Fetela kwa tshedimosetsong

Ntwa ya Haramagedona ke Eng?

Ntwa ya Haramagedona ke Eng?

Karabo ya Baebele

Haramagedona ke ntwa ya makgaolakgang magareng ga dipuso tsa batho le puso ya Modimo. Gompieno, dipuso tseno le baemanokeng ba tsone ba eme kgatlhanong le Modimo ka go gana go ikobela bolaodi jwa gagwe. (Pesalema 2:2) Ntwa ya Haramagedona e tla fedisa dipuso tsa batho.—Daniele 2:44.

Lefoko “Haramagedona” le tlhaga gangwe fela mo Baebeleng, mo go Tshenolo 16:16. Go ya ka boporofeti jwa ga Tshenolo, ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di tla phuthelwa kwa “lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera” e leng “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.”—Tshenolo 16:14.

Ke bomang ba ba tla bong ba lwa mo ntweng ya Haramagedona? Jesu Keresete o tla etelela pele lesomo la legodimo fa ba fenya baba ba Modimo. (Tshenolo 19:11-16, 19-21) Baba bano ba akaretsa batho ba ba kgatlhanong le taolo ya Modimo le ba ba nyatsang Modimo.—Esekiele 39:7.

A Haramagedona e tla lowa fela kwa Botlhabagare? Nnyaa. Ntwa ya Haramagedona e tla lowa mo lefatsheng lotlhe go na le gore e nne mo lefelong le le lengwe fela.—Jeremia 25:32-34; Esekiele 39:17-20.

Lefoko “Hara-Magedona” (Har Meghiddohnʹ ka Sehebera) le kaya “Thaba ya Megido.” Megido e ne e le motse mo kgaolong ya Iseraele wa bogologolo. Go ya ka hisitori, go ne go lowa dintwa tsa makgaolakgang mo tikologong ya thaba eo, go akaretsa le dintwa tse di kwadilweng mo Baebeleng. (Baatlhodi 5:19, 20; 2 Dikgosi 9:27; 23:29) Le fa go ntse jalo, Haramagedona ga e ka ke ya bo e le lefelo la mmatota le le gaufi le Megido wa bogologolo. Ga go na thaba e e kgolo koo, gape Lebala le le Kwa Tlase la Jesereele le le bapileng le yone ga le ka ke la tshola batho botlhe ba ba tla lwang kgatlhanong le Modimo. Go na le moo, Haramagedona e emela tiragalo e mo go yone ditšhaba tsotlhe mo lefatsheng di tla phuthegang mmogo la bofelo kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo.

Maemo a tla bo a ntse jang ka ntwa ya Haramagedona? Le fa gone re sa itse gore Modimo o tla dirisa maatla a gagwe jang, o na le dibetsa tse a ileng a di dirisa mo nakong e e fetileng—sefako, thoromo ya lefatshe, morwalela, molelo le sulefera, legadima le bolwetse. (Jobe 38:22, 23; Esekiele 38:19, 22; Habakuke 3:10, 11; Sekarea 14:12) E re ka baba ba Modimo ba tla bo ba tlhakane tlhogo, ba tla bolaana mme kwa bofelong ba tla lemoga gore Modimo ke ene a lwang kgatlhanong le bone.—Esekiele 38:21, 23; Sekarea 14:13.

A ntwa ya Haramagedona e tla fedisa lefatshe? E re ka lefatshe e le legae la batho la leruri, ntwa eo ga e kitla e fedisa polanete ya rona. (Pesalema 37:29; 96:10; Moreri 1:4) Go na le gore Haramagedona e senye batho, totatota e tla ba boloka ka gonne “boidiidi jo bogolo” jwa batlhanka ba Modimo bo tla falola.—Tshenolo 7:9, 14; Pesalema 37:34.

Ka dinako dingwe, lefoko “lefatshe” mo Baebeleng le kaya batho ba ba bosula ba ba kgatlhanong le Modimo. (1 Johane 2:15-17) Ka tsela eo, Haramagedona e tla lere “bokhutlo jwa lefatshe.”—Mathaio 24:3, Baebele e e Boitshepo.

Ntwa ya Haramagedona e tla diragala leng? Jesu o ne a bua jaana ka “pitlagano e kgolo” e e felelang ka ntwa ya Haramagedona: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:21, 36) Jesu o simolotse go busa kwa legodimong ka 1914 mme Baebele e bontsha gore Haramagedona e tla lowa ka nako ya fa a sa ntse a busa.—Mathaio 24:37-39.