Mika 7:1-20

  • Boitsholo jo bo sa siamang jwa Iseraele (1-6)

    • Motho o tlhoiwa ke batho ba lelapa la gagwe (6)

  • ‘Ke tla leta ka bopelotelele’ (7)

  • Batho ba Modimo ba a tlotlomadiwa (8-13)

  • Mika o rapela Modimo e bile o a mmaka (14-20)

    • Karabo ya ga Jehofa (15-17)

    • ‘Ke Modimo ofe yo o tshwanang le Jehofa?’ (18)

7  Ruri ke tlhomola pelo! Ka gonne ke tshwana le mothoYo e reng fa go sena go phuthiwa maungo a selemoLe fa go sena go selwa se se setseng morago ga go fula morara*A bo a sa bone morara o a ka o jang,Kgotsa feige e e buduleng e a e eletsang!   Motho yo o ikanyegang o nyeletse mo lefatsheng;Ga go na ope yo o siameng mo bathong.+ Botlhe fela ba lalela batho gore ba ba bolaye.+ Mongwe le mongwe wa bone o tsoma morwarraagwe ka letlowa.   Ke ditswerere mo go direng se se bosula;+Kgosana e pateletsa batho go ntsha sengwe,Moatlhodi o batla go duelwa,+Motho yo o tumileng o bua se a se eletsang,+Mme ba buisana mmogo ka seno.*   Yo o molemo go ba gaisa botlhe o tshwana le mmitlwa,Yo o siameng go ba gaisa botlhe o bosula thata go gaisa legora la mmitlwa. Letsatsi le balebeledi ba gago ba buileng ka lone le tla tla.+ Mme ba tla tshoga.+   O se ka wa dumela molekane wa gagoKgotsa wa ikanya tsala e o atamalaneng le yone.+ Ela tlhoko se o se buang le motho yo o lalang mo sehubeng sa gago.   Gonne morwa o nyatsa rraagwe,Morwadi o lwantsha mmaagwe,+E bile ngwetsi e tlhasela matsalaayone;+Motho o tlhoiwa ke batho ba lelapa la gagwe.+   Mme nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa.+ Ke tla letela Modimo wa poloko ya me ka bopelotelele.+ Modimo wa me o tla nkutlwa.+   O se ka wa itumela ka gonne ke le mo mathateng, wena mmaba wa me. Le fa gone ke ole, ke tla ema;Le fa gone ke nna mo lefifing, Jehofa o tla nna lesedi la me.   Ke tla itshokela tšhakgalo ya ga JehofaGo fitlha a seka kgang ya me a bo a ntirela tshiamiso,Gonne ke mo leofetse.+ O tla ntlisa mo leseding;Ke tla bona tshiamo ya gagwe. 10  Mmaba wa me le ene o tla bona seo,Mme yo o neng a nthaya a re: “Jehofa, Modimo wa gago o kae?”+ O tla tlhabiwa ke ditlhong. Ke tla leba mmaba wa me. O tla gatakwa jaaka seretse mo mebileng. 11  E tla nna letsatsi la go aga dipota tsa gago tsa maje;Mo letsatsing leo, molelwane o tla atolosiwa.* 12  Mo letsatsing leo, ba tla tla kwa go wenaBa tswa kwa Asiria le kwa metseng ya Egepeto,Ba tswa kwa Egepeto go fitlha kwa Nokeng;*Ba tswa kwa lewatleng go fitlha kwa lewatleng, ba tswa kwa thabeng go fitlha kwa thabeng.+ 13  Mme lefatshe le tla fetoga sekaka ka ntlha ya batho ba ba nnang mo go lone,Ka ntlha ya se ba se dirileng.* 14  Disa batho ba gago ka thobane ya gago, letsomane la boswa jwa gago,+Yo o neng a nna a le esi mo sekgweng, mo tshingwaneng ya maungo. A ba fule mo Bashana le mo Gileade+ jaaka mo metlheng ya bogologolo. 15  “Ke tla mmontsha dilo tse di gakgamatsang+Jaaka mo motlheng wa fa lo ne lo tswa kwa lefatsheng la Egepeto. 16  Ditšhaba di tla bona seo di bo di tlhabiwa ke ditlhong le fa gone di le maatla.+ Ba tla baya seatla sa bone mo molomong wa bone;Ditsebe tsa bone di tla thibana. 17  Ba tla latswa lorole jaaka dinoga;+Ba tla tswa mo dikagong tsa bone tse di thata ba roroma jaaka digagabi. Ba tla tla kwa go Jehofa, Modimo wa rona ba tshogile,Mme ba tla mmoifa.”+ 18  Ke Modimo ofe yo o tshwanang le wena,Yo o itshwarelang phoso e bile a tlhokomologa molato+ wa masalela a boswa jwa gagwe?+ Ga a kitla a tswelela a galefile ka bosakhutleng,Gonne o itumedisiwa ke go rata batho ka lorato lo lo sa kgaotseng.+ 19  Gape o tla re utlwela botlhoko;+ o tla fenya* maleo a rona. O tla latlhela maleo otlhe a bone mo tengteng ga lewatle.+ 20  O tla bontsha gore o ikanyega mo go Jakobe,O tla bontsha Aborahame lorato lo lo sa kgaotseng,Fela jaaka o ne wa ikanela borraaronamogolo go tswa metlheng ya bogologolo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “ba loga seno ba le mmogo.”
Kgotsa gongwe “taelo e tla bo e le kgakala.”
Go tewa Euferatese.
Seheb., “Ka ntlha ya maungo a ditiro tsa bone.”
Kgotsa “gataka.”