Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Isaia

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Rre le bomorwawe ba batlhanogi (1-9)

    • Jehofa o tlhoile kobamelo ya go ithola morwalo fela (10-17)

    • A “re tlhamalatse dilo” (18-20)

    • Siona o tla nna motse o o ikanyegang (21-31)

  • 2

    • Thaba ya ga Jehofa e tla tsholediwa (1-5)

      • Ditšhaka di tla dirwa megoma (4)

    • Letsatsi la ga Jehofa le kokobetsa ba ba ikgodisang (6-22)

  • 3

    • Baeteledipele ba Juda ba tsietsa batho (1-15)

    • Bomorwadia Siona ba ba hepisang ba a atlholwa (16-26)

  • 4

    • Basadi ba le supa le monna a le mongwe (1)

    • Se Jehofa a se tlhogisang se tla galalela (2-6)

  • 5

    • Pina e e buang ka tshimo ya ga Jehofa ya morara (1-7)

    • Masetlapelo a a tlelang tshimo ya ga Jehofa ya morara (8-24)

    • Modimo o galefela batho ba gagwe (25-30)

  • 6

    • Ponatshegelo ya fa Jehofa a le mo tempeleng ya gagwe (1-4)

      • “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa” (3)

    • Molomo wa ga Isaia o a phepafadiwa (5-7)

    • Isaia o a romiwa (8-10)

      • “Ke fano! Roma nna!” (8)

    • “Seno se tla tsaya lobaka lo lo kae, Jehofa?” (11-13)

  • 7

    • Molaetsa o o yang kwa go Kgosi Ahase (1-9)

      • Sheare-jashube (3)

    • Tsela e Imanuele a tla bonalang ka yone (10-17)

    • Ditlamorago tsa go sa ikanyege (18-25)

  • 8

    • Go bolelelwa pele gore Asiria e tla tlhasela (1-8)

      • Mahere-shalale-hashe-base (1-4)

    • Lo se ka lwa boifa, “Modimo o na le rona!” (9-17)

    • Isaia le bana ba gagwe ba nna ditshupo (18)

    • Batlisisang mo molaong, e seng mo madimoneng (19-22)

  • 9

    • Lefatshe la Galalea le nna le lesedi le legolo (1-7)

      • “Kgosana ya Kagiso” e a tsholwa (6, 7)

    • Modimo o atlhola Iseraele (8-21)

  • 10

    • Modimo o atlhola Iseraele (1-4)

    • Asiria ke thobane e Modimo a e dirisang go bontsha gore o galefile (5-11)

    • Asiria e a otlhaiwa (12-19)

    • Masalela a ga Jakobe a tla boa (20-27)

    • Modimo o tla atlhola Asiria (28-34)

  • 11

    • Kalana ya ga Jese e e busang ka tshiamo (1-10)

      • Phiri le kwana di nna mmogo (6)

      • Kitso ya ga Jehofa e tla tlala mo lefatsheng (9)

    • Masalela a tla boa (11-16)

  • 12

    • Pina ya go leboga (1-6)

      • “Jah Jehofa ke nonofo ya me” (2)

  • 13

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Babelona (1-22)

      • Letsatsi la ga Jehofa le gaufi! (6)

      • Bameda ba tla fenya Babelona (17)

      • Babelona ga e kitla e nniwa (20)

  • 14

    • Baiseraele ba tla nna mo nageng ya bone (1, 2)

    • Kgosi ya Babelona e a kgobiwa (3-23)

      • Yo o phatsimang o tla wela mo lefatsheng (12)

    • Seatla sa ga Jehofa se tla thubaganya Moasiria (24-27)

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Filisitia (28-32)

  • 15

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Moabe (1-9)

  • 16

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Moabe o a tswelela (1-14)

  • 17

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Damaseko (1-11)

    • Jehofa o tla kgalemela ditšhaba (12-14)

  • 18

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Ethiopia (1-7)

  • 19

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Egepeto (1-15)

    • Egepeto e tla itse Jehofa (16-25)

      • Sebeso sa ga Jehofa kwa Egepeto (19)

  • 20

    • Sesupo ka se se tla diragalelang Egepeto le Ethiopia (1-6)

  • 21

    • Molaetsa wa go atlholwa ga naga ya lewatle (1-10)

      • Ke nna ke lebeletse mo toreng ya go lebelela (8)

      • “Babelona o ole!” (9)

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Duma le sekaka (11-17)

      • “Molebeledi, bosigo bo tla sa leng?” (11)

  • 22

    • Molaetsa o o amanang le Mokgatšha wa Ponatshegelo (1-14)

    • Eliakime o tsaya maemo a ga Molebedi Shebena (15-25)

      • Sepekere sa tshwantshetso (23-25)

  • 23

    • Molaetsa wa go atlholwa ga Ture (1-18)

  • 24

    • Jehofa o tla dira lefatshe lolea (1-23)

      • Jehofa ke Kgosi mo Siona (23)

  • 25

    • Batho ba Modimo ba a segofadiwa (1-12)

      • Mokete wa ga Jehofa wa beine e e monate (6)

      • Ga go kitla go nna le loso (8)

  • 26

    • Pina e e buang ka go ikanya Modimo le go bolokwa (1-21)

      • Jah Jehofa ke Lefika le le nnetseng ruri (4)

      • Banni ba lefatshe ba ithuta kaga tshiamo (9)

      • “Baswi ba gago ba tla tshela” (19)

      • Tsenang mo diphaposing tse di kwa teng lo iphitlhe (20)

  • 27

    • Jehofa o bolaya Lefiathane (1)

    • Pina e e buang ka Iseraele e le tshimo ya morara (2-13)

  • 28

    • Masetlapelo a wela matagwa a Eferaime (1-6)

    • Baperesiti le baporofeti ba Juda ba a thetheekela (7-13)

    • “Kgolagano le Loso” (14-22)

      • Leje la sekhutlo le le tlhwatlhwakgolo mo Siona (16)

      • Tiro ya ga Jehofa e e sa tlwaelegang (21)

    • Tsela e e botlhale e Jehofa a kgalemelang ka yone e a tlhalosiwa (23-29)

  • 29

    • Masetlapelo a wela Ariele (1-16)

      • Modimo ga a batle go galalediwa ka molomo fela (13)

    • Bosusu ba tla utlwa le difofu di tla bona (17-24)

  • 30

    • Thuso ya Egepeto ga e na mosola (1-7)

    • Batho ba gana go reetsa boporofeti (8-14)

    • Batho ba nna le maatla fa ba tshepa Modimo (15-17)

    • Jehofa o utlwela batho ba gagwe botlhoko (18-26)

      • Jehofa ke Motlhatlheledi yo Mogolo (20)

      • “Tsela ke e” (21)

    • Jehofa o tla atlhola Asiria (27-33)

  • 31

    • Thuso ya mmatota e tswa kwa Modimong, e seng mo bathong (1-9)

      • Dipitse tsa Egepeto ke nama (3)

  • 32

    • Kgosi le dikgosana di tla busa gore go nne le tshiamiso (1-8)

    • Basadi ba ba sa tshwenyegeng ka sepe ba a tlhagisiwa (9-14)

    • Ba tla segofadiwa fa Modimo a ba tshololela moya wa gagwe (15-20)

  • 33

    • Katlholo le tsholofelo mo go ba ba siameng (1-24)

      • Jehofa ke Moatlhodi, Moneimolao le Kgosi (22)

      • Ga go na ope yo o tla reng: “Ke a lwala” (24)

  • 34

    • Jehofa o ipusolosetsa mo ditšhabeng (1-4)

    • Edoma e tla kgakgabala (5-17)

  • 35

    • Paradaise e a tsosolosiwa (1-7)

      • Difofu di tla bona; bosusu ba tla utlwa (5)

    • Ba ba rekolotsweng ba tsamaya mo Tseleng e e Boitshepo (8-10)

  • 36

    • Senakeribe o tlhasela Juda (1-3)

    • Rabeshake o kgoba Jehofa (4-22)

  • 37

    • Hesekia o laela Isaia gore a kope thuso mo Modimong (1-7)

    • Senakeribe o tshosetsa Jerusalema (8-13)

    • Thapelo ya ga Hesekia (14-20)

    • Isaia o ba bolelela karabo ya Modimo (21-35)

    • Moengele o bolaya Baasiria ba le 185 000 (36-38)

  • 38

    • Hesekia o a lwala a bo a fola (1-22)

      • Pina ya go leboga (10-20)

  • 39

    • Barongwa ba ba tswang kwa Babelona (1-8)

  • 40

    • Batho ba Modimo ba a gomodiwa (1-11)

      • Lentswe le le tswang kwa nageng (3-5)

    • Bogolo jwa Modimo (12-31)

      • Ditšhaba di tshwana le lerothodi le le tswang mo kgamelong (15)

      • Modimo o nna kwa godimo ga “lefatshe le le kgolokwe” (22)

      • O bitsa dinaledi tsotlhe ka maina (26)

      • Modimo ga a ke a lapa (28)

      • Ba ba solofelang mo go Jehofa ba nna le maatla gape (29-31)

  • 41

    • Mofenyi yo o tswang kwa botlhabatsatsi (1-7)

    • Iseraele o tlhophiwa gore a nne motlhanka wa Modimo (8-20)

      • “Aborahame tsala ya me” (8)

    • Medimo e mengwe ga e na mosola (21-29)

  • 42

    • Motlhanka wa Modimo le tiro ya gagwe (1-9)

      • “Ke nna Jehofa” (8)

    • Pina e ntšha e e bakang Jehofa (10-17)

    • Iseraele ke sefofu e bile ke susu (18-25)

  • 43

    • Jehofa o phutha batho ba gagwe gape (1-7)

    • Ga go medimo epe e e ka emelanang le Modimo (8-13)

      • “Lo basupi ba me” (10, 12)

    • Ba gololwa go tswa kwa Babelona (14-21)

    • “A re sekisane” (22-28)

  • 44

    • Batho ba Modimo ba ba tlhopilweng ba tla segofadiwa (1-5)

    • Ga go na Modimo ope ntle le Jehofa (6-8)

    • Medimo e e betlilweng ga e na mosola (9-20)

    • Jehofa ke Morekolodi wa Iseraele (21-23)

    • Kurose o tla tsosolosa metse (24-28)

  • 45

    • Motlodiwa Kurose o tla gapa Babelona (1-8)

    • Letsopa ga le ka ke la ganetsana le Modiri wa lone (9-13)

    • Ditšhaba di tla itse Iseraele (14-17)

    • Modimo o bopile dilo tsotlhe e bile o diragatsa se a se buang (18-25)

      • Lefatshe le bopetswe gore go nniwe mo go lone (18)

  • 46

    • Medingwana ya Babelona e bapisiwa le Modimo wa Iseraele (1-13)

      • Jehofa o bolelela pele dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang (10)

      • Ntsu e e tswang kwa botlhabatsatsi (11)

  • 47

    • Babelona e a senngwa (1-15)

      • Balepadinaledi ba a senolwa (13-15)

  • 48

    • Iseraele e a kgalemelwa e bile e a phepafadiwa (1-11)

    • Jehofa o tla senya Babelona (12-16a)

    • Dithuto tsa Modimo di solegela molemo (16b-19)

    • “Tswang mo Babelona!” (20-22)

  • 49

    • Tiro ya motlhanka wa ga Jehofa (1-12)

      • Lesedi la ditšhaba (6)

    • Iseraele e a gomodiwa (13-26)

  • 50

    • Maleo a Iseraele a baka mathata (1-3)

    • Motlhanka wa ga Jehofa yo o reetsang (4-11)

      • Loleme le tsebe ya ba ba rutilweng (4)

  • 51

    • Siona o dirwa gore a tshwane le tshimo ya Edene (1-8)

    • Kgomotso e e tswang kwa Modiring yo o maatla wa Siona (9-16)

    • Senwelo sa bogale jwa ga Jehofa (17-23)

  • 52

    • Tsoga, wena Siona! (1-12)

      • Dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo di dintle (7)

      • Balebeledi ba Siona ba tsholetsa mantswe a bone mmogo (8)

      • Ba ba tshotseng dilwana tsa ga Jehofa ba tshwanetse go nna phepa (11)

    • Motlhanka wa ga Jehofa o tla tlotlomadiwa (13-15)

      • Sefatlhego se se senyegileng (14)

  • 53

    • Motlhanka wa ga Jehofa o tla boga, o tla swa a bo a fitlhwa (1-12)

      • O tla nyadiwa a bo a ganwa ke batho (3)

      • O rwala malwetse le ditlhabi (4)

      • O “tlisiwa kwa tlhabong jaaka nku” (7)

      • O rwala maleo a batho ba le bantsi (12)

  • 54

    • Siona, mosadi wa moopa o tla nna le barwa ba le bantsi (1-17)

      • Jehofa, monna wa ga Siona (5)

      • Bomorwa Siona ba tla rutiwa ke Jehofa (13)

      • Dibetsa kgatlhanong le Siona ga di kitla di atlega (17)

  • 55

    • Batho ba lalediwa go tla go ja le go nwa mahala (1-5)

    • Batlang Jehofa le lefoko la gagwe le le ikanyegang (6-13)

      • Ditsela tsa Modimo di kwa godimo ga tsa batho (8, 9)

      • Lefoko la Modimo le tla atlega (10, 11)

  • 56

    • Batswakwa le baopafadiwa ba a segofadiwa (1-8)

      • Ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe (7)

    • Balebeledi ba difofu, dintša tse di sa kgoneng go bua (9-12)

  • 57

    • Mosiami le ba ba ikanyegang ba a nyelela (1, 2)

    • Bosaikanyegeng jwa Iseraele bo a senolwa (3-13)

    • Ba ba moya o o kwa tlase ba tla gomodiwa (14-21)

      • Badirabosula ba tshwana le lewatle le le galefileng (20)

      • Badirabosula ga ba na kagiso (21)

  • 58

    • Go itima dijo ka tsela e e siameng le e e sa siamang (1-12)

    • Boitumelo jwa go keteka Sabata (13, 14)

  • 59

    • Maleo a Baiseraele a ba kgaoganya le Modimo (1-8)

    • Ba ipolela maleo (9-15a)

    • Jehofa o thusa ba ba ikwatlhwayang (15b-21)

  • 60

    • Kgalalelo ya ga Jehofa e phatsimela Siona (1-22)

      • Jaaka maeba a ya kwa dirobing tsa one (8)

      • Gauta mo boemong jwa kopore (17)

      • Yo monnye o tla nna sekete (22)

  • 61

    • O tloleditswe go rera dikgang tse di molemo (1-11)

      • “Ngwaga wa fa Jehofa a tla bo a amogela batho” (2)

      • “Ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo” (3)

      • Batswakwa ba tla thusa (5)

      • “Baperesiti ba ga Jehofa” (6)

  • 62

    • Leina le lesha la ga Siona (1-12)

  • 63

    • Jehofa o ipusolosetsa mo ditšhabeng (1-6)

    • Lorato lwa ga Jehofa lo lo ikanyegang mo nakong e e fetileng (7-14)

    • Thapelo ya go ikwatlhaya (15-19)

  • 64

    • Thapelo ya go ikwatlhaya e a tswelela (1-12)

      • Jehofa ke “Mmopi wa rona wa Letsopa” (8)

  • 65

    • Jehofa o atlhola ba ba obamelang medingwana (1-16)

      • Modimo wa Masego le modimo yo o laolang bokamoso (11)

      • “Batlhanka ba me ba tla ja” (13)

    • Magodimo a masha le lefatshe le lesha (17-25)

      • Ba tla aga matlo; ba tla jala masimo a morara (21)

      • Ga ba kitla ba dira ka natla ba direla lefela (23)

  • 66

    • Kobamelo ya boammaaruri le ya maaka (1-6)

    • Siona le bomorwawe (7-17)

    • Batho ba kopane go tla go obamela mo Jerusalema (18-24)