Bakorintha wa Bobedi 9:1-15

  • Ba rotloediwa go aba (1-15)

    • Modimo o rata yo o abang a itumetse (7)

9  Jaanong, ga go tlhokege gore ke lo kwalele ka tirelo e e tshwanetseng go direlwa ba ba boitshepo,+  ka gonne ke a itse gore lo ikemiseditse go ba thusa. Ke ikgantsha ka lona mo Bakereseteng ba Makedonia. Ke ba boleletse gore lona kwa Akaia lo na le ngwaga lo ipaakanyeditse go thusa. Mme e re ka lo ikemiseditse go thusa, ba le bantsi ba bone ba batla go dira se se tshwanang.  Le fa go ntse jalo, ke romela bakaulengwe kwa go lona gore kgang eno e re ikgantshang ka yone ka lona e se ka ya nna ya lefela, le gore lo tla ipaakanyetsa go thusa fela jaaka ke ba boleletse gore lo tla dira.  Go seng jalo, fa Bakeresete ba Makedonia ba ka tla le nna mme ba fitlhela lo sa ipaakanya, re tla tlhabiwa ke ditlhong ka go bo re ile ra lo tshepa jalo mme le lona lo tla tlhabiwa ke ditlhong.  Ka jalo, ke bone go tlhokega gore ke rotloetse bakaulengwe gore ba tle kwa go lona go sa le gale mme ba tseye mpho e lo e solofeditseng, gore go bonale gore ga lo abe ka gonne re lo pateleditse mme lo dira jalo ka go rata.  Mme mo kgannyeng eno, ope fela yo o jalang go le gonnye o tla roba go le gonnye, mme ope fela yo o jalang go le gontsi o tla roba go le gontsi.+  A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong, a se ka a dira ka go ikgoga fela* kgotsa ka go patelediwa,+ ka gonne Modimo o rata yo o abang a itumetse.+  Mo godimo ga moo, Modimo o na le maatla a go lo bontsha bopelonomi jwa gagwe jo bogolo* gore lo se ka lwa tlhoka sepe mme lo nne le dilo tse dintsi tse lo di tlhokang gore lo kgone go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.+  (Fela jaaka go kwadilwe, “O abile ka bontsi;* o neile bahumanegi. Tshiamo ya gagwe e tswelela ka bosakhutleng.”+ 10  Jaanong Modimo yo o nayang mojadi peo ka bontsi le senkgwe gore a je o tla lo naya peo e lo ka e jalang a bo a e oketsa e bile o tla dira gore lo robe go le gontsi ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di siameng.) 11  Modimo o lo segofatsa ka ditsela tse dintsi gore lo kgone go aba ka ditsela tse di farologaneng. Mme fa lo aba, seo se dira gore batho ba leboge Modimo; 12  ka gonne bodiredi jono bo thusa ba ba boitshepo gore ba nne le dilo tse ba di tlhokang+ e bile bo dira gore re leboge Modimo. 13  Fa lo aba lo ba bontsha gore lo batho ba ba ntseng jang, mme ba tla baka Modimo ka gonne lo dira dilo tse di dumalanang le dikgang tse di molemo tse lo di rerang ka ga Keresete, le ka gonne lo abela bone le batho ba bangwe dilo.+ 14  Mme ba tla lo rapelela ka tlhoafalo e bile ba tla lo rata ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo jo Modimo a lo bo nayang. 15  A re lebogeng Modimo ka gonne o re neile mpho e re ka se kang ra kgona go e tlhalosa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a sa batle.”
Kgotsa “bopelotshweu.”