Bakorintha wa Bobedi 8:1-24

  • Moneelo o o phuthelwang Bakeresete ba kwa Judea (1-15)

  • Tito o romelwa kwa Korintha (16-24)

8  Jaanong bakaulengwe, re lo itsise ka se diphuthego tsa Makedonia di se dirileng ka ntlha ya bopelonomi jo bogolo* jo Modimo a ba bontshitseng jone.+  Ka nako ya teko e kgolo fa ba ne ba boga, ba ne ba itumelela go aba le fa ba ne ba humanegile. Seno se ne se bontsha gore ba pelotshweu.  Gonne ba ne ba aba se ba se kgonang,+ tota ke na le bosupi jwa gore ba ne ba aba go feta se ba neng ba se kgona.+  Bakaulengwe bano ba ne ba nna ba re kopa ka tlhoafalo gore ba abele ba ba boitshepo dimpho ba sa patelediwe ke ope, gore ba nne le seabe mo tirong ya go ba namola.+  Mme ba ne ba dira go feta se re neng re se solofetse. Ba ne ba direla Morena ka pelo yotlhe mme gape ba ne ba re thusa go ya ka fa Modimo a ratileng ka gone.  Ka jalo, re ne ra rotloetsa Tito+ gore a wetse tiro e a neng a e simolola mo go lona, e leng go phutha mpho ya lona e lo e ntshitseng ka go rata.  Lo dira sentle mo go sengwe le sengwe, tumelo ya lona e nonofile, lo na le bokgoni jwa go rera lefoko la Modimo, kitso ya lona e a gola, lo dira ka natla mo dilong tsotlhe e bile lo rata ba bangwe fela jaaka re lo rata. Ka jalo, e kete lo ka tswelela lo aba ka go rata.+  Ga ke lo laele gore lo dire eng, mme ke batla gore lo lemoge gore batho ba bangwe ba dira ka natla e bile ke batla go bona gore a lorato lwa lona ke lwa mmatota.  Gonne lo itse bopelonomi jo bogolo jwa Morena wa rona Jesu Keresete, gore le fa a ne a humile o ne a humanega ka ntlha ya lona,+ gore lo tle lo hume ka ntlha ya khumanego ya gagwe. 10  Mme mo go seno ke ntsha maikutlo a me:+ Tiro eno e solegela lona molemo, ka gonne mo ngwageng o o fetileng ga lo a ka lwa eletsa fela go e dira, mme lo ne lwa simolola go e dira. 11  Ka jalo, wetsang tiro eno ka tlhoafalo e lo neng lo na le yone fa lo e simolola. 12  Gonne Modimo o itumelela mpho e motho a e ntshang ka go rata, ka gonne Modimo o lebeletse gore motho a ntshe se a nang le sone,+ e seng se a se nang sone. 13  Gonne ga ke batle go lo ketefaletsa botshelo, ke bo ke dira gore jwa ba bangwe jone bo nne motlhofo; 14  mme a mo gontsi mo lo nang le gone mo nakong eno go thuse ba ba tlhokang, le mo gontsi mo ba nang le gone go lo thuse ka se lo se tlhokang, gore go tle go nne le tekatekano. 15  Fela jaaka go kwadilwe, “Motho yo o nang le mo gontsi o ne a se ka a nna le mo gontsi thata, le motho yo o nang le mo gonnye o ne a se ka a nna le mo gonnye thata.”+ 16  Jaanong, re leboga Modimo ka gonne a dirile gore Tito a amege ka lona fela jaaka re amega ka lona,+ 17  ka gonne ruri o ne a dira se re neng re mo kopile gore a se dire, mme e re ka a tlhoafetse thata, o tla kwa go lona ka go rata. 18  Mme re mo romela le mokaulengwe yo o buiwang bontle mo diphuthegong tsotlhe ka se a se dirang ka ntlha ya dikgang tse di molemo. 19  Gape diphuthego di ne tsa mo tlhopha gore a tsamaye le rona go isa mpho eno. Ke mpho e re tla e isang gore Morena a galalediwe le go bontsha gore re batla go thusa ba bangwe. 20  Ka jalo, ga re batle gore go nne le motho ope yo o re bonang molato ka meneelo e re laetsweng gore re e isetse ba ba boitshepo.+ 21  Gonne re ‘ikanyega mo dilong tsotlhe, e seng mo go Jehofa* fela, mme le mo bathong.’+ 22  Mo godimo ga moo, re ba romela mmogo le mokaulengwe wa rona yo ka makgetlo a le mantsi a itshupileng gore o a ikanyega le gore o tlhoafetse mo dilong di le dintsi. Mme gone jaanong o tlhoafetse le go feta ka gonne a lo tshepa. 23  Le fa go ntse jalo, fa lo na le dipelaelo ka ga Tito, ke motlhanka* le modirimmogo le nna gore lo solegelwe molemo; kgotsa fa e le gore lo na le dipelaelo ka ga bakaulengwe ba rona, ke baaposetoloi ba diphuthego e bile ba galaletsa Keresete. 24  Ka jalo, ba bontsheng gore lo a ba rata,+ lo bo lo bontshe diphuthego lebaka la go bo re ikgantsha ka lona.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “motlhakanedi.”