Daniele 8:1-27

  • Ponatshegelo ya phelefu le phoko (1-14)

    • Lonaka lo lonnye lo a ikgodisa (9-12)

    • Go tla tsaya maitseboa le meso e le 2 300 (14)

  • Gabariele o tlhalosa ponatshegelo (15-27)

    • Phelefu le phoko di a tlhalosiwa (20, 21)

    • Go tsoga kgosi ya sefatlhego se se bogale (23-25)

8  Mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Kgosi Beleshasare,+ nna Daniele, ke ne ka bona ponatshegelo e nngwe, morago ga e ke neng ke e bone pele.+  Mo ponatshegelong eo, ke ne ke le kwa kagong ya phemelo* ya Sushane,*+ e e kwa porofenseng* ya Elama;+ ke ne ka bona gore mo ponatshegelong eo ke ne ke le fa moseleng wa metsi wa Ulai.  Fa ke tsholetsa matlho, ke ne ka bona phelefu+ e eme fa pele ga mosele wa metsi, mme e ne e na le dinaka tse pedi.+ Dinaka tseo tse pedi di ne di le ditelele, le fa go ntse jalo, lonaka lo longwe lo ne lo le loleele go feta lo longwe, mme lo loleele ke lone lo lo neng lwa tlhoga morago.+  Ke ne ka bona phelefu eo e tabogela kwa bophirima, kwa bokone le kwa borwa, mme go ne go se na diphologolo dipe tsa naga tse di neng di kgona go ema fa pele ga yone, e bile go ne go se na ope yo o neng a kgona go golola ba bangwe mo seatleng sa* yone.+ E ne e dira jaaka e rata e bile e ne ya ikgodisa.  Fa ke ntse ke lebile, ke ne ka bona phoko+ e tswa kwa bophirima e raletse lefatshe lotlhe mme e sa kgome fa fatshe. Mme phoko eo, e ne e na le lonaka lo lo tlhomologileng fa gare ga matlho.+  E ne e ya kwa phelefung e e nang le dinaka tse pedi, e ke neng ke e bone e eme fa pele ga mosele wa metsi; e ne e tabogela kwa go yone e galefile thata.  Ke ne ka bona e atamela phelefu thata, mme e ne e galefile mo go botlhoko. E ne ya tlhasela phelefu e bo e roba dinaka tsa yone tse pedi, mme phelefu eo e ne e se na maatla a go emelana le yone. E ne ya latlhela phelefu fa fatshe e bo e e gataka, e bile go ne go se na ope yo o ka gololang phelefu eo fa phoko e e thula.  Go tswa foo, phoko eo e ne ya ikgodisa thata, le fa go ntse jalo, fela fa e sena go nna le maatla, lonaka lwa yone lo logolo lo ne lwa robega; morago ga moo, go ne ga tlhoga dinaka di le nnê tse di tlhomologileng mo boemong jwa lone, tse di neng di lebile kwa dikhutlong tse nnê tsa lefatshe.*+  Mo go longwe lwa dinaka tseo go ne ga tlhoga lonaka lo longwe, lo lonnye, mme lo ne lwa gola thata lo lebile kwa borwa le kwa botlhaba le kwa Lefatsheng le Lentle.*+ 10  Lo ne lwa gola thata mo lo neng lwa fitlha kwa lesomong la magodimo,* mme lo ne lwa digela karolo nngwe ya lesomo leo le karolo nngwe ya dinaledi fa fatshe lo bo lo di gataka. 11  Lo ne lwa bo lwa ikgodisetsa Kgosana ya lesomo, mme setlhabelo se se ntshiwang ka metlha* se ne sa tsewa mo go yone, e bile lefelo la yone le le boitshepo le le tlhomameng le ne la digelwa fa fatshe.+ 12  Mme lesomo leo le ne la tsenngwa mo seatleng sa lonaka loo, e bile setlhabelo se se ntshiwang ka metlha* se ne sa emisiwa ka ntlha ya molato; lo ne lwa nna lwa latlhela boammaaruri fa fatshe, mme lo ne lwa dira go dumalana le thato ya lone lwa bo lwa atlega. 13  Ke ne ka utlwa moengele mongwe a bua, mme moengele yo mongwe o ne a raya yo o neng a bua a re: “Ponatshegelo ka setlhabelo se se ntshiwang ka metlha* le ka boleo bo jo bakang tshenyo e tla tsaya lobaka lo lo kae?+ Lefelo le le boitshepo mmogo le lesomo di tla gatakwa ka lobaka lo lo kae?” 14  Ka jalo, o ne a nthaya a re: “Go tla tsaya maitseboa le meso e le 2 300; mme ruri lefelo le le boitshepo le tla busediwa mo maemong a lone a a tshwanetseng.” 15  Fa ke ntse ke lebile ponatshegelo eno e bile ke kgatlhegela go e tlhaloganya, ka tshoganyetso fela ke ne ka bona mongwe yo o lebegang jaaka monna a eme fa pele ga me. 16  Foo ke ne ka utlwa lentswe la motho le tswa mo moseleng wa metsi wa Ulai,+ mme o ne a goa a re: “Gabariele,+ dira gore motho yoo a tlhaloganye se a neng a se bona.”+ 17  Ka jalo, o ne a atamela fa ke neng ke eme teng, mme fa a atamela ke ne ka tshoga thata mo ke neng ka khubama ke bo ke ikoba. O ne a nthaya a re: “Morwa motho, itse gore ponatshegelo eno e tla diragala mo motlheng wa bofelo.”+ 18  Le fa go ntse jalo, fa a ntse a bua le nna, ke ne ka thulamela sefatlhego sa me se le fa fatshe. Ka jalo, o ne a ntshwara a bo a nkemisa fa ke neng ke eme teng.+ 19  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Jaanong ke go itsise se se tla diragalang kwa bokhutlong jwa katlholo, ka gonne e tla diragala mo motlheng o o tlhomilweng wa bofelo.+ 20  “Phelefu e e nang le dinaka tse pedi e o neng wa e bona e emela dikgosi tsa Media le Peresia.+ 21  Phoko* e emela kgosi ya Gerika;+ mme lonaka lo logolo lo lo neng lo le fa gare ga matlho a yone lo emela kgosi ya ntlha.+ 22  Fa e le ka ga lonaka lo lo neng lwa robega, mme ga tlhoga dinaka di le nnê mo boemong jwa lone,+ go na le magosi a le manê mo setšhabeng sa gagwe a a tla tsogang, mme ga a kitla a nna le maatla a a tshwanang le a gagwe. 23  “Mme kwa bokhutlong jwa bogosi jwa one, fa ditiro tsa badirabosula di tla bo di fetile selekanyo, go tla tsoga kgosi ya sefatlhego se se bogale e e tlhaloganyang mafoko a a raraaneng.* 24  E tla nna le maatla a magolo, mme gone e sa nne le one ka boyone fela. E tla baka tshenyo e kgolo, e bile e tla atlega mo go sengwe le sengwe se e se dirang. E tla senya ba ba maatla, e bile e tla senya le batho ba ba boitshepo.+ 25  Mme ka ntlha ya boferefere jwa yone, e tla dirisa tsietso gore e atlege; e tla ikgodisa mo pelong ya yone; mme e tla senya ba le bantsi ka nako ya pabalesego.* Tota e bile e tla tlhasela Kgosana ya dikgosana, le fa go ntse jalo e tla robaganngwa, mme e sa robaganngwe ka seatla sa motho. 26  “Se se neng sa buiwa mo ponatshegelong ka ditlhabelo tse di ntshiwang maitseboa le mo mosong se boammaaruri, mme o tshwanetse go boloka ponatshegelo eo e le sephiri, ka gonne e bua ka se se tla diregang mo lobakeng lwa malatsi a le mantsi go tloga jaanong.”*+ 27  Ke ne ke feletswe ke maatla, mme ke ne ka lwala malatsi a le mmalwa.+ Go tswa foo, ke ne ka tsoga mme ka dira ditiro tse kgosi e di nneileng;+ le fa go ntse jalo, ke ne ke gakgamaditswe ke se ke neng ka se bona, mme go ne go se na ope yo o se tlhaloganyang.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “kwa kgaolong e e nang le taolo.”
Kgotsa “mo maatleng a.”
Seheb., “kwa diphefong tse nnê tsa magodimo.”
Kgotsa “kwa Lefatsheng la Mokgabiso.”
Lefoko leno le ka tswa le bua ka ditshedi tsa semoya tse di kwa magodimong.
Seheb., “karolo e e ntshiwang ka metlha.”
Seheb., “karolo e e ntshiwang ka metlha.”
Seheb., “karolo e e ntshiwang ka metlha.”
Seheb., “Phoko e e maudi.”
Kgotsa “e e nang le bokgoni jwa go loga maano a a bosula.”
Kgotsa gongwe “e sa ba tlhagisa.”
Kgotsa “mo nakong e e kgakala e e tlang.”