Fetela kwa tshedimosetsong

Lefoko la Modimo ke Eng Kgotsa ke Mang?

Lefoko la Modimo ke Eng Kgotsa ke Mang?

Karabo ya Baebele

Gantsi fa go buiwa ka “lefoko la Modimo” go a bo go buiwa ka molaetsa wa Modimo. (Luke 11:28) Mo ditemaneng dingwe, go dirisitswe “Lefoko la Modimo” kgotsa “Lefoko” go kaya gore go buiwa ka mongwe.—Tshenolo 19:13; Johane 1:14.

Molaetsa o o tswang kwa Modimong. Baporofeti ba ne ba nna ba bua gore melaetsa e ba e nayang batho e tswa kwa Modimong. Ka sekai, Jeremia o ne a simolola melaetsa ya gagwe ya boporofeti ka go re “lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna.” (Jeremia 1:4, 11, 13; 2:1) Pele ga moporofeti Samuele a bolelela Saulo gore Modimo o mo tlhophile go nna kgosi o ne a mo raya a re: “Ema fela jaanong gore ke tle ke dire gore o utlwe lefoko la Modimo.”—1 Samuele 9:27.

Go reta mongwe. Gape “Lefoko” le dirisiwa mo Baebeleng e le go reta Jesu Keresete fa a ne a le kwa legodimong le mo lefatsheng. Akanyetsa dintlha tseno:

  • Lefoko o nnile gone pele ga sengwe le sengwe se bopiwa. “Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone . . . Yono mo tshimologong o ne a na le Modimo.” (Johane 1:1, 2) Jesu ke “leitibolo la popo yotlhe . . . O nnile gone pele ga dilo tsotlhe tse dingwe.”—Bakolosa 1:13-15, 17.

  • Lefoko o ne a tla go nna mo lefatsheng e le motho. “Lefoko o ne a nna nama mme a aga mo gare ga rona.” (Johane 1:14) Jesu Keresete “o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.”—Bafilipi 2:5-7.

  • Lefoko ke Morwa Modimo. Jaaka fa go setse go umakilwe fa godimo, moaposetoloi Johane o ne a tswelela ka go re: “Re ne ra bona kgalalelo ya gagwe, kgalalelo e e tshwanang le ya morwa yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa go rre.” (Johane 1:14) Gape Johane o ne a re: “Jesu Keresete ke Morwa Modimo.”—1 Johane 4:15.

  • Lefoko o na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo. “Lefoko e ne e le modimo.” * (Johane 1:1) Jesu ‘ke ponatso ya kgalalelo ya Modimo le setshwano totatota sa gagwe ka boene.’—Bahebera 1:2, 3.

  • Lefoko o busa e le kgosi. Baebele ya re go na le “dirwalo tsa segosi di le dintsi” mo tlhogong ya Lefoko la Modimo. (Tshenolo 19:12, 13) Gape Lefoko o bidiwa “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena.” (Tshenolo 19:16) Jesu o bidiwa “Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena.”—1 Timotheo 6:14, 15.

  • Lefoko o direla e le mmueledi wa Modimo. Lereo le le kayang “Lefoko” le kaya gore motho yo Modimo a mo dirisang go fetisa tshedimosetso kgotsa ditaelo. Jesu o ne a re ke ene a neng a neilwe maikarabelo ao: “Rara ka boene yo o nthomileng o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng. . . . Jalo dilo tse ke di buang, fela jaaka Rara a di mpoleletse, ke di bua jalo.”—Johane 12:49, 50.

^ ser. 7 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le bokao jwa temana eno, bona setlhogo se se reng “A Jesu ke Modimo?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 2009, tsebe 18 le 19.