Jobe 14:1-22

  • Jobe o tswelela a bua (1-22)

    • Botshelo bo bokhutshwane e bile bo tletse matshwenyego (1)

    • ‘Go na le tsholofelo le ka setlhare’ (7)

    • “E kete o ne o ka mpoloka mo Lebitleng!” (13)

    • “Fa motho a swa, a a ka tshela gape?” (14)

    • Modimo o tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gagwe (15)

14  “Motho yo o tsetsweng ke mosadi,O tshela lobaka lo lokhutshwane+ e bile botshelo jwa gagwe bo tletse matshwenyego.+   O tlhoga jaaka lelômô,* go tswa foo o a swaba;*+O tshaba jaaka moriti a bo a nyelela.+   O tlhomile leitlho la gago mo go ene,Mme o mo tsenya* mo tshekong le wena.+   Ke mang yo o ka ntshang motho yo o phepa mo mothong yo o seng phepa?+ Ga go na ope yo o ka kgonang!   Fa go dirilwe tshwetso ka malatsi a gagwe,Palo ya dikgwedi tsa gagwe e mo go wena;O mo tlhometse selekanyo se a ka se kang a se tlola.+   Faposa matlho a gago mo go ene gore a ikhutse,Go fitlha a wetsa letsatsi la gagwe jaaka modiri yo o thapilweng.+   Gonne tota le setlhare go na le tsholofelo ka sone. Fa se kgaolwa, se tla tlhoga gape,Mme dikalana tsa sone di tla tswelela di gola.   Fa modi wa sone o tsofalela fa fatsheLe sesana sa sone se swela mo mmung,   Se tla tlhoga fa se utlwa lonko lwa metsi;Mme se tla tlhagisa dikala jaaka semela se sesha. 10  Le fa go ntse jalo, motho o a swa a bo a rapama a feletswe ke maatla;Fa motho a swa, o a bo a ile kae?+ 11  Metsi a a nyelela mo lewatleng,Le noka e a kgala e bo e omelela. 12  Motho le ene o a rapama mme ga a eme.+ Ga ba kitla ba tsoga go fitlha legodimo le sa tlhole le le gone,E bile ga ba kitla ba tsosiwa mo borokong jwa bone.+ 13  E kete o ne o ka mpoloka mo Lebitleng,*+Wa mphitlha go fitlha bogale jwa gago bo feta,Wa bo wa mpeela nako mme wa nkgakologelwa!+ 14  Fa motho a swa, a a ka tshela gape?+ Ke tla leta malatsi otlhe a tirelo e ke patelediwang go e dira Go fitlha kgololo ya me e tla.+ 15  O tla bitsa, mme nna ke tla go araba.+ O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago. 16  Mme gone jaanong, o nna o bala kgato nngwe le nngwe ya me;O leba boleo jwa me fela. 17  Molato wa me o tswaletswe mo kgetsing,E bile o tswalela phoso ya me ka sekgomaretsi. 18  Fela jaaka thaba e wa e bo e thubaganaLe lefika le sutisiwa mo lefelong la lone, 19  Fela jaaka metsi a gogola majeLe merwalela ya one e gopa mmu,O fedisitse tsholofelo ya motho ka tsela eo. 20  O nna o mo fekeetsa go fitlha a swa;+O fetola tebego ya gagwe o bo o mo tsamaisa. 21  Bomorwawe ba a tlotlwa, mme ga a itse ka gone;Ba a kokobediwa, le fa go ntse jalo ga a lemoge seo.+ 22  O utlwa botlhoko fela fa a sa ntse a le mo botshelong,O hutsafala fela fa a sa ntse a tshela.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “sethunya.”
Kgotsa gongwe “a bo a kgaolwa.”
Seheb., “o ntsenya.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.