Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo ke Mang?

Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo ke Mang?

Modimo o ile a tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go kwala gore motho yo o tla nnang Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo ke motho yo o ntseng jang. Mmusi yoo

  • O ne a tla tlhophiwa ke Modimo. ‘Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me . . . ke tla ntsha ditšhaba go nna boswa jwa gago le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya gago.’—Pesalema 2:6, 8.

  • O ne a tla nna mojaboswa wa ga Kgosi Dafide. “Re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane . . . Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide le mo bogosing jwa gagwe gore bo tlhomamisiwe thata.”—Isaia 9:6, 7.

  • O ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema. “Wena, Bethelehema . . . , go tswa mo go wena go tla tla mo go nna yo o tla nnang mmusi . . . O tla bo a le mogolo go ya kwa mafelelong a lefatshe.”—Mika 5:2, 4.

  • O ne a tla ganwa ke batho a bo a bolawa. “O ne a nyadiwa, mme re ne ra mo tsaya jaaka yo e seng wa sepe. . . . O ne a tlhabelwa ditlolo tsa rona; o ne a gatelelwa ka ntlha ya diphoso tsa rona.”—Isaia 53:3, 5.

  • O ne a tla tsosiwa mo baswing a bo a galalediwa. “Ga o na go tlogela moya wa me mo Sheole [kgotsa “Lebitla”]. Ga o na go letlelela motho wa gago yo o ikanyegang gore a bone phupu. . . . Go na le monate kafa seatleng sa gago sa moja ka bosaengkae.”—Pesalema 16:10, 11.

Jesu o Tshwanelega go Nna Kgosi

Go na le motho a le mongwe fela yo o kileng a tlhalosiwa ka ditsela tseno, mme motho yoo ke Jesu Keresete. Tota e bile moengele o ile a bolelela mmaagwe Jesu e bong Marea a re: “Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, . . . mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”—Luke 1:31-33.

Jesu ga ise a ko a buse mo lefatsheng. Go na le moo, o tla busa batho a le kwa legodimong e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Ke eng se se dirang gore a tshwanelege go nna Kgosi? A re boneng dilo tse Jesu a ileng a di dira fa a ne a le mo lefatsheng.

  • Jesu o ne a kgathalela batho. Jesu o ne a thu sa banna, basadi, bana le batho ba ba godileng, go sa kgathalesege gore ba ne ba tswa kae, a ba humile kgotsa ba humanegile. (Mathaio 9:36; Mareko 10:16) Fa motho yo o nang le lepero a ne a raya Jesu a re: “Fa fela o batla, o ka nntlafatsa,” Jesu o ne a mo utlwela botlhoko a bo a mo fodisa.—Mareko 1:40-42.

  • Jesu o ne a ruta batho gore ba ka itumedisa Modimo jang. O ne a re: “Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” Gape o ile a re re tshwanetse go dirisana le ba bangwe ka tsela e re batlang ba dirisana le rona ka yone. Mo godimo ga moo, o ile a bontsha gore Modimo ga a kgatlhegele fela se re se dirang, mme gape o kgatlhegela le tsela e re akanyang ka yone le e re ikutlwang ka yone. Ka jalo, gore re itumedise Modimo, re tshwanetse go laola maikutlo a rona. (Mathaio 5:28; 6:24; 7:12) Jesu o ne a gatelela gore fa re batla go itumela, re tshwanetse go ithuta se Modimo a batlang gore re se dire, re bo re se dira.—Luke 11:28.

  • Jesu o ne a ruta batho go rata ba bangwe. Se Jesu a neng a se bua le se a neng a se dira se ne se ama maikutlo a batho. Baebele ya re: “Boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta; gonne o ne a ba ruta jaaka motho a na le taolo.” (Mathaio 7:28, 29) O ne a ruta batho gore ba rate baba ba bone. O ile a bo a rapelela le batho ba ba neng ba nna le seabe mo go direng gore a bolawe, a re: “Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.”—Mathaio 5:44; Luke 23:34.

Jesu o tshwanelega go busa ka gonne o kgona go thusa batho e bile o bonolo. Mme gone, o tla simolola go busa leng?