyetsa tiro ya me ya tsa molao.

Nna le ditsala tsa me re ne re rata go ya ditlelapeng le di-disco. Fa re le koo, re ne re tle re lwe le batho mo ditseleng. Ke ne ka tshwarwa ke mapodise ka makgetlho a le mmalwa, mme ka metlha ke ne ke tila go tlola molao—nako nngwe ka go ntsha pipamolomo. Tota ke ne ke akanya gore ke tshela monate. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse sentle gore se ke neng ke se dira se ne se le phoso. Ke ne ke ya kerekeng Sontaga mongwe le mongwe ka maikaelelo a go dira gore segakolodi sa me se se ka sa ntshwenya thata.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ka 2004 ke ne ka etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba babedi mme ke ne ka dumela go tlotla le bone ka Baebele. Fa ke ntse ke ithuta gore go kaya eng go nna Mokeresete wa mmatota, segakolodi sa me se ne sa simolola go ntshwenya. Ke ne itse gore ke tshwanetse go tlogela go nwa bojalwa thata, go dirisa diritibatsi le go tlogela go itsalanya le batho ba ba sa tsheleng ka melao ya Baebele. Gape ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go tlogela go rata ntwa. Ke ne ka tswelela ke dira dilo tse di sa siamang le fa ke ne ke lemoga gore ke tshwanetse go fetoga.

Dilo di ne tsa fetoga bosigo bongwe fa ke ne ke simolola ntwa le banna ba le robedi. Ke gopola ke rapaletse mo tseleng, ke itewa e bile ke ragiwa mo tlhogong. Ke ne ka rapela jaana fa ke utlwa e kete ke a swa: “Intshwarele Jehofa, ka go bo ke sa tsaya Lefoko la gago tsia. Ke go solofetsa gore fa nka falola, ke tla ithuta Baebele le Basupi le go baakanya botshelo jwa me.” Se se gakgamatsang ke gore ke ne ka falola. Ke ne ka diragatsa tsholofetso ya me ya go ithuta Baebele.

Ka 2006 ke ne ka fudugela kwa Engelane. Ke ne ke batla go dira madi a a lekaneng gore ke boele kwa Poland le go dira dikirii e e kwa godimo ya molao. Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka amiwa fela thata ke temana nngwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, gore ke bone Keresete.” (Bafilipi 3:8) Fela jaaka nna, moaposetoloi Paulo o ne a ithutile molao e bile o kile a bo a rata ntwa thata. (Ditiro 8:3) Ka jalo, o ne a lemoga gore go na le tsela e e botoka ya go tshela: go direla Modimo le go dira sotlhe se a ka se kgonang go etsa Jesu. Fa ke akanya thata ka sekao sa ga Paulo, ke ne ka lemoga gore tiro ya maemo a a kwa godimo le go rata ntwa ga se tsone di dirang gore motho a itumele. Ke ne ka tlhatswega pelo gore fa Paulo a kgonne go fetoga, le nna nka kgona. Ka jalo ke ne ka dira tshwetso ya go nna kwa Engelane le go tlogela go dira dikirii e nngwe ya molao.

Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa, ke ne ka ikutlwa ke atamalane thata le ene. Ke ne ka amiwa ke tsholofetso ya gagwe ya go itshwarela batho ba ba batlang go fetoga. (Ditiro 2:38) Mme fa ke akanya ka 1 Johane 4:16 e e reng “Modimo ke lorato,” ke ne ka lemoga lebaka la go bo Modimo a tlhoile dikgoka.

Ke ne ke batla go nna karolo ya batho bano ba ba itumetseng

Gape ke ne ke kgatlhiwa ke boitshwaro jwa Basupi. Ke ne ka lemoga gore ba leka go tshela ka melao ya Baebele ya boitsholo ya maemo a a kwa godimo. Ke ne ke batla go nna karolo ya batho bano ba ba itumetseng. Morago ga go kgaratlha le go dira diphetogo mo botshelong jwa me, ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa ka 2008.

Nna le Esther re bone boitumelo jwa mmatota ka go ruta batho ba ba buang Se-Poland Baebele

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Baebele e nthusitse go tlogela go rata maemo a a kwa godimo, ntwa, go dirisa diritibatsi, go nwa bojalwa thata le go rata kgwele ya dinao thata mme e dirile gore ke nne motlhanka wa Modimo yo o itumelelang go ruta batho Baebele. Ke sa ntse ke rata go leba kgwele ya dinao mme ke dira gore boitlosobodutu joo bo nne mo maemong a jone.

Gone jaanong ke itumetse mo lenyalong le Esther, moobamedimmogo le nna yo montle. Re bona boitumelo jwa mmatota ka go ruta batho ba ba buang Se-Poland Baebele mo bokonebophirima jwa Engelane. E ne e le lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me ke kgotsofala. Ke na le segakolodi se se siameng e bile ke a itse gore ke itumelela botshelo.