Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 5

Gerika mo Hisitoring ya Baebele

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 5

Setlhogo seno ke sa botlhano mo motseletseleng wa ditlhogo di le supa tse di tlhagang mo dikgatisong tse di latelanang tsa “Tsogang!” tse di buang ka mebusomegolo e supa ya hisitori ya Baebele. Boikaelelo jwa go bo ditlhogo tseno di kwadilwe ke go bontsha gore Baebele e ka ikanngwa le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile molaetsa wa yone o naya tsholofelo ya gore pogo e e bakilweng ke go sa buseng sentle go go setlhogo ga dipuso tsa batho e tla fela.

MO LEKGOLONG la bonè la dingwaga B.C.E., lekawana lengwe la kwa Makedonia e bong Alexander le ne la dira gore Gerika * e nne karolo ya botlhokwa ya hisitori. Tota e bile o ne a dira gore Gerika e nne mmusomogolo wa botlhano wa lefatshe mo motlheng wa hisitori ya Baebele mme kgabagare a bidiwa Alexander yo Mogolo. Mebusomegolo e e tlileng pele ga one ke Egepeto, Asiria, Babelona le mmusomogolo wa Bameda le Baperesia.

Morago ga loso lwa ga Alexander, mmusomogolo wa gagwe o ne wa kgaoganngwa mme o ne wa simolola go latlhegelwa ke maatla a one. Le fa go ntse jalo, tlhotlheletso ya Gerika ya setso, puo, bodumedi le filosofi e ne ya tswelela pele e le teng ka nako e telele morago ga gore mmusomogolo wa dipolotiki o khutle.

Hisitori E e Ka Ikanngwang

Pego ya Baebele ga e tlhalose gore a go ne go na le baporofeti bangwe ba Modimo ka nako ya fa mmusomogolo wa Gerika o ne o le mogolo e bile go ne go sa kwalwa dibuka dipe tse di tlhotlheleditsweng tsa Baebele ka nako eo. Le fa go ntse jalo, go buiwa ka Gerika mo boporofeting jwa Baebele. Mo godimo ga moo, Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, tse di itsegeng e le Tesetamente e Ntšha, gantsi di bua ka tlhotlheletso ya Segerika. Tota e bile, segolobogolo kwa Iseraele go ne go na le setlhopha sa metse e le lesome ya Bagerika e e bidiwang Dekapolise, lefoko le le tswang mo lefokong la Segerika le le kayang “metse e e lesome.” (Mathaio 4:25; Mareko 5:20; 7:31) Baebele e bua ka kgaolo eno ka makgetlo a le mmalwa mme hisitori ya lefatshe le masalela a a kgatlhang a kwa mafelong a bobogelo, ditempele le matangwana a go thuma di supa gore eleruri e kile ya nna gone.

Baebele gape e bua thata ka setso sa Bagerika le bodumedi jwa bone, segolobogolo mo bukeng ya Ditiro, e e ileng ya kwalwa ke ngaka Luke. Ela tlhoko dikai tseno di le mmalwa:

Fa Baebele e tlhalosa ka ditiragalo tse di diragetseng ka nako ya fa moaposetoloi Paulo a ne a etetse kwa Athena ka 50 C.E., e bolela gore motse o ne o “tletse medingwana.” (Ditiro 17:16) Bosupi jwa hisitori bo tlhomamisa gore Athena le metse e e neng e e dikologile e ne e tletse ka medingwana ya bodumedi le mafelo a kobamelo.

Ditiro 17:21 e bolela gore “Baathena botlhe le batswakwa ba ba jakileng koo ba ne ba sa dirise nako ya bone ya boiketlo mo go sepe fa e se go bolela sengwe kgotsa go reetsa sengwe se sesha.” Mekwalo ya ga Thucydides le Demosthenes e tlhomamisa gore Baathena ba ne ba nna ba tshwaregile ka go nna le metlotlo le dikganetsano.

Baebele e bolela ka mo go kgethegileng gore “Baepikuria le borabotlhajana ba Basetoika ba simolola go tlotla le ene [Paulo] ba mo ganetsa,” ba bo ba mo isa kwa Areopago gore ba utlwe mo go oketsegileng ka se a batlang go se bua. (Ditiro 17:18, 19) Athena e ne e itsege ka bafilosofi ba yone ba bantsi, go akaretsa le Baepikuria le Basetoika.

Paulo o bua ka sebeso sa Baathena se se neng se gabilwe mafoko a a reng, “Go Modimo O o Sa Itsiweng.” (Ditiro 17:23) Go ka direga gore dibeso tse di neng di diretswe modimo yo o sa itsiweng di ne di dirilwe ke Epimenides wa kwa Kereta.

Fa Paulo a ne a bua le Baathena, o ne a nopola mafoko a a reng, “gonne gape re lotsalo lwa gagwe,” a lebisitse mafoko ao e seng mo mmoking a le mongwe mme o ne a a lebisitse go ‘bangwe ba baboki gareng ga bone.’ (Ditiro 17:28) Go lebega baboki bano ba Bagerika e ne e le Aratus le Cleanthes.

Go a utlwala go bo mokanoki mongwe a ile a swetsa ka gore: “Go lebega gore pego ya ga Paulo ya fa a ne a etetse kwa Athena e kwadilwe ke motho yo o kileng a ya kwa Athena e bile a bone dilo tse a kwadileng ka tsone.” Go ka buiwa se se tshwanang ka se Baebele e se tlhalosang malebana le se se ileng sa diragalela Paulo fa a ne a le kwa Efeso e e kwa Asia Minor. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., motse ono o ne o sa ntse o rata bodumedi jwa Segerika jwa seheitane, segolobogolo jwa go obamela modimo wa sesadi Aretemise.

Tempele ya ga Aretemise, e e leng nngwe ya dilo tse supa tse di gakgamatsang mo lefatsheng la bogologolo, e umakiwa ka makgetlo a le mmalwa mo bukeng ya Ditiro. Ka sekai, re bolelelwa gore bodiredi jwa ga Paulo kwa Efeso bo ne jwa galefisa mothudi mongwe wa selefera e bong Dimeterio, yo o neng a na le kgwebo e e atlegileng ya go dira mafelo a selefera a go obamela Aretemise. Dimeterio o ne a bolela jaana a galefile: ‘Paulo yono o tlhotlheleditse boidiidi jo bogolo go dumela a ba a dira gore ba nne le kgopolo e sele, a re medimo e e dirilweng ka diatla ga se yone.’ (Ditiro 19:23-28) Dimeterio o ne a tlhotlheletsa segopa sa batho ba ba neng ba galefile, mme ba simolola go goa ba re: “Go mogolo Aretemise wa Baefeso!”

Gompieno o ka kgona go ya go bona matlotla a Efeso le go bona lefelo la tempele ya ga Aretemise. Mo godimo ga moo, mekwalo ya bogologolo ya kwa Efeso, e tlhomamisa gore medingwana e ne e dirwa go tlotlomatsa modimo yono wa sesadi le gore go ne go na le setlhopha sa bathudi ba selefera kwa motseng ono.

Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang

Mo e ka nnang dingwaga di le 200 pele ga nako ya ga Alexander yo Mogolo, moporofeti wa ga Jehofa Modimo e bong Daniele o ne a kwala jaana ka yo o neng a tla busa lefatshe: “Bona! go ne go na le phoko e e neng e tla e tswa kwa bophirimatsatsi mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme e ne e sa ame lefatshe. Fa e le phoko yone, e ne e na le lonaka lo lo tlhomologileng fa gare ga matlho a yone. Mme ya nna ya tla fela kwa phelefung e e nang le dinaka tse pedi, . . . mme ya tla e tabogetse kwa go yone ka tšararego ya yone e e maatla. Mme . . . ya tlhaba phelefu ya roba dinaka tsa yone tse pedi, mme ga bo go se na maatla ape mo phelefung gore e ka ema fa pele ga yone. Ka jalo ya e latlhela fa fatshe mme ya e gataka . . . Mme fa e le phoko yone, ya ikgodisa thata go feta selekanyo; mme fela fa e sena go nna thata, lonaka lo logolo lwa robega, mme ga tlhoga a le manè ka tsela e e tlhomologileng mo boemong jwa lone, go ela kwa diphefong tse nnè tsa magodimo.”—Daniele 8:5-8.

Mafoko ao a ne a lebisitswe kwa go mang? Daniele o araba jaana: “Phelefu e o e boneng e na le dinaka tse pedi e emela dikgosi tsa Media le Peresia. Mme phoko e e maudi e emela kgosi ya Gerika; mme fa e le lonaka lo logolo lo lo neng lo le fa gare ga matlho a yone, lo emela kgosi ya ntlha.”—Daniele 8:20-22.

Akanya fela! Ka nako ya mmusomogolo wa lefatshe wa Babelona, Baebele e ne ya bolelela pele gore mebuso e e neng e tla latela e ne e tla nna ya Bameda le Baperesia le Gerika. Mo godimo ga moo, jaaka go tlhalositswe pelenyana, Baebele e ne ya bolela ka mo go kgethegileng gore “fa e sena go nna thata, lonaka lo logolo”—Alexander—lo tla “robega” mme lo tla emisediwa ke tse dingwe tse nnè, ya ba ya oketsa ka gore ga go ope wa bone yo o neng a tla mongwe wa bana ba ga Alexander.—Daniele 11:4.

Boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa ka botlalo. Alexander o ne a nna kgosi ka 336 B.C.E. mme mo dingwageng di le supa o ne a fenya Kgosi Dario III yo o maatla wa Peresia. Morago ga moo, Alexander o ne a tswelela go atolosa mmusomogolo wa gagwe go fitlha a tlhokafala ka tshoganyetso ka 323 B.C.E., a le dingwaga di le 32. Ga go na motho ope yo o neng a tlhatlhama Alexander go nna mmusi yo o neng a busa a le esi, tota le e leng bana ba gagwe. Go na le moo, bajenerale ba gagwe ba ba di gogang kwa pele—Lysimachus, Cassander, Seleucus le Ptolemy—ba ne ba busa mmusomogolo mme jaaka buka ya The Hellenistic Age e bolela, “ba ile ba itira dikgosi.”

Ka nako ya fa Alexander a ne a atolosa mmusomogolo wa gagwe, o ne a diragatsa gape boporofeti jo bongwe jwa Baebele. Ka sekai, moporofeti Esekiele le moporofeti Sekarea ba ba neng ba tshela mo lekgolong la bosupa le la borataro la dingwaga B.C.E., ba ne ba bolelela pele ka go senngwa ga motse wa Ture. (Esekiele 26:3-5, 12; 27:32-36; Sekarea 9:3, 4) Esekiele o ne a ba a kwala gore maje a motse oo le lorole lwa one di ne di tla ‘bewa mo gare ga metsi.’ A mafoko ao a ne a diragadiwa?

Akanya ka se masole a ga Alexander a neng a se dira fa a ne a dikaganyeditse Ture ka 332 B.C.E. A ne a kokoanya masalela a motse wa Ture o o gaufi le lewatle mme a latlhela matlakala ao mo lewatleng go dira tsela e e yang kwa motseng wa Ture o e leng setlhaketlhake. Leano leno le ne la atlega mme Ture ya wa. Mmatlisisi mongwe wa lefelo leo wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a bolela jaana: “Boporofeti jo bo kgatlhanong le Ture bo ile jwa diragadiwa, tota le e leng dintlha tse di dinnye tsa jone.” *

Tsholofelo E o Ka Ikanyang

Diphenyo tsa ga Alexander ga di a ka tsa dira gore go nne le kagiso le pabalesego mo lefatsheng. Mokanoki mongwe o ne a akgela jaana fa a sena go sekaseka nako ya fa Gerika ya bogologolo e ne e busa: “Dilo tse batho ba maemo a a kwa tlase ba di tlhokang . . . ga di fetoga thata.” Boemo jono bo nnile teng gangwe le gape mo hisitoring yotlhe ya batho mme gape bo tlhomamisa mafoko a Baebele a gore ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

Le fa go ntse jalo, go sa buse sentle go ka se tswelele ka bosakhutleng, ka gonne Modimo o tlhomile puso e e fetang kgakala puso epe fela e e simolotsweng ke batho. E re ka e bidiwa Bogosi jwa Modimo, e tla emisetsa dipuso tsotlhe tsa batho mme batho ba ba busiwang ke yone ba tla itumelela kagiso le pabalesego ya mmatota le e nnelang ruri.—Isaia 25:6; 65:21, 22; Daniele 2:35, 44; Tshenolo 11:15.

Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ga se ope fa e se Jesu Keresete. Go farologana le babusi ba ka metlha ba batlang taolo e e oketsegileng mme ba sa kgathalele batho ba maemo a a kwa tlase, Jesu o tlhotlhelediwa ke go rata Modimo le batho. Mopesalema mongwe o ne a bolelela pele jaana ka ene: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”—Pesalema 72:12-14.

A ke mofuta wa Mmusi yo o mmatlang? Fa e le gore go ntse jalo, o tla bo o dira sentle go ithuta ka mmusomogolo wa lefatshe wa borataro wa mo hisitoring ya Baebele—Roma. Eleruri, e ne e le ka motlha wa Roma fa Mmoloki yo go boleletsweng pele ka ene a ne a tsholwa le go neela bosupi jo re ka se bo lebaleng mo hisitoring ya batho. Tsweetswee bala setlhogo sa borataro sa motseletsele ono wa ditlhogo se o tla se bonang mo kgatisong e e latelang ya makasine ono.

^ ser. 4 Gerika e go buiwang ka yone mo setlhogong seno ke Gerika wa Bogologolo pele ga lekgolo la ntlha la dingwaga mme ga e amane ka gope le melelwane ya segompieno ya naga eno.

^ ser. 23 Fela jaaka Esekiele a ile a bolelela pele, Ture e ne ya fenngwa la ntlha ke Kgosi Nebukadenesare wa Babelona. (Esekiele 26:7) Morago ga moo, motse oo o ile wa agiwa sesha. Motse o o agilweng sesha ke one o o neng wa senngwa ke Alexander mme a diragatsa sengwe le sengwe se se builweng ke baporofeti.