Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Jehofa O ne A sa Ntebala”

“Jehofa O ne A sa Ntebala”
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1922

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: SPAIN

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MORUTISI WA KATEKISIMA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe mo lefelong la batho ba ba sa humang mo motseng wa Bilbao kwa bokone jwa Spain. Ke ne ke le ngwana wa bobedi mo go ba le banè. Ba lelapa la gaetsho e ne e le Bakatoliki ba ba ineetseng mme ke ne ke ya Mmiseng letsatsi le letsatsi. Fa ke ne ke le dingwaga di le 23, ke ne ka nna morutabana—tiro e ke neng ke e rata mme ka e dira ka dingwaga di le 40. Gare ga dilo tse ke neng ke di ruta e ne e le bodumedi jwa Katoliki, jo ke neng ke le motlotlo go bo ruta mme maitseboa ke ne ke ruta katekisima—ke thapisetsa basetsana go ja selalelo sa bone sa ntlha.

Morago ga gore ke nne mo lenyalong le le itumetseng ka dingwaga di le 12, ke ne ka nna motlholagadi ke setse ka bomorwadiake ba le banè ba ke neng ke tshwanetse go ba tlhokomela. Ke ne ke le dingwaga di le 33 fela! Ke ne ka leka go bona kgomotso mo bodumeding jwa me jwa Katoliki, mme go ne go na le dipotso tse ke neng ke ntse ke di ipotsa. Ke ne ke ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba tswelela ba swa fa e le gore Keresete o re golotse? Ke ka ntlha yang fa re rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle fa e le gore batho ba ba siameng ba ya legodimong?’ Mme se se botlhokwa le go feta, ke ne ke ipotsa gore, ‘Fa e le gore Modimo o a re atlhola fa re swa, ke ka ntlha yang fa moragonyana re tlhoka go tswa kwa legodimong, kwa pakatoring kgotsa kwa diheleng go ya kwa katlholong ya bofelo?’

Ke ne ka botsa baruti bangwe ba ke neng ke kopana le bone dipotso tseno. Mongwe wa bone o ne a nkaraba a re: “Ga ke itse. Botsa bishopo. Ke ka ntlha yang fa o batla go itse? A ga o dumele mo Modimong? O se ka wa itshwenya ka gone!” Mme ke ne ka tswelela ke batla dikarabo. Moragonyana, ke ne ka ya go reetsa dipuo tsa Bajesuite, Bapentekosete le Bakenosetiki. Le fa go ntse jalo, go ne go se na ope yo o neng a araba dipotso tsa me ka tsela e e kgotsofatsang.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa me tsa bo60, morutwana mongwe wa dingwaga di le supa o ne a ntaletsa go ya kwa pokanong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka rata se ke se utlwang le se ke se bonang, mme ka go bo ke ne ke tshwaregile thata, ke ne ka se ka ka tlhola ke kopana le Basupi ka nako eo. Dingwaga di le pedi moragonyana, banyalani bangwe ba Basupi ba maina a bone e leng Juan le Maite ba ne ba nketela. Ka dikgwedi di le tharo, re ne ra nna le motlotlo o o tseneletseng wa dipotso le dikarabo, o kgabagare o neng wa dira gore ke ithute Baebele.

 A bo ke ne ke lebile pele jang nako eo ya go ithuta! Ke ne ke sekaseka sengwe le sengwe ka kelotlhoko, ke dirisa dithanolo di le tharo tsa Baebele go tlhomamisa gore se Basupi ba ga Jehofa ba neng ba se ruta ke boammaaruri. Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga kafa bodumedi bo neng bo ntlhakantse tlhogo ka teng ka dingwaga di le dintsi. Ke ne ke tshwenngwa thata ke go bona kafa dilo tse ke neng ke di dumela pele di neng di farologane ka teng le tse ke neng ke di ithuta mo Baebeleng. Ke ne ke ikutlwa ke tlaleletswe, e kete dilo tse ke neng ke di dumela e ne e le setlhare se metswe ya sone se neng se nweletseng kwa teng mme jaanong se kumolwa.

Ke ne ke itse gore ke bone letlotlo

Morago ga foo, monna wa me wa bobedi o ne a lwalela go swa mme a tlhokafala. Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka tlogela tiro mme ka fuduga go tswa kwa Bilbao ka nakwana. Juan le Maite le bone ba ne ba fuduga. Ka maswabi, ke ne ka tlogela go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, mo pelong ya me, ke ne ke itse gore ke bone letlotlo. Ga ke ise ke ko ke le lebale.

Dingwaga di ka nna 20 moragonyana, fa ke ne ke le dingwaga di le 82, Juan le Maite ba ne ba boela Bilbao mme ba nketela. A bo ke ne ke itumetse jang ne go ba bona gape! Ke ne ka lemoga gore Jehofa o ne a sa ntebala mme ke ne ka boa ka ithuta gape. Juan le Maite ba ne ba le pelotelele thata le nna, ka gonne gantsi ke ne ke boeletsa dipotso tse nkileng ka di botsa. Ke ne ke tlhoka go utlwa se Baebele e se bolelang gangwe le gape gore ke kgone go tlogela dilo tse ke neng ke di dumela pele tse ke neng ke di rata thata. Mme gape ke ne ke batla go nna le kitso e e siameng gore ke kgone go tlhalosetsa ditsala tsa me le ba lelapa boammaaruri jwa Baebele sentle.

Letsatsi le kgabagare ke neng ka kolobediwa ka lone—ke le dingwaga di le 87—e ne e le letsatsi le le itumedisang thata mo botshelong jwa me. Ke ne ka kolobediwa ka nako ya kopano nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a neela puo e e theilweng mo Baebele e e neng e lebisitse thata mo go rona ba re neng re ya go kolobediwa. Puo eo e ne ya dira gore ke gelele dikeledi. Ke ne ka e reetsa e kete Jehofa o bua le nna ka tlhamalalo. Fa ke sena go kolobediwa, Basupi ba le bantsi ba ne ba tla go nkakgola—le fa bontsi jwa bone ba ne ba sa nkitse!

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ke ne ke ntse ke itse gore Jesu Keresete ke “tsela.” (Johane 14:6) Mme go ithuta Baebele ga me go ne ga dira gore ke itse Jehofa, yo Jesu a re isang kwa go ene. Gone jaanong ke kgona go rapela Modimo jaaka Rre le Tsala ya me e e rategang. Go bala buka ya Atamela mo Modimong * go ne ga ama botshelo jwa me thata. Ke ne ka e bala yotlhe mo bosigong bo le bongwe fela! Ke ne ka amiwa ke go ithuta kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka teng tota.

Fa ke akanya malebana le kafa ke neng ke batla bodumedi jwa boammaaruri ka teng, ke akanya ka mafoko ano a ga Jesu: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.” (Mathaio 7:7) Jaanong e re ka ke bone dikarabo tse ke sa bolong go di batla, ke itumelela thata go di bolelela ba bangwe.

Le fa ke na le dingwaga di le 90, ke akanya gore ke sa ntse ke na le dilo tse dintsi tse ke tlhokang go di ithuta ka Jehofa. Pokano nngwe le nngwe e ke yang kwa go yone kwa Holong ya Bogosi ke tiragalo e e kgethegileng mo go nna—ka ntlha ya kitso e e botlhokwa e ke e bonang le ka ntlha ya botsala jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang. Ke eletsa gape go nna morutisi mo lefatsheng la Paradaise le le solofeditsweng. (Tshenolo 21:3, 4) Ke lebeletse pele thata go bona baratiwa ba me ba ba suleng ba le go nna le tshono ya go ba ruta boammaaruri jwa Baebele. (Ditiro 24:15) A bo ke eletsa jang ne go ba tlhalosetsa ka mpho e e botlhokwa e Jehofa a e neileng mo dingwageng tsa me tsa botsofe!

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.